Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 118


Tsetlana 118

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Far West, Missouri, Phukwi 8, 1838, e le phetolo ya thapelo ya mokokotelo, “Re supegetse thato ya gago, Ao! Morena, mabapi le ba ba Lesome le Bobedi.”

1–3, Morena o tlaa tlamela ba malwapa a ba ba Lesome le Bobedi; 4–6, Ditiro mo go ba ba Lesome le Bobedi di a tladiwa.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena: A khonforense e tshwarwe ka bonako; a ba ba Lesome le Bobedi ba rulagangwe; mme a banna ba tlhomiwe go tsaya bonno jwa bao ba weleng.

2 A motlhanka wa me Thomas a sale lobakanyana mo lefatsheng la Sione, go anamisa lefoko la me.

3 A masalela a tswelele go rera go tswa mo oureng e, mme fa ba ka dira se ka boikokobetso jwa pelo, ka bopelonolo le boikokobetso, le bopelotelele, Nna, Morena, ke ba neela tsholofetso gore Ke tlaa tlamela malwapa a bone; mme ba tlaa bulelwa kgoro e go nang le tiro mo go yone, go tswa fa.

4 Mme dikgakologo tse di latelang a ba tsamaye go kgabaganya metsi a magolo, mme koo ba bolele efangele ya me, botlalo jo bo mo go yone, mme ba supe tshupo ya leina la me.

5 A ba tlogele baitshepi ba me mo toropong ya Far West, ka letstsi la bo masome a mabedi le borataro la Moranang yo o latelang, mo sebateng sa kago ya ntlo ya me, go bua Morena.

6 A motlhanka wa me John Taylor, mme le ene motlhanka wa me John E. Page, le ene motlhanka wa me Wilford Woodruff, le ene motlhanka wa me Willard Richards, ba tlhomiwe go tlatsa bonno jwa bao ba ba weleng, mme ba itsisiwe semmuso ka go tlhomiwa ga bone.