Liahona
Mmoloki wa Botlhe, Efangele ya Botlhe
Mopitlo 2024


Mmoloki wa Botlhe, Efangele ya Botlhe,” Liahona, Mop. 2024

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlwe 2024

Mmoloki wa Botlhe, Efangele ya Botlhe

Efangele, Tetlanyo, le Tsogo ya ga Jeso Keresete e Segofatsa Bana Botlhe ba Modimo.

Setshwantsho
Keresete le monna yo o suleng ditokololo

Christ and the Palsied Man, ka J. Kirk Richards, e ka se kopololwe

Efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete, lwantlha, mo maemong a ntlha, le ka bosaengkae, ke motswedi wa boitumelo jo bo sa feleng, kagiso ya boammaaruri, le boitumelo jwa mongwe le mongwe mo malatsing ano a bofelo. Ditshegofatso tse di tswang mo efangeleng le go tswa mo bopelonoming jo bo senang bofelelo jwa ga Keresete e ne e se fela tsa batho ba ba tlhophilweng ba se kae, bogologolo kgotsa mo metlheng ya gompieno.

Go sa re sepe gore re ikutlwa re tlhaela go le kae, mme le fa dibe tseo di ka re bayang kgakala le Ene ka lobakanyana, Mmoloki wa rona o re netefaletsa gore “o [re] otlollela diatla tsa gagwe motshegare otlhe” (Jakobe 6:4), a re laletsa rotlhe go tla kwa go Ene le go utlwa lorato la Gagwe.

Ditshegofatso tsa efangele tsa Lefatshe Lotlhe

Efangele ya ga Jeso Keresete e “tsosolositswe mo malatsing ano a bofelo go kgotsofatsa … ditlhoko tsa setšhaba senngwe le senngwe, losika, teme, le batho mo lefatsheng.”1 Efangele e feta bosetšhaba le mmala yotlhe fa ba ntse ba kgabaganya melelwane yotlhe ya setso go ruta gore “botlhe ba a tshwana fa pele ga Modimo” (2 Nefi 26:33).2 Buka ya ga Momone e eme e le bopaki jo bo gakgamatsang jwa boammaaruri jo.

Tshupo ena e kgolo e paka gore Keresete o gakologelwa ditšhaba tsotlhe (bona 2 Nefi 29:7) mme o tla “iponatsa mo go botlhe ba ba dumelang mo go ene, … [le tiro] masaitsiweng a a maatla, ditshupo, le dikgakgamatso, mo gare ga bana ba batho” (2 Nefi 26:13). Mo gare ga masaitsiweng a a maatla a, ditshupo, le dikgakgamatso ke phatlalatso ya efangele. Ka jalo, re romela baanamisa efangele go ya ka lefatshe lotlhe go paka ka mafoko a yone a a molemo. Gape re abelana efangele le bao ba ba gautshwane le rona. Tiriso ya dilotlele tsa boperesiti jo bo tsosolositsweng ya batshedi le baswi e tlhomamisa gore botlalo jwa efangele kwa bofelong bo tla nna teng mo morweng le morwadi mongwe le mongwe wa batsadi ba rona ba legodimo—mo nakong e e fetileng, jaanong, kgotsa mo isagong.

Pelo ya efangele ena—molaetsa wa kononoko wa moporofeti le moaposetolo mongwe le mongwe yo o kileng a bilediwa tiro—ke gore Jeso ke Keresete le gore O tlile go segofatsa mongwe le mongwe. Re le Maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, re bolela gore setlhabelo sa Gagwe sa tefelo ke sa lefatshe lotlhe.

Go tlhokega ga Tetlanyo e e senang selekanyo le ya bosakhutleng.

Fa ke tsamaya go dikologa lefatshe, Ke botsolotsa maloko a le mantsi a Kereke. Ke tlhotlheletsega go utlwa ka fa ba utlwang ka teng ditshegofatso tsa Tetlanyo ya ga Jeso Keresete mo matshelong a bone, le fa ba ipolela dibe dingwe tse di kgakala. Go gakgamatsa jang gore kgomotso e e ntlafatsang ya Tetlanyo ya Gagwe e nna e le teng mo go rona rotlhe!

Go tshwanetse go nna le tetlanyo e e dirwang,” Amuleke o boletse, “kgotsa e seng jalo batho botlhe ba tshwanetse go nyelela go sa tilwe.” Ka metlha re tla nna ba ba “oleng e bile, … ba latlhegile, … fa e se ka tetlanyo,” e e tlhokegang “setlhabelo se se senang selekanyo le sa bosakhutleng.” Gonne “ga gona sepe se se tlhaelang tetlanyo e e senang selekanyo se se ka lekanang dibe tsa lefatshe” (Alema 34:9, 10, 12).

Moporofeti yo mogolo Jakobe le ene o ne a ruta gore ka gonne “loso le fetetse mo go diragaleleng batho botlhe, … go tshwanetse ga nna le thata ya tsogo” go tlisa batho mo bolengteng jwa Modimo (2 Nefi 9:6).

Tsotlhe sebe le loso di ne di tlhoka go fenngwa. Se e ne e le thomo ya Mmoloki, e ka bopelokgale a neng a e wetsa boemong jwa bana botlhe ba Modimo.

Setshwantsho
Keresete kwa Gethesemane

Gethsemane, ka J. Kirk Richards, e ka se kopololwe

Setlhabelo sa Mmoloki wa rona

Mo bosigong jwa Gagwe jwa bofelo mo lefatsheng, Jeso Keresete o ne a tsena mo tshimong ya Gethesemane. Koo, o ne a khubama mo gare ga ditlhare tsa motlhware mme a simolola go fologela kwa tengteng ga botlhoko jo nna le wena re tla se kitlang re bo itse.

Koo, A ne a simolola go sikara dibe tsa lefatshe. O ne a utlwa botlhoko bongwe le bongwe, pelobotlhoko, le bohutsana, mme A itshokela bohutsana le pogisego e o itemogelang, le motho mongwe le mongwe yo o kileng a tshela kgotsa yo o tla tshelang. Pogisego e kgolo le e e senang selekanyo “ya [Mo] dira, … mogolo wa botlhe, go roroma ka ntlha ya setlhabi, le go tshologa madi ka phatlha nngwe le nngwe” (Dithuto le Dikgolagano 19:18). Ke Ene fela yo o kabong a dirile sena.

Go ne go sena molemo ope o mongwe o o lekaneng

Go lefela tuelo ya sebe.

Ke Ena fela yo o neng a ka bula kgoro

Tsa legodimo mme a re tsenya.3

Jeso o ne a isiwa kwa Logata, mme mo nakong e e botlhoko thata ya kgobelelo mo ditsong tsa lefatshe, O ne a bapolwa. Ga go na ope yo a kabong a tlositse botshelo jwa Gagwe mo go Ene. E le Morwa Modimo yo o Tsetsweng a le Esi, o ne a na le thata mo godimo ga loso. O ka be a ne a rapetse Rre wa Gagwe, mme mephato ya baengele e kabo e tlile go fenya babogisi ba Gagwe le go supa bogosi jwa Gagwe mo dilong tsotlhe. “Mme fa go ka bo go ntse jalo dikwalo tse di boitshepo di ka bo di diragaditswe jang,” Jeso o ne a botsa fa A ne a okiwa, “gore go tshwanetse go nna jaana?” (Mathaio 26:54).

Ka kobamelo e itekanetseng ya ga Rre wa Gagwe—le lorato le le itekanetseng mo go rona—Jeso o ne a neela botshelo jwa Gagwe ka go rata mme a wetsa setlhabelo sa Gagwe se se sa feleng sa tefelo, se se tswang mo motlheng wa bogologolo le go tswelela pele go ya ka bosakhutleng.

Phenyo ya Mmoloki wa Rona

Jeso o ne a laola Baaposetolo ba Gagwe go tsweledisa tiro ya Gagwe morago ga loso la Gagwe. Ba tla dira se jang? Ba ba mmalwa mo go bone e ne e le batshwari ba ditlhapi fela, mme go ne go sena ope yo o neng a katiseditswe tirelo mo sinagogeng. Ka nako eo, go ne go bonala ekete Kereke ya ga Keresete e laoletswe go nyelela. Mme Baaposetolo ba bona maatla go itshokela pitso ya bone le go bopa ditso tsa lefatshe.

Ke eng se se dirileng gore thata e tswe mo bokoweng jo bo ntseng jalo jo bo bonalang? Moeteledipele wa kereke ya Anglican le moithuti Frederic Farrar o rile: “Go na le karabo e lenngwe, mme e le nngwe fela e e kgonegang —tsogo mo baswing. Phetogo e e feletseng ena e kgolo e nnile ka ntlha ya thata ya tsogo ya ga Keresete.”4 Jaaka dipaki tsa Morena yo o tsogileng, Baaposetolo ba ne ba itse gore ga go sepe se se ka emisang tiro ena go tswelela pele. Bopaki jwa bone e ne e le motswedi wa thata e e nonotshang fa Kereke ya pele e fenya metlholo yotlhe.

Paka ena ya paseka, ke le mongwe wa dipaki tsa Gagwe tse di tlhomilweng, Ke bolela gore go sale gale mo mosong mongwe wa Sontaga o montle, Morena Jeso Keresete o tsogile mo losong go re thatafatsa le go kgaola dikgole tsa loso tsa mongwe le mongwe. Jeso Keresete o a tshela! Ka ntlha ya Gagwe, loso ga se bokhutlo. Tsogo ya baswi ke mpho e Keresete a e nayang batho botlhe mahala.

Setshwantsho
Keresete le Maria Magatalena kwa lebitleng

Keresete le Maria kwa Lebitleng, ka Joseph Brickey

Tlayang kwa go Keresete

Efangele le Tetlanyo ya ga Jeso Keresete ke tsa mongwe le mongwe—ke gore, mongwe le mongwe. Tsela e le nngwe fela e re itemogelang ditshegofatso tse di feletseng tsa setlhabelo sa tefelo sa Mmoloki ke ka go amogela ka bongwe taletso ya Gagwe: “Tlayang kwa go Nna” (Mathaio 11:28).

Re tla kwa go Ene fa re dirisa tumelo mo go Ene le go ikwatlhaya. Re tla kwa go Ene fa re kolobediwa mo leineng la Gagwe re bo re amogela neo ya Mowa o o Boitshepo. Re tla kwa go Ene fa re tshegetsa ditaelo, re amogela ditao, re tlotla dikgolagano, re amogela maitemogelo mo tempeleng, le go tshela botshelo joo barutwana ba ga Keresete ba bo tshelang.

Ka dinako dingwe, o tla lebagana le go nyema marapo le maswabi. Pelo ya gago e ka utlwa botlhoko kgotsa ya utlwela mongwe yo o mo ratang botlhoko. O ka nna wa bo o imelwa ke dibe tsa ba bangwe. Diphoso tse o di dirileng—gongwe tse di tseneletseng—di ka go dira gore o boife gore kagiso le boitumelo di go tlogetse ka bosena bokhutlo. Ka dinako tse di ntseng jalo, gakologelwa gore Mmoloki ga a ntsha fela morwalo wa sebe mme le gone “o ne a boga ditlhabi le dipogisego le diteko tsa mefuta yotlhe” (Alema 7:11), go akaretsa le tsa gago! Ka se a se itemogetseng ka ntlha ya rona, O itse ka sebele ka fa a ka go thusang ka teng fa o amogela taletso ya Gagwe e e fetolang botshelo: “Tlayang kwa go Nna.”

Botlhe Ba a Amogelesega

Jeso Keresete o tlhalositse gore bana botlhe ba ga Rara wa Legodimo bana le tshwanelo e e lekanang mo ditshegofatsong tsa efangele ya Gagwe le Tetlanyo. O re gakolola gore botlhe “ba na le tshwanelo mongwe jaaka yo mongwe, mme ga go ope yo o iletsweng” (2 Nefi 26:28).

“O laletsa botlhe go tla kwa go ene le go tlhakanela nae molemo wa gagwe; mme ga a gane ope yo o tlang kwa go ene, bantsho le basweu, bagolegiwa le bagololosegi, nona le tshadi” (2 Nefi 26:33).

“O ba laletsa botlhe”—se se raya rona rotlhe! Ga re a tshwanela go baya dileibole tse di ko godimodimo le diphapang tsa maitirelo mo go rona kgotsa mo go ba bangwe. Ga re a tshwanela go baya dikganedi dipe mo loratong la Mmoloki kgotsa go letlelela dikakanyo tsa gore rona kgotsa ba bangwe ba ka se kgone go Mo fitlhelela. Jaaka Ke buile pele, “Ga go kgonege gore [mongwe le mongwe] a itebele tlase go na le kwa lesedi le le sa feleng la Thekololo ya ga Keresete le phatsimelang teng.”5

Mo boemong, jaaka Kgaitsadi Holland le Nna re rutile dikgwedi fela di se kae pele ga a tlhokafala, re laoletswe go “nna le lorato, lorato la Modimo le e leng lorato” (2 Nefi 26:30).6 Se ke lorato le Mmoloki a le re supetsang, gonne “Ga a dire sepe fa e se fela go thusa lefatshe; gonne o rata lefatshe, le e leng gore o beela botshelo jwa gagwe go gogela batho botlhe kwa go ene” (2 Nefi 26:24).

Ke paka gore efangele le Tetlanyo ya ga Jeso Keresete ke tsa batho botlhe. Ke rapela gore lo tla amogela ka boitumelo ditshegofatso tse A di tlisang.

Dintlha

  1. Howard W. Hunter, “The Gospel—A Global Faith,” Ensign, Ngwanatsele 1991, 18.

  2. Bona Howard W. Hunter, “All Are Alike unto God” (Brigham Young University fireside, Feb. 4, 1979), 1–5, speeches.byu.edu.

  3. There Is a Green Hill Far Away,” Hymns, no. 194.

  4. Frederic W. Farrar, The Life of Christ (1994), 656.

  5. Jeffrey R. Holland, “The Laborers in the Vineyard,” Liahona, Motsheganong 2012, 33.

  6. Bona Jeffrey R. and Patricia T. Holland, “A Future Filled with Hope” (worldwide devotional for young adults, Jan. 8, 2023), broadcasts.ChurchofJesusChrist.org.

Gatisa