2023
Amogela Mowa go go Kaela
Phalane 2023


“Amogela Mowa go go Kaela,” Go Nonofo ya Banana Pha. 2023,

Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phalane 2023

Amogela Mowa go go Kaela

Go tswa mo April 2017 general conference address.

Rara wa rona wa Legodimo o ne a itse gore mo botshelong jwa go swa re tlaa lebagana le dikgwetlho, pitlagano, le kgoberego; O ne a itse gore re tlaa lwantshana le dipotso, matlhabisa ditlhong, diteko, le makoa. Go re neela nonofo ya ba ba swang le kaelo ya semodimo, O ne a naya Mowa o o Boitshepo.

Ka thomo ya semodimo, Mowa o a rotloetsa, paka, ruta, le go re tlhotlheletsa go tsamaya mo leseding la Morena. Re na le boikarabelo jo bo boitshepo go ithuta go lemoga tlhotlheletso ya Gagwe mo matshelong a rona le go tsiboga.

Re dira jang seo?

Lantlha, re leka thata go tshela ka tsela e e tshwanelang Mowa.

Labobedi, re tshwanetse go iketleeletsa go amaogela Mowa.

Laboraro, re tshwanetse go lemoga Mowa fa o tla.

Labone, re tshwanetse go tsaya kgato ya thotloetso ya ntlha.

A re tseyeng pitso ya Morena ka tlhwaafalo ya “nametsagang, gonne ke tlaa lo etelelapele” (Dithuto le Dikgolagano 78:18). O re gogela kwa Moweng o o Boitshepo. A re tsheleng gaufi le Mowa, re tsaya kgato ka bonako mo dithotloetsong tsa rona tsa ntlha, re itse gore di tswa kwa Modimong. Ke paka ka thata ya Mowa o o Boitshepo go re kaela, sireletsa, le go nna le rona ka metlha.

Gatisa