Liahona
Re Bileditswe go Dira Molemo
Seetebosigo 2024


“Re Bileditswe go Dira Molemo,” Liahona, Seetebosigo 2024.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2024

Re Bileditswe go Dira Molemo

Re aga bogosi jwa Modimo jaaka re direla ba bangwe, re tsholetsa lesedi la rona, le go emela kgololesego ya sedumedi.

Giteone o ne a itse thuto e e seng ya nnete fa a e utlwa. O ne a e utlwile pele go tswa mo go Kgosi Noa le baperesiti ba gagwe—baperesiti ba ba neng “ba tsholetsegetse godimo mo boikgogomosong jwa dipelo tsa bone” le ba ba neng “ba tshegeditswe mo botshwakgeng jwa bone, mo kobamelong ya bone ya medimo ya diseto, le mo boakeng jwa bone, ke makgetho a kgosi Noa a neng a a beile mo bathong ba gagwe” (Mosia 11:5–6).

Bosula go feta, Kgosi Noa o ne a bolaile moporofeti Abinadi le go batla go senya Alema le basokologi ba gagwe (bona Mosia 17; 18:33–34). Go tlisa mo bokhutlong bosula jo, Giteone a ikana go emisa kgosi, yo a ileng a mo tlogela fela ka ntlha ya tsenelelo ya Balamane (bona Mosia 19:4–8).

Morago, Giteone a tshwaya phoso ka tshwanelo baperesiti ba ga Noa ka go tsaya barwadia Balamane ba le 24. O ne a lemoga gore seporofeto sa ga Abinadi kgatlhanong le batho se ne sa diragadiwa ka gonne ba ne ba gana go ikwaatlhaya. (Bona Mosia 20:17–22.) O thusitse go golola batho ba ga Limhi, ba ba neng ba le mo bokgobeng go Baleimene(bona Mosia 22:3–9).

Jaanong, Giteone yo o godileng o ne a lebagana gape le boikgogomoso le boikepo fa a ne a ema fa pele ga ga Nehore, yo a neng a tsentse boferefere mo bathong. Nehore o ne a “gatelela kgatlhanong le kereke” le go leka go timetsa batho. (Bona Alema 1: 3– 7, 12–2; bona gape 2 Nefi 26:29.)

A dirisa lefoko la Modimo jaaka setlhabano sa gagwe, Giteone yo o pelokgale a tlhagisa Nehore ka boikepo jwa gagwe. A galefile, Nehore a tlhasela le go bolaya Giteon ka tšhaka. (Bona Alema 1:7–9.) Ka jalo ga tla bokhutlong malatsi a “monna yo o siameng” yo o “dirileng molemo gantsi gareng ga batho ba” (Alema 1:13).

Malatsi a bofelo a re tshelang mo go one a re fa ditšhono tse di ntsi go kopa Getione jaaka “sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo” (Alema 1:8) ka go nna “le tiro” (Mosia 22:4) mo go ba bangwe, go emelela tshiamo, le go emelelana le matshosetsi a kgololesego ya go obamela le go direla Modimo. Jaaka re sala morago sekai se se ikanyegang sa ga Getione, le rona re ka dira molemo o montsi.

Setshwantsho
mosadi ka terei ya dijo a eme go bapa le mosadi a rapaletse mo bolaong

Go Dirisana Mmogo mo Tirelong

“Jaaka balatedi ba ga [Mmoloki], re senka go rata Modimo le baagisane ba rona lefatshe ka bophara,” Boporesidente jwa Ntlha bo rile jalo. “Kereke ya ga Jeso Keresetse ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e tlhaga go segofatsa ba bangwe le go thusa baba tlhokang. Re segofaditswe ka go nna le bokgoni, ditlamelo, le dikgokagano tse di ikanyegang lefatshe lotlhe go diragatsa maikarabelo a a boitshepo a.”1

Ke lebogela tiro e e senang bopelotshetlha le tirelo e maloko a Kereke a e dirang mo tempeleng tsa rona le mo diwateng tsa bone, makalana, le dimapo. Gape ke lebogela gore maloko a Kereke a dira mo mekgatlhong e e sa balegeng ya setshaba, thuto le tsa bopelo-tlhomogi le gore ba nna le seabe mo mananeong a le diketekete a namolo ngwaga le ngwaga, ba ithaopa diura di le didikadike mo mafatsheng le dinaga di ka nna 200.2

Tsela e nngwe ka fa Kereke e phatlalatsang ditšhono tsa tiro mo mafatsheng a le mmalwa ke ka JustServe.org. E rotloediwa ke Kereke mme a teng go mongwe le mongwe yo o batlang go segofatsa ba bangwe, JustServe.org “e gokaganya letlhoko la baithaopi mo baaging le baithaopi” ba ba “nonotshang boleng jwa botshelo mo baaging.”3

Kereke le maloko a yone gape ba tshwaragana le mekgatlhoo ya tirelo lefatshe ka bophara. Kereke, malebo go maloko a yone, e ne e le “e kgolo go di feta tsotlhe ya kabo ya madi ya Red Cross ka 2022.” Ka tlaleletso, Kereke bosheng e dirile kabo ya $8.7 milione go Red Cross.4

Kereke gape e kopana le mekgatlho go tlisa metsi a a phepa le mananeo a kgapoleswe ko mafelong lefatshe ka bophara. Ka 2022, Kereke e tsere karolo mo mananeong a a ntseng jalo a le 156.5 Gape re dirisana mmogo le go abela mekgatlho e mengwe e e tlisang namolo go bana ba Modimo ba ba bogang.6

“Fa re tshwaraganya diatla go direla batho ba ba tlhokang,” go buile Poresidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha, “Morena o kopanya pelo tsa rona.”7

Setshwantsho
diatla tse di khupeditsweng ka lesedi la letsatsi

Tsholeletsa Lesedi la Gago

Jaaka barutwana ba Mmoloki, gape re segofatsa baagisane ba rona jaaka re tshegetsa dikgolagano tsa rona le go tshela matshelo a Sekeresete. Buka ya ga Momone e ruta gore “batho ba kereke” ba seka ba tlhopha tshiamo fela gape ba dire mantswe a bone a tshiamo a utlwiwe fa ba eletsa Morena go ba sireletsa le go ba atlegisa (bona Alema 2:3–7; bona gape Mosia 29:27). Morena o solofela gore re abelane tumelo ya rona le ditumelo le go tsholetsa lesedi la rona. “Bonang Ke lesedi le le tlaa le tsholetsang” (3 Nefi 18:24).

“Ga re direle Mmoloki wa rona sentle fa re tshaba motho go fetisa Modimo,” ga bua Moporesidente Dallin H. Oaks, Mogakolodi wa ntlha mo Boporesidenteng jwa Ntlha. A tlaleletsa, “Re bileditswe go aga tsela tsa Morena, e seng go sala morago tsa selefatshe.”8

A ke ko sekolong, tirong, kana tshamekong, mo loetong la go iphokisa phefo, o dule, kana mo inthaneteng, barutwana ba Morena ga ba ke ba “tlhabiwa ke ditlhong go tsaya mo go bone leina la ga Keresete” (Alema 46:21). Ka mantswe a rona le ditiro tsa rona, re baka gore Modimo o a tshela le gore re sala morago Morwa wa Gagwe.

“Tumelo ya rona ga e a kgaoganngwa, kana ka nnete ga e a tshwanela go nna jalo. Tumelo ga se ya kwa kerekeng fela, ga se ya kwa lwapeng fela, ga se ya kwa [sekolong] fela,” go ela tlhoko Paul Lambert, moitseanape wa Moitshepi wa Malatsi a Bofelo wa tsa go ntsifatsa sedumedi. “Ke ya sengwe le sengwe se o se dirang.”9

Ga re itse kamo ya bosupi jwa rona, sekai se se molemo, le ditiro tse di molemo di ka nnang le yone mo go ba bangwe. Fela fa re emela se se siameng mme re tshola lesedi la Mmoloki, batho ba tla re lemoga mme legodimo le tla re ema nokeng.

Setshwantsho
Mosadi a eme kwantle ga tempele

Emela Kgololosego ya Tumelo

Boferefere jwa gompieno, le kgolo ya go se nne badumedi ga ditšhaba ba gatelela kgatlhanong le batho ba sedumedi, ga go farologane ka gope mo go kalo le ka dinako tsa Buka ya ga Momone. Lentswe la bao ba ba kgatlhanong le botlhokwa jwa seabe sa sedumedi mo mafelong a setshaba le a dipolotiki le golela godimo. Ba e seng ba sedumedi le mebuso, go akaretsa dikolo le diyunibesithi, ba pateletsa boitshwaro le go sokolola maitshwaro a matlhaswa, go sa dumela mo Modimong, le maitshwaro a kgopolo.

Ditlhaselo mo kgololosegong ya sedumedi e tla atlega fa re ka seka ra emela ditshwanelo tsa rona tsa sedumedi. “Jaaka Kereke,” Ke rutile bosheng, “re golagana le ditumelo tse dingwe go sireletsa batho ba ditumelo tsotlhe le ditshwanelo tsa bone tsa go bua ba tlhatswegile pelo.”10

Ntwa kwa legodimong e lwetswe maitshwaro a kgololesego—kgololesego ya rona go itlhophela. Go somarela kgololosego ya rona go tlhoka gore re dire ka natla mo go sireletseng kgololesego ya rona ya sedumedi.

Tumelo e e matlhagatlhaga e nonotsha le go sireletsa malwapa, baagi, le ditšhaba. E dira gore batho ba ikobele molao, ba tlotle botshelo le dithoto, e bile e ruta batho go nna pelotshweu, go ikanyega le go nna le boitsholo jo bo siameng—e leng dinonofo tse di tlhokegang gore go tsweledisa tshiamiso, kgololesego, le boagisane mo setšhabeng. Ga re tlhoke go kopa maitshwarelo ka ntlha ya tumelo ya rona.

Maiteko a rona a boanamisa efangele, tiro ya rona ya go thusa mo ditempeleng, maiteko a rona a go aga bogosi jwa Modimo, le boitumelo jwa rona tota di tlhoka gore re eme ka dinao ka tumelo ya sedumedi le kgololosego. Re ka se latlhegelwe ke kgololosego e re sa latlhegelwe le dikgololosego tse dingwe.

Moporofeti Joseph Smith o rutile, “Ke lorato lwa kgololosego lo lo tlhotlheletsang mowa wa me—kgololosego ya selegae le ya bodumedi ya batho botlhe.”11 Kgololosego ya sedumedi e tlaa gwetlha gape mewa ya rona jaaka re sala morago ditaelo go tsweng mo baeteledipeleng ba Kereke:

  • “Nna o ntse o itse ka dikgang tse di amang setšhaba, mme o bue ka bopelokgale le ka maitseo.”12

  • “Lemoga gore go nyelela ga kgololosego ya bodumedi go tla ama thata ditšhono tsa rona tsa go gola mo nonofong le mo kitsong ya efangele, go segofadiwa ka ditaolo tse di boitshepo, le go ikaega ka Morena go kaela Kereke ya Gagwe.”13

  • “Ema ka dinao o bue go tlhomamisa gore Modimo o teng le gore go na le boammaaruri jo bo tlhomameng jo ditaelo tsa Gagwe di bo tlhomamisang.”14

  • “Gwetlha melao e e ka dirang gore re se ka ra nna le kgololosego ya go dirisa ditumelo tsa rona.”15

  • “Tsena mo lefatsheng go dira molemo, go aga tumelo mo Modimong Mothatayotlhe, le go thusa go tlisa ba bangwe mo lefelong le le itumetseng.”16

  • Diidirisiwa tsa ithutuntsho mo go religiousfreedom.ChurchofJesusChrist.org le mo religiousfreedomlibrary.org/documents.

Re aga bogosi jwa Modimo jaaka re direla ba bangwe, tsholetsa lebone la rona, le go emela kgololosego ya bodumedi. A Morena a re segofatse mo maitekong a rona a go dira “o montsi” mogare ga malwapa a rona, merafe le mo ditšhabeng.

Dintlha

  1. “Molaetsa go tswa Boporesidenteng jwa Ntlha,” mo Caring for Those in Need: 2022 Annual Report of The Church of Jesus Christ of Latter-day Saints, 3, ChurchofJesusChrist.org.

  2. Bona Caring for Those in Need: 2022 Annual Report, 4, ChurchofJesusChrist.org.

  3. Justserve.org/about. JustServe e a dirisiwa mo dinageng tse 17. Batho ba le diketekete le mekgatlho e le mentsi ba a segofadiwa ka ntlha ya thulaganyo eno.

  4. Bona Kaitlyn Bancroft, “Church Donates $8.7 M as Part of Red Cross Collaboration,” Church News, Moranang. 22, 2023, 23.

  5. Bona Mary Richards, “Church Joins with Groups around the World to Tap into the Gift of Water,” Church News, Motsheganongng 27, 2023, 12.

  6. Bona Dallin H. Oaks, “Helping the Poor and Distressed,” LiahonaNgwanatsele. 2022, 6-8.

  7. Henry B. Eyring, “Opportunities to Do Good,” Liahona, Motsheganong 2011, 25.

  8. Dallin H. Oaks, “Unselfish Service,” Liahona, Motsheganong 2009, 94–95.

  9. Paul Lambert, mo go Rachel Sterzer Gibson, “Why Is There a Need for Faith in the Workplace?” Church News, Moranang. 22, 2023, 16.

  10. Ronald A. Rasband, “To Heal the World,” Liahona, Motsheganong 2022, 92.

  11. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2011), 345.

  12. D. Todd Christofferson, “Religious Freedom—A Cherished Heritage to Defend” (address at Freedom Festival Patriotic Service, Provo, Utah, Seetebosigo 26, 2016), 5–6, speeches.byu.edu.

  13. Ronald A. Rasband, “Free to Choose” (Brigham Young University devotional, Jan. 21, 2020), 3, speeches.byu.edu.

  14. Dallin H. Oaks, “Truth and Tolerance” (Brigham Young University devotional, Sept. 11, 2011), 2, speeches.byu.edu.

  15. Dallin H. Oaks, “Truth and Tolerance,” 4.

  16. Ronald A. Rasband, “Free to Choose,” 5, speeches.byu.edu.

Gatisa