“Modimo o Tlaa Re Tshegetsa le go Re Dibela,” Liahona, Phatwe. 2024.
Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi, wa Liahona Phatwe 2024
Modimo o tlaa re Tshegetsa le go re Dibela
Jaaka Mokapoteini Moroni, re ka amogela thuso ya selegodimo le thata ya dintwa tse re lebaganang le tsone mo botshelong.
Lantlha fa ke bala Buka ya ga Momone, ke ne ka itumelela ditso tsa dintwa fa gare ga Banefi le Balamane. Ke ne ke kgatlhiwa ke tumelo, bokgeleke, le matsipa a a neng a dirisiwa ke Mokapoteini Moroni, rra masole o o neng a tlhomiwa moeteledipele wa masole otlhe a Banefi a le dingwaga di le masome a mabedi le botlhano fela. O ne a le botlhale, a nonofile, gape a bonela pele. O ne a inneetse mo go feletseng mo kgololesegong le boitekanelo jwa batho ba gagwe. (Bona Alema 1:11–12)
Go na le go ikgopola a le esi mo katlegong ya sesole, Moroni o ne a neela katlego yotlhe go Modimo le tshegetso e e boitshepo ya masole a gagwe a e amogetseng go tsweng mo basading le bana ba ba neng ba sa yang ntweng. O ne a raya moeteledipele wa mmaba yo o fentsweng gore: “Morena … o lo neetse mo diatleng tsa rona. Mme jaanong ke rata gore lo tlhaloganye gore se se jaana … ka ntlha ya bodumedi jwa rona le tumelo ya rona mo go Keresete.” Moroni ke gone o ne a neela molaetsa o wa seperofito: “Modimo o tlaa re tlamela, le go re tshegetsa, le go re dibela, fela fa re le boikanyego mo go ene, le mo tumelong ya rona, le bodumedi jwa rona” (Alema 44:3, 4).
Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka lemoga gore Moroni o ne a dira motlhala wa melawana eo re ka e dirisang go re thusa go lebagana le dikgwetlho tsa botshelo jwa rona jwa gompieno. Fa re dirisa tumelo mo go Jeso Keresete, Mmoloki wa lefatshe, O tlaa re segofatsa ka thata ya Gagwe. Mme gore A dire jalo le gore re lemoge ditshegofatso tsa Gagwe, re tlhoka go tlhaloganya maikaelelo a rona, go loga maano a katlego, le go ipaakanyetsa dintwa tsa tshwantshetso tse re lebaneng le tsone, fela jaaka Moroni a ipaakanyeditse go lebagana le dintwa tsa mmatota mo botshelong jwa gagwe. Fa re dira jalo, Rara wa rona wa Legodimong le Jeso Keresete ba tlaa re tshegetsa le go re dibela.
Go Tlhaloganya Maikaelelo a Rona
Gangwe le gape Moroni o ne a gakolola batho gore ke bo mang (bajaboswa ba kgolagano ya ga Aborahame), e ne e le ba ga mang (bana ba Modimo ba ba rategang), le gore ba ne ba lwela eng (lelwapa, tumelo, le kgololesego). Moroni o ne a ruta batho ba gagwe gore ba ne ba lwela go falola ga bone le kgololesego go tswa mo kgatelelong le mo botshwarong. Ka fa letlhakoreng le lengwe, dira tsa bone di ne di lwela go ikgodisa le thata ka go gatelela ba bangwe.
Fa Banefi ba bangwe ba ne ba batla go itseela taolo go ipapalela, Moroni o ne a gagola jase ya gagwe mme a kwala mo sebateng sa yone dintlha tsa ntlha tsa molaetsa wa gagwe: “Mo kgakologelong ya Modimo wa rona, dithuto tsa rona tsa tumelo, le kgololesego, le kagiso ya rona, basadi ba rona, le bana ba rona.” O ne a tsholetsa folaga ena, e a neng a e bitsa “sekano sa kgololesego,” kwa ntlheng ya pale mme a e dirisa go gakolola batho se ba neng ba se lwela le go ba tsosolosa mo ntlheng eo. (Bona Alema 46: 12– 13, 19–20.)
Mo ditlhabanong tsa semowa tsa botshelo, “ga re lwe le nama le madi, mme kgatlhanong … babusi ba lefatshe le le lefif … [le] kgatlhanong le mewa ya boikepo” (Baefeso 6:12). Le rona, re tlhoka go gakololwa gore ntwa ke ya eng. Mogolwane Neal A. Maxwell (1926–2004), leloko la Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi wa pele, o ne a tlhalosa kakanyo e sentle, le ntswa ka puo, e e khutshwane.
Ka 2004, ke ne ka etela Mogolwane Maxwell mo kamoreng ya gagwe ya sepatela nakwana pele a tlhokafala. O ne a le lorato mo go botlhe ba ba neng ba mo etela kgotsa ba mo thusa. Badiri ba tlhokomelo ba botsogo ba ne ba tsena mo kamoreng ya gagwe mme ba tswa ba lela. Ke ne ka mo raya ka re, “Mogolwane Maxwell, se se thata ruri.” O ne a tsheganyana a bo a re, “O, Dale, re dibopiwa tsa botshelo jo bosakhutleng tse di tshelang mo lefatsheng la go swa. Re dule mo tlhakeng ya rona ya tlholego, jaaka tlhapi e dule mo metsing. Ke fela fa re na le tebo ya bosakhutleng gore le fa e le epe ya tse e tlaa dira tlhaloganyo epe”
Ga re a tshwanela go latlhegelwa ke pono ya setlhopha se segolo sa tlholego ya bodimo jwa rona le bowelo jwa bosakhutleng le thata ya botiabole e e re ganetsang. Go tlhaloganya togamaano ya Modimo sentle go tlaa re rotloetsa gore re tswelele re lwela poloko ya rona ya bosakhutleng le kgololesego ya rona mo botshwarong.
Go Loga Maano a Katlego
Mo dintweng tse masole a gagwe a neng a di lwa, Moroni o ne a loga maano go netefatsa katlego. O ne a dirisa batsaya-ditlhola go lemoga ditiro le maikaelelo a baba ba gagwe. O ne a kopa tsela mo moperofeting, Alema. Moroni go tswa foo o ne a dirisa tlhagiso eo e e tlhotlheleditsweng fa a tsena mo ntweng. O ne a ntsha ditlamelo a lebile letlhoko, a baya masole a mantsi mo ditoropong tse di neng di sa sirelediwa thata. Ka botsipa o ne a baya mananeo a sesole a dirisa kitso e e mo nakong.
Ka go ne moo o ne a bona tshito go feta baba ba gagwe. Ga go motlha ope yo a kileng a kgotsofalela diphenyo tse di fetileng; bogolo, o ne a tswelela ka go tokafatsa bokgoni jwa gagwe le jwa masole a gagwe go lebagana le dikgwetlho tsa lobaka lo lo tlang.
Re ka dirisa ditsela tse di tshwanang go dirana le baganetsi ba semowa. Re ka simolola ka go lemoga se Satane a lekang go se dira mo matshelong a rona. O leka go re akgaakga go tswa mo boikaelelong jwa rona. Fa re lebagane le thaelo, re tshwanetse go ipotsa:
-
Tiro ena ka fa letlhakoreng la me e tshwana jang le lentswe le le senotsweng la Modimo?
-
Ditlamorago tsa go tsaya kgato e ke dife?
-
A kgato e e tla nthusa go diragatsa tiro ya me mo lefatsheng?
Re tshwanetse le gone go lemoga ditlamorago tsa go ineela le mo dithaelong tse di nyenyane. Fa re ineelela mo thaelong, re ja “botlhole ka selekanyo” (Alema 47:18), e leng leano le sebetsang go fetisisa le le dirisiwang ke thata ya boikepo le le ka gogelang diphelelong tse dikotsi mo semoweng.
Re ka itshireletsa mo thaelong kgatlhanong le Satane ka go sala morago tsela e re e amogelang go tswa mo moperofeting wa malatsi a bofelo. Go dira jalo go re thusa go tshegetsa tebo ya bosakhutleng e re ka e dirisang go sekaseka dikgato tsa rona. Go dira lenaneo la ka fa re tlaa lebagana le dithaelo tse di tlhagang mo dikarolong tse di fapaaneng tsa botshelo jwa rona go tlaa re thusa go dira boitshenkelo jo bo siameng thata mo nakong ena. Maano a a saleng a logilwe le ditsela di ka re thusa go iphemela kgatlhanong le dikgoreletsi go tswa mo boikaelelong jwa rona jwa bosakhutleng.
Sekai ke sone seo esa maranyane. Maranyane a ka nna tshaka e e magale-mabedi, e e molemo le e e diphatsa, go laolwa ke gore re e dirisa jang. Go re thusa go dira boitshenkelo jo bo botlhale mabapi le didirisiwa tsa rona, banana le bagolo ba ka bua “Ka go laola Maranyane” le Go Nonofo ya Banana: Kaelo ya Go Dira Boitshenkelo. Se se re gagokolola boikaelelo jwa rona, se re kaele kwa go Jeso Keresete, mme se re thusa go laletsa Mowa o o Boitshepo mo matshelong a rona. Go rulaganya gore jang, leng, le kwa re tlaa dirisang maranyane teng go tlaa re thatafatsa kgatlhanong le maitsholo a a kwa tlase, a lefatshe.
Go Ipaakanyetsa Dintwa tsa Tshwantshanyo
A bonela pele dintwa tse di tlaa tlang, Moroni o ne a baakanya batho ba gagwe ka bongwe ka diphemelo-sehubeng, dithebe, dihelemete, le diaparo tse di bokete. O ne a baakanya batho ba gagwe ka go dikaganyetsa ditoropo ka dikago tsa tshireletso, a latlhela lotshitshi kwa godimo a di dikaganyetsa.
Ka semowa, re ipaakanya ka bongwe ka go tshegetsa ditaelo tsa Modimo. Re dira le go tshegetsa dikgolagano le Modimo tse di gogelang thata ya ga Jeso Keresetse mo matshelong a rona. Re dira ditiro tsa motho, tsa bonosi tsa boineelo, jaaka go rapela, go itima dijo, le go sekaseka dikwalo tse di boitshepo. Re dira le gone ka tumelo, re tsibogela kaelo ya semowa e re e amogelang. Re ipaakanyetsa ka tlhoko le go ja sakaramente ka tshwanelo. Fa re dira jalo, Mmoloki o nna wa tlhomamo mo matshelong a rona, fela jaaka a ne a le wa tlhotlhoma mo go Moroni, yo o neng a na le tumelo e e tsepameng mo go Jeso Keresete. Moroni o ne a itse gore o ka ikaega ka Mmoloki ka kaelo le kgololesego (bona Alema 48:16). Le rona, re ka ikaega mo go Jeso Keresete go re kaela le go re golola.
Re ka ipaakanya gape ka go nonotsha malwapa a rona. Rara wa rona wa Legodimo o re rulagantse ka malwapa go re thusa gore re itumele le go ithuta ka fa re ka boelang kwa go Ene ka teng. Malwapa a rona a ka nna motswedi wa thuso mo go rona. Rotlhe re ka utlwa boitumelo le lorato ka go gakololegelwa gore re karolo ya lelwapa le legolo la Modimo, go sa re sepe dieemo tsa malwapa a rona.
Rotlhe re ka amogela maatla re bo re ipaakanyetsa dintwa tsa semowa fa re tsena mo ditshabeng tsa baitshephi. Mamapo a rona le di dikgaolo tsa rona di re neela lefelo la botshabelo le tshireletso. Re fepana semowa, re thusana go tshegetsa ditaelo tsa Modimo, gape re rotloetsana go ikaega ka Keresete, ka metlha le segolo-bogolo ka nako tsa dikgwetlho. Fa re kokwaana, re lemoga gore ga re lwe dintwa tsa rona re le nosi. Re na le ditsala. Baruta-bana, le baeteledipele ba ba ka re thusang le go re babalela. Rotlhe re nonofile thata fa re ipaakanya mmogo.
Se se gakgamatsang, Moroni o ne a amanya jotlhe boitumelo jwa batho ba gagwe le go nna boammaaruri mo tumelong ya bone mo Modimong le mo bodumeding jwa bone. Jaaka Moroni, re tshwanetse go lemoga gore boitumelo bo tla ka ntlha ya Rara wa Legodimo le togamaano ya Gagwe le ka ntlha ya ga Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe. Jaaka re tlhaloganya boikaelelo jwa rona, re loga maano a katlego, re bo re ipaakanyetsa dintwa tsa tshwantshanyo, re amogela thuso ya selegodimo le thata.
Jaaka Moroni, ke itse gore Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba tlisa kgololesego ya bofelo mo bokgobeng—kgololesego mo losong le sebe. Ba re segofatsa ka thata ya Bone fa re leba kwa go Bone mo dilong tsotlhe.
© 2024 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe ko USA Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Kgwedi le kgwedi ya Molaetsa wa Liahona, Phatwe 2024. Tswana. 19294 763