Liahona
Modimo o Golola Alema le Amuleke
Seetebosigo 2024


“Modimo o Golola Alema le Amuleke,” Friend, Seetebosigo 2024, 26–27.

Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2024

Modimo o Golola Alema le Amuleke

Setshwantsho
Alema le Amiuleke ba rera

Ditshwantsho ka Andrew Bosley

Alema le Amuleke ba ne ba ya toropong e e bidiwang Ammonihah Ba ruta batho ka ga Jeso Keresete. Fela batho ba tenegetse se ba se rutang. Ba tsenya Alema le Amuleke mo kgolegelong.

Setshwantsho
Alema le Amuleke ba golegilwe mo kgolegelong

Batho ba ne ba utlwisa Alema le Amuleke botlhoko. Ba ne ba le mo kgolegelong malatsi a le mantsi.

Setshwantsho
Mabota a kgolegelo a wela fa fatshe go dikaganya Alema le Amuleke

Alema le Amuleke ba ne ba rapela le go kopa maatla. Ba ne ba na le tumelo mo Modimong. A ba fa thata ya go kgaola dikgole mo malokololong a diatla tsa bone.

Setshwantsho
Alema le Amuleke ba sena dikgole tse di ba golegileng ba eme mo maropeng

Lefatshe le ne la roroma. Mabotana a kgolegelo a wetse fatshe! Modimo o thusitse go golola Alema le Amuleke. Ba tswa mo Ammonihah go ya go ruta batho ba bangwe ka ga Jeso Keresete.

Tsebe ya go Taka

Ke a Itse gore Jeso o a Nthata

Setshwantsho
Bana ba babedi ba dikaganyeditswe ke tlholego, dikwalo tse di boitshepo, le tempele

Setshwantsho ka Adam Koford

Ke dilo dife tse di go gopotsang ka ga lorato lwa ga Jeso Keresete?

Gatisa