Mission Callings
Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha


“Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha,” Rera Efangele ya Me: Kaelo ya go Abelana Efangele ya ga Jeso Keresete (2023)

“Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha,” Rera Efangele ya Me

Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha

Moanamisa Efangele ka Rona yoo rategang:

Re go akgolela tshono e kgolo e o nang le yone ya go nna moanamisa efangele wa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Ga go na tiro epe e e botlhokwa go feta ya go phutha Iseraele.

Rera Efangele ya Me e diretswe go go thusa go nna moanamisa efangele yo o ipaakantseng botoka, yo o godileng thata mo semoweng. Gape go ikaeletswe gore e go thuse go nna moruti yo o tlhaga thata. Re go tlhotlheletsa go e dirisa letsatsi le letsatsi go ithutuntsha ka bowena le mopati wa gago. Gape re go rotloetsa go e dirisa mo dikopanong tsa kgakololo tsa kgaolo le dikhonforence tsa kgaolo. Ithutuntshe dikwalo tse di boitshepo tse di umakilweng mme o ithute dithuto le melawana.

Re go laletsa gore o nne le maitlamo a masha a go thusa Rara wa rona wa Legodimo mo tirong ya Gagwe e e galalelang. Moanamisa efangele mongwe le mongwe o na le karolo e e botlhokwa mo go thuseng Morena mo tirong ya Gagwe “go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho” (Moshe 1:39).

Morena o tlaa go segofatsa jaaka o ineela ka boikokobetso go Mo direla. A o bone boipelo jo bogolo le boitumelo jaaka o dira mo gare ga bana ba ga Rara wa Legodimo.

Boporesidente jwa Ntlha

Gatisa