2023
Jeso o Tsosa Lasaro mo Baswing
Moranang 2023


“Jeso o Tsosa Lasaro mo Baswing,” Friend, Mor. 2023, 46–47.

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Moranang 2023

Jeso o Tsosa Lasaro mo Baswing

Setshwantsho
Jeso a ntse le Marea, Maretha, le Lasaro

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Marea le Maretha ba ne ba na le kgaitsadiabone yo o bidiwang Lasaro. Ene e le ditsala tsa ga Jeso Keresete.

Setshwantsho
Jeso a tlamparela Marea le Maretha

Lasaro o ne a lwala thata. Ka bofefo, a swa. Marea le Maretha ba ne ba hutsafetse. Fa Jeso a tla, O ne a lela le bone.

Setshwantsho
Jeso a eme mo pupung ya ga Lasaro.

Jeso o ne a tsamaya le bone kwa pupung ya ga Lasaro. A re, “Lasaro tswela kwano.”

Setshwantsho
Jeso a thusa Lasaro go tswa mo pupung

Lasaro a ema a tswa mo pupung. O ne a tshela gape! Ka ntlha ya ga Jeso, le rona rotlhe re tlaa tshela gape!

Tsebe e e Takiwang

Jeso Keresete o a tshela

Setshwantsho
Tsebe e e takiwang ya ngwana a tshwere setshwantsho sa ga Jeso

Setshwantsho ka Apryl Stott

O gakologelwa jang Jeso ka nako ya Paseka?

Gatisa