2023
Akanya ka Selesetiale!
Ngwanatsele 2023


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Ngwanatsele 2023

Akanya ka Selesetiale!

boitshenkelo jwa gago bo tlaa tlhomamisa kwa o tla tshelang teng go ya ka bosakhutleng, le mofuta wa mmele yo o tla tsosiwang o le mo go one, le bao ba o tla tshelang le bone ka bosenang bokhutlo.

Bakaulengwe le bokgaitsadiake ba ba rategang, ke itumetse thata go bua le lona gompieno. Mo dingwageng tsa me, letsatsi lengwe le lengwe le lesha le tlisa dikgwetlho le maitemogelo a a gakgamatsang. Beke tse tharo tse di fetileng, Ke gobaditse mesifa ya mokwatla. Jalo, le fake neetse dipuisano tse fetang 100 tsa khonforense ya kakaretso ke eme, gompieno Ke akantse gore ke tlaa dira jalo ke ntse fatshe. Ke rapela gore Mowa o tle o tsenye molaetsa wa me mo dipelong tsa lona gompieno.

Mo bosheng ke ketekile letsatsi la me le matsalo la bo 99 mme jaana ke simolola ngwaga wa me wa bo 100 wa go tshela . Gantsi ke botswa sephiri sa go tshela lobaka lo loleele jaana. Potso e botoka e ka nna “Ke ithutile eng mo dingwageng tse di ka nnang lekgolo tse ke di tshetseng?”

Nako gompieno ga e ntetlelele goaraba potso eo ka botlalo, mme a nka abelana e le nngwe ya dithuto tse di botlhokwa thata tse ke di ithutileng.

Ke ithutile gore togamaano ya ga Rara wa Legodimo ka rona ya gakgamatsa, gore se re se dirang mo botshelong jo se botlhokwa thata, le gore Tetlanyo ya Mmoloki ke yone e e dirang goretogamaano ya ga Rara e kgonege.1

Fa ke ntse ke lwantshana le botlhoko jo bo bogolo jo bo dirwang ke go gobala ga me ga bosheng, Ke ne ka utlwa kananelo e boteng le go feta ka Jeso Keresete le neo e e sa tlhalogasannyegeng ya Tetlanyo ya Gagwe. Akanyang ka se! Mmoloki o bogile “matlhoko le dipitlagano le diteko tsa mofuta mongwe le mongwe”2 gore A tle a re gomotse, a re fodise, a re falotse mo dinakong tsa letlhoko.3 Jeso Keresete o tlhalositse maitemogelo a Gagwe mo Gethesemane le mo Mokgorong: “Go boga goo go ne ga dira gore nna, e bong Modimo, yo mogolo go feta botlhe, ke rorome ka ntlha ya botlhoko, le go tshologa madi mo lerobeng lengwe le lengwe.”4 Kgobalo ya me e dirile ke akanye gangwe le gape ka “bogolo jwa Yo o Boitshepo wa Iseraele.”5 ka nako ya pholo ya me, Morena o bonaditse thata ya Gagwe ya selegodimo ka ditsela tsa kagiso le tse di sa belaetseng.

Setshwantsho
Part of a worldwide series of photographs taken in connection with General Conference. September 30 - October 1, 2023. Pictures were taken in Peru.

Peru

Ka ntlha ya Tetlanyo ya ga Jeso Keresete e e senang selekanyo, togamaano ya ga Rara wa Legodimo ke togamaano e e itekanetseng! Go tlhalogangwa ga togamaano e e gakgamatsang ya Modimo go ntsha masaitsiweng mo botshelong le go sa tlhomamisege ka isago ya rona. E re letla rotlhe go itshenkela ka fa re tla tshelang ka teng mo lefatsheng le kwa re tla tshelang teng ka bosenang bokhutlo. Kakanyetso e e lolea ya gore re tshwanetse “go ja, go nwa, le go ipela, gonne kamoso re a swa: mme go tlaa re siamela”6 ke nngwe ya maaka a a sa utlwaleng go gaisa otlhe mo lefatsheng.

Fano ke dikgang tse dikgolo tsa togamaano ya Modimo: dilo tota tse di tla dirang botshelo jwa gago jwa go swa botoka go jo bo ka nna jone tota ke tse di tshwanang le dilo tse di ka dirang botshelo jwa gago ka bosakhutleng jotlhe go nna molemo jo bo ka nna jone! Gompieno, go le thusa go fitlhelela masego a mantsi a Rara wa Legodimo a go boloketseng one, Ke go laletsa gore lo dirise mokgwa wa go “akanya ka selesetiale”!7 Go akanya selesetiale go raya go nna le mogopolo wa semowa. Re ithuta go tswa mo go moporofeti Jakobe wa Buka ya ga Momone gore “go nna le tlhaloganyo ya semowa ke botshelo jo bosakhutleng.”8

Setshwantsho
Part of a worldwide series of photographs taken in connection with General Conference. September 30 - October 1, 2023. Pictures were taken in Utah.

United States

Botshelo jwa rona jwa go swa ke thuto ya maemo a a kwa godimo ya go ithuta go itshenkela dilo tse di botlhokwa thata tsa bosakhutleng. Batho ka bontsi ba tshela jaaka e kete botshelo jo ke bone fela jo bo leng teng. Le fa gontse jalo, boithshekelojwa gago gompieno bo tla tlhotlhomisa dilo tse tharo: kwa o tla tshelang teng go ya ka bosakhutleng, mofuta wa mmele o o tlaa tsosiwang o le mo go one, le bao o tlaa tshelang le bone ka bosenang bokhutlo. Ka jalo akanya ka selesetiale!

Mo molaetseng wa me wa ntlha jaaka Poresidente ya Kereke, Ke le rotloeditse go simolola ka bokhutlo mo tlhaloganyong. Se se raya go dira bogosi jwa selesetiale phitlhelelo ya gago ya bosakhutleng mme ka kelotlhoko o akanyetse kwa nngwe le nngwe ya ditshwetso tsa gago fa o santse o le fano mo lefatsheng di tla go bayang teng mo lefatsheng le le latelang.9

Morena o rutile gore ke fela banna le basadi ba ba kannweng e le monna le mosadi mo tempeleng, le bao ba ba tshegetsang dikgolagano tsa bone, ba tla nnang mmogo ka bosakhutleng. O ne a re, “Dikgolagano tsotlhe, ditumalano, melao, maikarabelo, maikano, maitlamo, ditiragatso, dikopano, botsalano, kgotsa ditsholofelo, tse di sa dirwang le go tsena mo go tsone e bile di sa kanwa ka Mowa o o Boitshepo wa tsholofetso … di na le bokhutlo fa batho ba sule.”10

Ka jalo, fa re itshenkela ka boeleele go tshela melao ya thelesetiale jaanong, re itshenkela go tsosiwa ka mmele wa thelesetiale. Re itshenkela go sa tsheleng le malwapa a rona ka bosenang bokhutlo.

Ke gone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, jang le kae le mang yo o batlang go tshela le ene ka bosenang bokhutlo? O tlhoka go itshenkela.11

Fa o dira boitshenkelo, Ke go laletsa go tsaya pono e e telele—pono ya bosakhutleng. Baya Jeso Keresete wa ntlha, gonne botshelo jwa gago jwa bosakhutleng bo ikaegile ka tumelo ya gago mo go Ene le ka Tetlanyo ya Gagwe.12 Le gone e ikaegile ka go obamela ga lona ga melao ya Gagwe. Go obamela go betla tsela ya botshelo jwa boitumelo gompieno le e kgolo, tuelo ya bosakhutleng kamoso.

Fa o lebagana le kakabalo, akanya ka selesetiale! Fa o lekwa ke diteko, akanya ka selesetiale! Fa botshelo kana mongwe yo o mo ratang a go tsholola, akanya ka selesetiale! Fa mongwe a tlhokafala ka pela, akanya ka selesetiale! Fa mongwe a boga bolwetse jo bo maswe, akanya ka dilo tsa selegodimo! Fa dipitlagano tsa botshelo di go dikologa, akanya ka selesetiale! Jaaka o tswa mo kotsing kgotsa kgobalo, jaaka ke dira jaanong, akanya ka selesetiale!

Jaaka o tlhomama mo go akanyeng ka selesetiale, solofela go kopana le kganetso.13 Dingwaga tse di masome tse di fetileng, modiri ka nna o ne a nkgalela go nna le “botempele jo bontsi” mo go nna, le bagolwane ba ka feta bongwe ba ne ba nkotlhaya ka ntlha ya tumelo ya me. Ke a lemoga, le fa gontse jalo, gore go akanya ka selesetiale go tlhotlheleditse tiro ya me.

Jaaka o akanya ka selesetiale, pelo ya gago ka bonya e tla fetoga. O tla batla go rapela gantsi thatale mo go tlhwaafetseng thata. Tswee tswee se letle dithapelo tsa gago go utlwala jaaka nankolo ya go reka. Tebelelo ya Morena e feta botlhale jwa nama. Dikarabo tsa Gagwe tsa dithapelo tsa gago di ka go gakgamatsa mme di tla go thusa go akanya ka selesetiale.

Akanya ka karabo ya Morena mo go Joseph Smith fa a ne a kopa thuso kwa kgolegelong ya Liberty. Morena o rutile Moporofeti gore go sa tshwarwa sentle ga gagwe go tla mo neela maitemogelo le go mo direla molemo.14 “Fa o di itshokela sentle,” Morena a solofetsa, “Modimo o tla go godia kwa legodimong.”15 Morena o ne a ruta Joseph go akanya ka selesetiale le go lebelela tuelao ya bosakhutleng go na le go lebelela mo mathateng a a botlhoko a letsatsi. Dithapelo tsa rona di ka nna—ebile ditshwanetse go nna— dipuisanyo le Rara wa Legodimo.

Jaaka o akanya ka selesetiale, o tla iphitlhela o tila sengwe le sengwe se se go tseelang boikgethelo jwa gago. Nngwe le nngwe tshwakgolo—e ka nna go tshameka, go betšha mataese, sekoloto, diritibatsi, bojalwa, bogale, ditshwantsho tsa thobalano, thobalano, kgotsa le ge ele dijo—dikgopisa Modimo Ka go reng? Ka ntlha ya gore se o se ratang go fitisa e nna modimo wa gago. O leba kwa go sone go na le kwa go Ene go batla kgomotso. Fa o tshwenngwa ke go tshwakgoga, batla thuso ya semowa le ya bo itsiyanape e o e tlhokang. Tswee tswee se letle go rata go gaisa go go utswela kgololosego ya gago ya go sala morago togamaano e e gakgamatsang ya Modimo

Go akanya ka selesetiale le gone go tla go thusa go obamela molao wa boitsholo jo bo itshekileng. Dilo di se kae di tlaa thatafatsa botshelo jwa gago ka bonako go feta go tlola molao o wa selegodimo. Go bao ba ba dirileng kgolagano le Modimo, boitshekologo ke nngwe ya ditsela tse di bonako tsa go latlhegelwa ke bopaki jwa gago.

Bontsi jwa diteko tse di sa kgaogeng tsa moganetsi di akaretsa go tlola molao wa boitsholo jo bo itshekileng. Thata ya go bopa botshelo ke tšhiamelo e le nngwe ya bomodimo e Rara wa Legodimo a letlelelang bana ba Gagwe ba botshelo jo jwa go swa go e dirisa. Ka jalo, Modimo o ne a baya dikaelo tse di tlhamaletseng go dirisa, thata e ya selegodimo. Thobalano ke fela ya monna le mosadi ba ba nyalaneng.

Bontsi jwa lefatshe ga bo dumele se, mme maikutlo a batho ga se moatlhodi wa boammaaruri. Morena o boletse gore ga gona motho yo o itshekologileng yo a tla amogelang bogosi jwa selesetiale. Ka jalo fa o dira ditshwetso mabapi le boitsholo, tswee tswee akanya ka selesetiale. Mme fa o ne o itshekologile, ke a go kopa ikwaatlhaye. Tlaya kwa go Keresete mme o amogele tsholofetso ya Gagwe ya boitshwarelo jo bo feletseng fa o ntse o ikwaatlhaela dibe tsa gago ka botlalo.16

Setshwantsho
Three young children sit together and watch a session of conference together. Part of a worldwide series of photographs taken in connection with General Conference. September 30 - October 1, 2023. Pictures were taken in Denmark.

Denmark

Fa o ntse o akanya ka selesetiale, o tla leba diteko le kganetso ka tselae nsha. Fa mongwe yo o mo ratang a tlhaselagarumela boammaaruri, akanya ka selesetiale, mme o se belaela bopaki jwa gago. Moaposetole Paulo o porofetile gore “mo malatsing a bofelo bangwe ba tla tswa mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e raelang, le dithuto tsa bodiabolo.”17

Ga gona bokhutlo jwa ditsietso tsa moganetsi. Tswee tswee ipaakanye. o seka wa tsaya kgakololo mo go ba ba sa dumeleng ka gope. Batla kaelo go tswa mo mantsweng a o ka a tshephang—go tswa baporofeting, balebi, le basenodi le go tswa mo tlhotlheletsong ya Mowa o o Boitshepo, o o “tlaa go bontshang dilo tsotlhe tse o tshwanetseng go di dira.”18 Tswee tswee dira tiro ya semowa go oketsa nonofo ya gago ya go amogela tshenolo.19

Jaaka o akanya ka selesetelia, tumelo ya gago e tla oketsega. Fa ke le moithuti wa tiro, dituelo tsa me ka kgwedi e ne e le $15. Bosigo bongwe, mosadi wa me Dantzel a botsa gore a ke ntsha tsa bolesome mo mading a mannye ao. Ke ne ke sa ntshe. Ka bonako ka ikwaatlhaya mme ka simolola go ntsha $1.50 ka kgwedi wa tsa bolesome.

A Kereke e e ne e farologane gonne re ne ra oketsa ditsa bolesome tsa rona? Le e seng. Le fa gontse jalo, go nna motho yo o ntsha tsa bolesome ka botlalo go ne ga mphetola. Ke gone ke neng ka ithuta gore go ntsha tsa bolesome ke ka ga tumelo, e seng madi. Jaaka ke ne ke nna motho yo o ntsha tsa bolesome ka botlalo, dikgoro tsa legodimo di ne tsa simolola go mpulegela. Ke kaela menyetla e mentsi ya morago-rago ya boitseanape mo go ntsheng ga rona ga tsa bolesome ka boikanyego.20

Go ntsha tsa bolesome go tlhoka tumelo, mme le gone go aga tumelo mo Modimong le mo go Morwa wa Gagwe yo o Rategang.

Go itshenkela go tshela botshelo jwa bomolemo mo lefatsheng la thobalano, sepolotiki go aga tumelo.

Go tsaya nako mo tempeleng go aga tumelo. Le tirelo ya gago le go obamela mo tempeleng go tlaa go thusa go akanya ka selesetiale. Tempele ke lefelo la tshenolo. Koo o bontshiwa ka fa o ka tswelelang pele go ya botshelong jwa selesetiale. Koo o atamelana le Mmoloki le go neelwa kgonagalo e kgolo ya thata ya Gagwe. Koo o a kaelwa mo go rarabololeng mathata mo botshelong jwa gago, le fa e le mathata a a akabatsang thata.

Ditao le dikgolagano tsa tempele ke tsa botlhokwadi na le boleng jwa bosakhutleng. Re tswelela ka go aga ditempele go dira gore menyetla ena e e boitshepo e nne nnete mo matshelong a mangwe le mangwe a lona. Re itumelela go itsise maikaelelo a rona a go aga tempele mo mangwe le mangwe a mafelo a 20 a a latelang:

  • Savai’i, Samoa

  • Cancún, Mexico

  • Piura, Peru

  • Huancayo, Peru

  • Viña del Mar, Chile

  • Goiânia, Brazil

  • João Pessoa, Brazil

  • Calabar, Nigeria

  • Cape Coast, Ghana

  • Luanda, Angola

  • Mbuji-Mayi, Democratic Republic of the Congo

  • Laoag, Philippines

  • Osaka, Japan

  • Kahului, Maui, Hawaii

  • Fairbanks, Alaska

  • Vancouver, Washington

  • Colorado Springs, Colorado

  • Tulsa, Oklahoma

  • Roanoke, Virginia

  • Ulaanbaatar, Mongolia

Morena o re kaela go aga ditempele tse go re thusa go akanya ka selesetiale. Modimo o a tshela. Jeso ke Keresete. Kereke ya Gagwe e tsosolositswe go segofatsa bana botlhe ba Modimo. Ke paka jalo mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Dintlha

  1. Bona Johane 6:38.

  2. Alema 7:11.

  3. Bona Alema 7:12.

  4. Dithuto le Dikgolagano 19:18.

  5. 2 Nefi 9:40.

  6. 2 Nefi 28:7

  7. Go kaiwa go le motlhofo go ikwaatlhaya le go tswelela semowa fano, fa mowa wa rona o kopane le mmele wa rona, go na le mo lefatsheng le le latelang fa gare ga nako ya fa re swa le fa re tsosiwa. Jaaka Amuleke a ruta baitimokanyi ba Basoramo, “Botshelo jo ke motlha … wa go ipaakanyetsa go kopana le Modimo” (bona Alema 34:32–35).

  8. 2 Nefi 9:39.

  9. Bona Mosia 4:30, koo Kgosi Benjamine a neng a tlhagisa batho ba gagwe, “fa lo sa ikele tlhoko, le dikakanyo tsa lona, le mafoko a lona, le ditiro tsa lona, mme lwa tlhokomela ditaelo tsa Modimo, mme lwa tswelela mo tumelong … , lo tshwanetse go nyelela.”

  10. Dithuto le Dikgolagano 132:7; kgatelelo e tsentswe.

  11. Ka gone, boikgethelo jwa gago ga bo kake jwa sutlha boikgethelo jwa yo mongwe le ditlamorago tsa jone. Ke ne ke labalabela go kannwa mo batsading ba me. Le fa gontse jalo, Ke ne ka tlhoka go ema go fitlhela ba itshenkela go neelwa dineo tsa tempele, fa ba le dingwaga tse di fetang 80. Ke gone ba kanwa jaaka monna le mosadi, mme le rona bana ra kanelwa mo go bone.

  12. Dikwalo tse di boitshepo di boeletsa bopaki jwa gore neo ya botshelo jo bosakhutleng e kgonega fela ka tshwanelo, kutlwelobotlhoko, le letlhogonolo la Mmoloki Jeso Keresete (bona, sekai, Moroni 7:41; bona gape 2 Nefi 2:6–8, 27).

  13. Bona 2 Nefi 2:11.

  14. Bona Dithuto le Dikgolagano 122:7.

  15. Dithuto le Dikgolagano 121:8.

  16. Bona Isaia 1:16–18; Dithuto le Dikgolagano 58:42–43.

  17. 1 Timotheo 4:1. Temana e e latelang e a tswelela, “Ba bua maaka ka boitimokanyi, digakolodi tsa bone di besitswe ka tshipi e bolelo” (temana 2). Le gone Paulo o boletse gore botlhe ba ba “tshelang semodimo mo go Keresete Jeso ba tla boga pogisego” (2 Timotheo 3:12).

  18. 2 Nefi 32:5; kgatelelo e tsentswe. Fa re kopa, re ka “amogela tshenolo mo tshenolong, kitso mo kitsong” (Dithuto le Dikgolagano 42:61).

  19. Bona Russell M. Nelson, “Revelation for the Church, Revelation for Our Lives,” Ensign kgotsa Liahona, Motsheganong 2018, 96.

  20. Se ga se kae botsalano jwa tiragalo-le-maduo. Bangwe ba ba iseng ba ntshe tsa bolesome ba amogela menyetla ya boitsiyanape, fa bangwe ba ba ntshang tsa bolesome ba sa fitlhelele. Tsholofetso ke gore dikgoro tsa legodimo di tla bulegela moneedi wa tsa bolesome. Tlholego ya ditshegofatso e tla farologana.

Gatisa