Liahona
Tsotlhe Di Tlaa Siama ka Ntlha ya Dikgolagano tsa Tempele
Motsheganong 2024


Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2024

Tsotlhe Di Tlaa Siama ka Ntlha ya Dikgolagano tsa Tempele

Dikinolo

Setshwantsho
alt text

USA

Bakaulengwe le bokgaitsadi, ke paka ka boikokobetso gore fa re etela tempele, re ka gakolola ka tlholego ya bosakhutleng ya mewa ya rona, ka botsalano jwa rona le Rara le Morwa wa gagwe wa selegodimo, le ka keletso e kgolo ya rona ya go boela kwa legaeng la rona la selegodimo. …

Ka fa tlase ga boeteledipele jwa tlhotlheletso jwa ga Poresidente Nelson, Morena o tlhotlholeditse, mme o tsweletse ka go tlhotlholetsa kago ya ditempele lefatshe ka bophara. Se se tla letla bana botlhe ba Modimo go amogela ditao tsa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng le go dira le go tshegetsa dikgolagano tse di boitshepo. …

Go tsaya karolo kgapetsa kgapetsa mo ditaong tsa tempele go dira thulaganyo ya go ineela mo Moreneng. Fa o tshegetsa dikgolagano tsa gago tsa tempele mme o di gakologelwa, o laletsa Mowa o o Boitshepo go thatafatsa le go go itshekisa. …

Ke ka kgolagano ya kano mo tempeleng moo re ka amogelang tiisetso yadlikamano tsa malapa tsa lorato tse di tlaa tswelang pele morago ga loso le go nna ka bosakhutleng. Go tshegetsa dikgolagano tsa manyalo le malwapa tse di dirilweng mo tempeleng ya Modimo go go naya tshireletso go tswa mo bobabeng jwa boikgagapelelo le boikgogomoso.

Diteko, dikgwetlho, dikutlobotlhoko ka boammaruri di tlaa tla mo go rona. Ga go ope wa rona yo o sa amiweng ke “mmitlwa ya nama” [bona 2 Bakorintha 12:7–10]. Jalo, fa re etela tempele le go gakologelwa dikgolagano tsa rona, re ka amogela kaelo ya rona mo Moreneng. …

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rategang, ke fa bopaki gore ga gona sepe se se botlhokwa go feta go tshegetsa dikgolagano tse o di dirileng mo tempeleng.

Gatisa