“Jakobe le Nefi ba Bone Jeso,” Friend, Mopitlo 2024, 26– 27.
Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2024
Jakobe le Nefi ba bone Jeso
Ditshwantsho ka Andrew Bosley
Jakobe e ne e le monnawe Nefi. O tshotswe morago ga gore lelwapa la bone le tloge mo Jerusalema. Jakobe o tlile mo lefatsheng la tsholofetso e le ngwana.
Jakobe le Nefi ka bobedi ba bone Jeso Keresete. Ba abelane bopaki jwa bone le malwapa a bone go ba thusa go ithuta ka Jeso.
Ba ne ba abelana mafoko a moporofeti Isaia le bone. Isaia le ene o ne a bone Jeso mme a kwala ka Ene mo dikwalong tse di boitshepo. Jakobe le Nefi ba dirisitse mafoko a ga Isaia go tswa mo dikwalong tse di boitshepo go ruta malwapa a bone ka Jeso.
Ba ne ba ruta gore Jeso o tlaatla mo lefatsheng. O tla swa mme a tshele gape. Ba ne ba abelana bopaki jwa bone jwa ga Jeso Keresete gore malwapa a bone a ka lebelela go tla ga Gagwe.
Tsebe ya go Taka
Jeso ke Mmoloki wa rona
Setshwantsho ka Adam Koford
O utlwa leng lorato la ga Jeso?
© 2024 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Friend wa kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2024. Tswana. 19287 763