Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 22


Tsetlana 22

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Manchester, New York, Moranang 16, 1830. Tshenolo e e ne e neetswe Kereke ka ntlha ya bangwe ba ba neng ba kolobeditswe go le pele ba eletsa go lomagana le Kereke kwa ntle ga go kolobediwa gape.

1, Kolobetso ke kgolagano e ntsha le e e sa khutleng; 2–4, Kolobetso e e dirwang ka taolo e e siameng e a tlhokega.

1 Bonang, ke a lo raya gore dikgolagano tsotlhe tse di kgologolo ke dirile gore di emesiwe mo selong se; mme se ke kgolagano e ntsha le e e sa khutleng, le e leng eo e e neng e tswa kwa tshimologong.

2 Ke gone, le fa motho a ka kolobediwa ga lekgolo ga go mothuse ka sepe, gonne ga lo ka ke lwa tsena ka kgoro e e pitlaganeng ka molao wa ga Moše, le fa e la ka ditiro tsa lona tse di suleng.

3 Gonne ke ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di suleng gore ke bo ke dirile gore kgolagano e ya bofelo le kereke e ke di agelwe, fela jaaka mo malatsing a bogologolo.

4 Ke gone, tsenang ka kgoro, jaaka ke laetse, mme se batleng go gakolola Modimo wa lona. Amene.