2022
Setlogelelo sa Thotloetso—Dikinolo
Ngwanatsele 2022


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Ngwanatsele 2022

Setlogelelo sa Thotloetso

Dikinolo

Setshwantsho
sefofane sa pampiri le moriti wa sefofane

Jaaka mme a na a mpolelela fa ke ne ke ngongoregela ka fa goneng go le thata ka teng, “Oh, Hal, ee go thata. Go tshwanetse go nna jalo. Botshelo ke teko.”

O ne a bua jalo a kokobetse, ebile a nyenya, gonne o ne a itse dilo tse pedi. Go sa kgathalesege kgwetlho, se se botlhokwa thata ke go goroga kwa lapeng go nna le Rara wa gagwe wa Legodimo. Mme o ne a itse o ka go dira ka tumelo go Mmoloki. …

Setlogelelo sa thotloetso se a re tlogeletseng se tlhalosiwa botoka mo go Moronae 7, kwa Momone a rotloeditseng morwae Moroni le batho ba gagwe. …

O ne a baya Jeso Keresete kwa pele, jaaka botlhe ba ba tswelelang ka go neela thotloetso go bao ba ba kgaratlhelang go ya pele mo tseleng ya bone ya go ya legaeng la legodimo. …

Momone o bone bopelonolo jaaka bosupi jwa nonofo ya tumelo ya bone. …

Momone ke gone a ba rotloetsa ka go paka gore ba mo tseleng ya go amogela mpho ya dipelo tsa bone ba tletse ka lorato le le itshekileng la ga Keresete. …

Ka go lebelela kwa morago, jaanong Ke bona ka fa mpho ya lorato—lorato lo lo itshekileng la ga Keresete—le nonontshitswe, kaetswe, tlametswe, le go fetola mme mo dikgwetlhong tsa gagwe tsa tsela ya go ya gae. …

… Mmoloki o itse dikgwetlho tsa gago ka botlalo. O itse bokgoni jwa gago jo bogolo go gola mo tumelong, tsholofelo, le lorato.

Ditaelo le dikgolagano tse A go di neelang ga se diteko go go laola. Ke mpho go go tsholetsa go ya mo go amogeleng dimpho tsotlhe tsa Modimo le go boela kwa gae kwa go Rara wa Legodimo le Morena, yo o go ratang.

Gatisa