Liahona
Ipele mo Neong ya Dilotlele tsa Boperesiti
Motsheganong 2024


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2024

Ipele mo Neong ya Dilotlele tsa Boperesiti

Dilotlele tsa Boperesiti di laola ka fa boperesiti jwa Modimo bo ka dirisiwang ka teng go tsisa ditiro le ditshegofatso tsa Modimo mo go botlhe ba ba amogelang efangele e e tsosolositsweng.

Bakaulengwe le bokgaitsadiake ba ba rategang, gompieno ke letsatsi la ditso mo go Poresidente Dallin H. Oaks le nna. E ne e le dingwa tse 40 tse di fitileng, ka Moranang 7, 1984 fa re tshegetswa mo Khoramong ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi. Re itumetse mo khonforenseng ya kakaretso e nngwe le e nngwe go tswaka nako eo, go akaretsa le yone e. Re santse gape re segofaditswe ka tshologelo ya go gorometsega e e boitshepo ya Mowa. Ke solofela gore le tlaa ipoeletsa go ithutuntsha ka melaetsa ya khoforense e mo dikgweding tse di tlang.

Setshwantsho
Part of a worldwide series of photographs taken in connection with General Conference. April 6 - 7, 2024. Pictures were taken in England.

United Kingdom

Fa ke tsholwa, go ne go na le ditempele tse di berekang di le thataro—e nngwe e le mo St. George, Logan, Manti, le Salt Lake City, Utah; ga mmogo le e mo Cardston, Alberta, Canada; le Laie, Hawaii. Tse pedi ditempele tsa pele di berekile ka boripana mo Kirtland, Ohio, le Nauvoo, Illinois. Jaaka mmele wa Kereke o fudugela bophirima, Baitshepi ne ba patelesega go tlogela ditempele tse pedi tseo kwa morago.

Tempele ya Nauvoo e ne ya senngwa ke batshuba melelelo ka molelo. E ne ya agiwa sesha mme ya tshwaiwa ke Poresidente Gordon B. Hinckley. Tempele ya Kirtland e ne ya silafatswa ke baba ba Kereke. Moragonyana Tempele ya Kirtland ya tsewa ke ba Community of Christ, ba nen e ntse e le beng ba yone mo dingwageng tse dintsi.

Mo kgweding e e fetileng re itsisitse fa Kereke ya ga Jeso Keresetse ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e rekile Tempele ya Kirtland ga mmogo dikarolo tse di botlhokwa tsa ditso dingwe tse di mo Nauvoo. Re lebogela dipuisano tse di monate le tse di molemo tse re nnileng natso le baetapele ba Community of Christ tse di gogetseng kwa tumalanong ena.

Setshwantsho
Tempele ya Kirtland.

Tempele ya Kirtland

Tempele ya Kirtland e na le bokao jo bo sa tlwaelesegang mo Tsosolosong ya efangele ya ga Jeso Keresete. Dilo ka bontsi tse di diragetseng teng di porofitilwe mo dingwageng tse di sekete tse di fetileng mme di ne di le maleba mo tsosolosong ya Kereke ya Morena go diragatsa maitlamo a yone a malatsi a bofelo.

Ditiragalo tse di botlhokwa di diragetse ka Sontaga wa Paseka, Moranang 3, 1836. Ka letsatsi leo, Joseph Smith le Oliver Cowdery ba itemogela motseletsele wa ditekolo tse di faphegileng. Pele, Morena Jeso a iponatsa. Moporofeti o gatisitse gore matlho a Mmoloki “a ne a ntse jaaka kgabo ya molelo; moriri wa tlhogo ya gagwe o le mosweu jaaka kapoko e e itshekileng; sefatlhogo sa gagwe se phatshima go feta phatsimo ya letsatsi; le lentswe la gagwe le suma jaaka goelela ga metsi a magolo.”

Ka nako ya tekolo e, Morena a rurufatsa sesupo sa gagwe. A re “Ke nna wa ntlha le wa bofelo; ke nna yo ke tshelang, ke nna yo ke bolailweng; ke nna mmueledi wa lona le Rara.”

Jeso Keresete o tlhalositse gore o amogetse tempele jaaka ntlo ya Gagwe mme a dira tsholofetso e e makatsang: “ke tlaa iponatsa mo bathong ba me mo kutlwelobotlhoko mo ntlong e.”

Tsholofetso e ya botlhokwa e akaretsa tsotlhe ditempele tse di tshwailweng gompieno. Ke go laletsa go tlhatlhanya gore bokao jwa tsholofetso e ya Morena bo raya eng mo go wena.

Morago ga tekolo ya Mmoloki, Moshe a tlhagelela. Moshe o ne a tlhoma dilotlele mo go Joseph Smith tsa go phuta Iseraele le go boa ga merafe e e lesome.

Fa ponatshegelo e sena go tswala, “Eliase a bonala, mme a neela tebalebelo ya efangele ya ga Aberahame” mo go Joseph.

Ke gone Elija wa moperofeti a bonala. Go tla ga gagwe ga diragatsa tsholofetso ya ga Malaki ya gore pele ga go tla ga Morena Gape Elija o tla “sokololela pelo ya borrabana mo baneng, le pelo ya bana kwa go borraabo.” Elija a tlhoma dilotlele tsa thata ya go kana mo go Joseph Smith.

Setshwantsho
Part of a worldwide series of photographs taken in connection with General Conference. April 6 - 7, 2024. Pictures were taken on Temple Square.

Temple Square

Botlhokwa jwa goredilotlele tse di busediwe mo lefatsheng ke barongwa ba bararo ba selegodimo ka fa tlase ga kaelo ya Morena ga bo kake jwa feteletswa. Dilotlele tsa Boperesiti ke thata le taolo ya boporesidente. Dilotlele tsa Boperesiti di laola ka fa boperesiti ba Modimo bo ka dirisiwang ka teng go tlisa ditiro le ditshegofatso tsa Modimo mo go botlhe ba ba amogelang efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete.

Go botlhokwa go supa gore pele ga go rulaganngwa ga Kereke, barongwa ba selegodimo ba ne ba tlhoma Boperesiti jwa ga Arone le Melekesideke mo go Moporofeti Joseph mme ba mo neetsle dilotlele tsa boperesiti botlhe. Dilotlele tse di file Joseph taolo ya go rulaganya Kereke ka 1830.

Ke gone mo Tempeleng ya Kirtland ka 1836, tlhomo e nngwe ya dilotlele tsa boperesiti—e bong, dilotlele tsa go phutaIseraele,dilotlele tsa efangele ya ga Aberahame, le dilotlele tsa thata ya go kana—di ne di le botlhokwa. Dilotlele tse di laotse Joseph Smith—le botlhe Boporesidente ba Kereke ya Morena ba ba mo tlhatlameng—go phuta Iseraele mo matlhakoreng otlhe a sesiro, go segofatsa botlhe bana ba kgolagano ka ditshegofatso tsa ga Aborahame, go baya sekano se se tlhomamisang mo ditaong tsa boperesiti le dikgolagano, le go kana malwapa ka bosakhutleng. Thata ya dilotlele tse tsa boperesiti ga e na bokhutlo mme tseisa manya.

Akanya kafa botshelo jwa gago bo ka bong bo farologanye ka teng fa dilotlele tsa boperesiti di ne di sa tsosolosiwa. Kwa ntle ga dilotlele tsa boperesiti, o ka bo o sa apesiwa ka thata ya Modimo. Kwa ntle ga dilotlele tsa boperesiti, Kereke e kabo e direla fela go ruta le makala a bopelotlhomogi go se sepe gape. Kwa ntlhe ga dilotlele tsa boperesiti, ga go ope wa rona o neng a ka nna le sebaka sa ditao tse di botlhokwa le dikgolagano tse di re letlanyang le baratiwa ba rona le go letla go tshela le Modimo.

Boperesiti bo tlhaola Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo mo mekgatlho e mengwe ya lefatshe. Mekgatlho e mengwe e ka ebile e a tokafatsamatshelo a lona a nama. Mme ga go na mokgatlho ope o o ka le o tlaa tlhotlheletsang botshelo jwa gago morago ga loso.

Dilotlele tsa Boperesiti di re neela taolo go otolosa ditsholofetso tsotlhe tse di tshepisitsweng Aborahame mo monneng le mosadi mongwe le mongwe yo o tshegetsang dikgolagano. Tiro ya tempele e dira ditshegofatso tse kgethegileng tse go nna teng mo g o botlhe bana ba Modimo, go sa re sepe gore kae kgotsa leng kgotsa go ne jaanong ba nna kae. A re ipeleng ka gore dilotlele tsa boperesiti di teng gape mo lefatsheng!

Setshwantsho
Part of a worldwide series of photographs taken in connection with General Conference. April 6 - 7, 2024. Pictures were taken in Kenya .

Kenya

Ke go laletsa go tlhokomela ka keletlhoko ditselana tse tharo tse di latelang:

  1. Go phuta ga Iseraele ke bosupi jwa gore Modimo o rata botlhe bana ba gagwe gongwe le gongwe.

  2. Efangele ya ga Aborahama ke bosupi jo bongwe jwa gore Modimo o rata bana botlhe ba gagwe gongwe le gongwe. O laletsa botlhe go tla kwa go Ene—“, bantsho le basweu, bagolegwi le bagololesegi, nona le tshadi; … botlhe ba a tshwana mo Modimong.”.”

  3. Thata ya go kana ke bosupi jo bogolo jwa ka fa Modimo a ratang bana botlhe bana ba gagwe gongwe le gongwe mme o batla mongwe le mongwe wa bone go itshenkela go boela kwa go Ene.

Dilotlele tsa Boperesiti tse di tsosolositsweng ka Moperofeti Josephdi dira gore go kgonege mo go mongwe le mongwe monna le mosadi yo o tshegetsang dikgolagano go akola bontle jwa tshiamelo ka boene ya semowa. Fa gape, gona le mo gontsi mo re kaithutang mo go gone ditso tse di boitshepo tsa Tempele ya Kirtland

Thapelo ya tshwaelo ya ga Joseph Smith yaTempele ya Kirtland ke thuthuntsho ya ka fa mowa wa tempele o natlafatsang nna le wena go kopana le dikgwetlho tsa botshelo mo malatsing ano a bofelo. Ke le rotloetsa go ithutuntsha thapelo e e gatisitsweng mo Doctrine and Covenants section 109. Thapelo eo ya tshwaelo, e e neng ya amogelwa ka tshenolo, e ruta gore tempele ke “ntlo ya thapelo, ntlo ya go ikitsa dijo, ntlo ya tumelo, ntlo ya thuto, ntlo ya kgalalelo, ntlo ya thulaganyo, ntlo ya Modimo.”

Dikinolo tse tsa diponatso di feta thata tlhaloso ya tempele. Ke tsholofetso mabapi le se se tla diragalelang bao ba ba direlang mo ntlong ya Morena. Ba ka solofela go amogela dikarabo tsa thapelo, ditshenolo tsa bone, tumelo e kgolo, maatla, kgomotso, le kitso e e oketsegileng, le thata e e okeditsweng.

Nako ya mo tempeleng e tlaa go thusa go akanya selesetiale le go kapa ponelopele ya gore tota o mang, o ka nna mang, mme o ka nna le botshelo jo bo ntseng jang ka bosakhutleng. Kobamelo ya ka metlha mo tempeleng e godisa tsela ya kafa o itebang ka teng le go tsena mo lenaneong le lentle la Modimo. Ke go solofetsa seo.

Re solofediwa gape gore mo tempeleng re ka “amogela botlalo jwa Mowa o o Boitshepo.” Akanya gore tsholofetso eo e raya eng mo go bulegeng ga magodimo mo mokopi yo o tlhwafetseng wa boammaaruri jo bosakhutleng.

Re laetswe gore ba ba obamelang mo tempeleng ba tlaa nna le nonofo ya Modimo le go nna le baengele “ ba na le taolo mo go bone.” Go oketsa go itshepa gago go le kae go itse gore, jaaka mosadi kgotsa monna oo edaowileng o tlhometswe ka thata ya Modimo, ga o a tshwanela go lebagana le botshelo o le nosi. O naya thototloetso go le kae go itse gore baengele tota ba tlaa go thusa?

Kwa bofelong re solofeditswe gore ga bope “boikepo bo kopaneng” bo tlaa fenyang bao ba obamelang mo ntlong ya Morena.

Setshwantsho
Part of a worldwide series of photographs taken in connection with General Conference. April 6 - 7, 2024. Pictures were taken in Ecuador.

Ecuador

Go tlhaloganya ditshiamelo tsa semowa tse di neng tsa kgonega mo tempeleng go botlhokwa mo go mongwe le mongwe wa rona gompieno.

Bakaulengwe le bokgaitsadi, se ke tsholofetso ya me. Ga go sepe se se tlaa le thusang thata go tshwara ka thata lore la tshipi go feta go obamela mo tempeleng kgapetsa kgapetsa fa diemo di letla. Ga go sepe se se tlaa go sireletsang thata jaaka o kopana le meuwane ya lefifi ya lefatshe. Ga go sepe se se tlaa tiisang bopaki jwa gago jwa Morena Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe kgotsa go tlhaloganya togamaano e e galalelang ya Modimo go feta. Ga go na sepe se se tlaa lapolosang mowa wa gago thata ka nako ya setlhabi. Ga gona sepe se tlaa bulang magodimo thata. Sepe!

Tempele ke kgoro ya ditshegofatso tse di kgolo tse Modimo a di beileng mo polokelong tsa mongwe le mongwe wa rona, gonne tempele ke lefelo le le nosi mo lefatsheng le re ka amogelang ditshegofatso tsotlhe tse di solofeditsweng Aborahama. Ke ka moo re dirang ka thata yotlhe, ka fa tlase ga taelo ya Morena, go dira gore ditshegofatso tsa tempele di fitlhelelwe ke maloko a Kereke. Re itumelela go itsise maikaelelo a rona a go aga tempele mo mangwe le mangwe a mafelo a 15 a a latelang:

  • Uturoa, French Polynesia

  • Chihuahua, Mexico

  • Florianópolis, Brazil

  • Rosario, Argentina

  • Edinburgh, Scotland

  • Brisbane, Australia south area

  • Victoria, British Columbia

  • Yuma, Arizona

  • Houston, Texas south area

  • Des Moines, Iowa

  • Cincinnati, Ohio

  • Honolulu, Hawaii

  • West Jordan, Utah

  • Lehi, Utah

  • Maracaibo, Venezuela

Bakaulengwe le bokgaitsadiake ba ba ratageng, ke tlhomamisia gore se ke Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. O eme kwa tlhogong ya Kereke e. Re batlhanka ba Gagwe.

A re ipele mo tsosolosong ya dilotlele tsa boperesiti, tse di dirang gore go nne bonolo mo go nna le wena go itumelela ditshegofatso tsotlhe tsa semowa tse re eletsang le go tshwanelang go di amogela. Ke paka jalo mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Gatisa