2023
Boipelego bo a Re Nonotsha
Phatwe 2023


“Boipelego bo a re Nonotsha,” Liahona, Phatwe 2023.

Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi, wa Liahona Phatwe 2023

Boipelego bo a Re Nonotsha

Setshwantsho
Batho ba babedi ba tlhatswa dijana.

Go nna boipelego go raya gore re ka tlhokomela matlhoko a rona le a malwapa a rona. Fa re le boipelego, re kgona gape go direla Morena botoka le go tlhokomela ba bangwe. Mme boipelego ga bo reye gore re tlhoka go lebagana le dikgwetlho tsa rona re le nosi. Re ka kopa thuso mo ditsaleng, ba lelwapa, maloko a wate kgotsa a lekala, le baitsanaape fa re e tlhoka.

Melawana ya Boipelego

Go nna boipelego go tlhoka thuto, kobamelo, le go dira ka thata. Re dira tsotlhe tse re ka di kgonang go itlhokomela, mme re ka kopa thuso mo go ba bangwe fa go tlhokega. Go nna boipelego ka boammaruri, le fa gontse jalo, re tshwanetse le gone go ithuta go nna le tumelo mo go Jeso Keresete. Ka gone fa re ntse re dira go ithusa, O tla re nonotsha.

Setshwantsho
Diatla tse di phutilweng

Boipelego jwa Semowa

Re ka aga boipelego jwa rona jwa semowa ka go dira go nonotsha bopaki jwa rona jwa ga Jeso Keresete. Re dira se fa re rapela, re ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo, re ya kerekeng, re obamela ditaelo, le go dira dilo tse dingwe tse di re atametsang kwa go Keresete. Go itse gore O rata go re thusa go tlaa re neela tumelo ya go nna re tiile le fa botshelo bo le thata.

Boipelego jwa lobaka lono fela

Boipelego jwa lobaka lono fela bo akaretsa go kgona go tlhokomela matlhoko a rona a nama le a malwapa a rona. Se se akaretsa dijo, bodulo, botsogo le matlhoko a mangwe. Re dira se ka go amogela thuto e e molemo, go ithuta kgotsa go oketsa boitseanape jo bo tlhokegang, go dira ka thata, go dirisa nako ya rona ka botlhale le go dirisa madi a rona sentle.

Setshwantsho
Bomme ba bararo ba tsamaya mmogo

Boipelego jwa maikutlo

Boipelego jwa maikutlo ke bokgoni jwa go ikamaganya le dikgwetlho tsa maikutlo ka bopelokgale le ka tumelo. Rotlhe re na le dikgwetlho le dipoelo-morago. Ka ditebogo tsa efangele, re itse gore re ka itshenkela gore re ka di tsibogela jang. Go tsiboga ka tumelo mo Moreneng go oketsa bokgoni jwa rona jwa go lebagana le mathata a mangwe ka tsholofelo.

Thuto

Re tshwanetse go nna re ithuta ka nako tsotlhe. Modimo o batla re ruta ditlhaloganyo tsa rona le go tokafatsa maitseanape a rona go ya ka botshelo jo jotlhe le go tsena mo go bo bo latelang. Fa re ntse re ithuta thata, re ka nna tlhotlheletso e e botoka ya molemo le go itshetsa, go tlamela ba lelwapa la rona le bao ba ba tlhokang.

Setshwantsho
lekawana le sikere beke

Ditshegofatso tsa go Nna Boipelego

Baporofeti ba rutile gore fa re tokafatsa boipelego jwa rona, re tlaa segofadiwa ka tsholofelo e kgolo le kagiso. Re tlaa nna le bokgoni jwa go thusa malwapa a rona le bao ba ba tlhokang. Gape re tlaa segofadiwa ka ditshono le bokgoni jwa go tswelela-pele.

Ditlamelo tsa Kereke

Lomapo lwa lona le ka aga ditlhopha tsa boipelego. Tse di ka le ruta melawana ya boipelego le boitseanape jaaka ja go dirisa madi a lona sentle kgotsa go senka tiro e e botoka. Le ka fitlhela didirisiwa tse di amang boipelego mo Gospel Library. Tlhopha “Dibuka le Dithuto” o bo o tlhopha “Boipelego.”

Gatisa