2023
A Re tshwanetse Go Nna Boitekanelo Jaanong?
Tlhakole 2023


“A Re tshwanetse Go nna boitekanelo Jaanong?” For the Strength of Youth, Tlhakole. 2023,

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2023

A Re tshwanetse Go Nna Boitekanelo Jaanong?

Go tswa go mo October 2017 general conference address.

Setshwantsho
lekawana le bala dikwalo tse di boitshepo

Ditshwantsho ka Emily E. Jones

Dikwalo tse di boitshepo di kwaletswe go re segofatsa le go re rotloetsa mme, e le ruri di dira jalo. A mme a o lemogile gore gangwe le gape temana e tlaa bonala e e re gakololang gore re a tlhaelanyana? Sekai: “Ke gone ka moo nnang boitekanelo, fela jaaka Rara … yo o kwa legodimong a le boitekanelo” (Matheo 5:48). Ka taelo e, re batla go boela mo dikobong mme ra khurumetsa ditlhogong tsa rona. Maitlamo a a ntseng jalo a selesetiale a lebega a le kgakgala le phitlhelelo ya rona. Le fa go ntse jalo ruri Morena ga a kitla a re neela taelo e a itseng re ka se kgone go e tshegetsa.

Setshwantsho
mosetsana ka sekhukhu mo puleng

“Ee, tlang kwa go Keresete, mme lo itekanedisiwe mo go ene,” Moroni o a kopa. “Rata Modimo ka maatla otlhe a gago, tlhaloganyo le thata, ke gone … ka tshegofatso ya gagwe lo ka itekanedisiwa mo go Keresete” (Moroni 10:32; kgatelelo e tsentswe). Tsholofelo ya rona fela ya boitekanelo jwa boammaruri e mo go e amogeleng jaaka mpho go tswa kwa legodimong—ga re kake ra e “amogela.”

Setshwantsho
mosetsana o palama thaba le ntšha.

Ntle le Jeso, ga go ise go nne le tiragatso e e senang diphoso mo loetong lwa selefatshe le re le tsweledisetseng, ka jalo fa re santse re le mo botshelong a re lekeng tokafaloo e e iketlileng mme re tile ditsholofetso tse di feteletseng mo go rona le ba bangwe.

Setshwantsho
sekepe mo lekhubung la lewatle

Fa re ikemiseditse, golo gongwe mo bosakhutleng go phepafadiwa ga rona go tla fela le go wediwa—se e leng mo Kgolagano e Ntšha se bidiwa itekanelo.

Gatisa