2023
Thulaganyo ya Kereke ya ga Jeso Keresete
Phalane 2023


“Thulaganyo ya Kereke ya ga Jeso Keresete,” Liahona, Pha.2023.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Phalane 2023

Thulaganyo ya Kereke ya ga Jeso Keresete

Setshwantsho
setshwantsho sa ga Jeso Keresete

Morena Jeso Keresete, ka Del Parson

Jeso Keresete ke tlhogo ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. O tlhotlheletsa baporofeti le baaposetole go etelela pele Kereke gompieno, jaaka A dirile mo dinakong tsa Kgolagano e Ntšha. Ba thusiwa ke baeteledipele ba bangwe ba Kereke.

Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ke Kereke ya Mmoloki. E “agilwe mo motheong wa baaposetole le baporofeti, Jeso Keresete ka boene e le lentswe le legolo la kgokgotsho” (Baefeso 2:20). Seno se raya gore Ke karolo e e botlhokwa thata ya motheo. O kaela Kereke ka baporofeti le baaposetole Ba a ba itshenketseng go nna baeteledipele.

Setshwantsho
Boporesidente jwa Ntlha

Boporesidente jwa Ntlha

Poresidente ya Kereke ke moperofeti wa Modimo mo lefatsheng gompieno. Ke Moaposetole mogolo le motho a le esi mo lefatsheng yo o amogelang tshenolo go kaela Kereke yotlhe. Morena o mo tlhotlheletsa go itse gore ke Baaposetole ba fe ba babedi ba a tshwanetseng go ba bitsa go direla jaaka bagakolodi ba gagwe. Ba nna Boporesidente jwa Ntlha. Botlhe ba bararo ke baporofeti, balebii, le basenodi.

Khoramo ya ba ba Lesome le Bobedi

Maloko a Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi le bone ke baporofeti, balebi, le basenodi. Babidiwa go nna basupi ba ba kgethegileng ba ga Jeso Keresete. Ba tsamaya lefatshe lotlhe ba ruta le go paka ka ga Ene. (Bona Dithuto le Dikgolagano 107:23, 33.)

Khoramo ya ba ba Masome a Supa

Maloko a ba le Masome a Supa le gone ba bilediwa go nna basupi ba ga Jeso Keresete (bona Dithuto le Dikgolagano 107:25). Ba thusa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi go ruta efangele le go aga Kereke go ralala lefatlhe.

Setshwantsho
Baeteledipele ba gakololana mmogo

Setshwantsho ka Machiko Horii

Baeteledipe ba Selegae

Boporesidente ba lomapo kgotsa kgaolo, boporesidente jwa bobishopo kgotsa lekala, le boporesidente jwa khoramo ya bagolwane le Mokgatlho wa Thuso le bone ba biditswe ke Modimo. Ba ka go thusa go ithuta le go tshela ka efangele. O ka ithuta ka ga dingwe tsa dipitso tse mo mokwalong wa Motheo wa Efangele Mopitlo 2022, “Go Direla mo Dipitsong tsa Kereke.”

Gatisa