2023
Magosi a Kgalalelo
Ngwanatsele 2023


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2023

Magosi a Kgalalelo

Dikinolo

Setshwantsho
alt text

Madagascar

Thuto e e senotsweng ya Kereke e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete e ruta gore bana botlhe ba Modimo—kwa ntle fela le fa go na le dikganetso tse dinnye thata go ka di sekaseka fano—kgabagare ba tla rua nngwe ya magosi a mararo a kgalalelo, le fa ele go le gonnye fela “go go gaisang go tlhaloganya gotlhe” [Dithuto le Dikgolagano 76:89. …

Thuto e nngwe e e kgethegileng le tiragatso ya Kereke e e tsosolositsweng ke ditaelo le dikgolagano tse di senotsweng di fa bana botlhe ba Modimo tshiamelo ya go fitlhelela selekanyo se se kwa godimo sa bogosi jwa selesetiale. Phithelelo e e kwa godimo e—kgalalelo ya bosakhutleng mo bogosing jwa selesetiale—ke maikaelelo a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. …

… mo kgalalelong ya “selesetiale” go na le maemo a mararo, a mo go one e e kwa godimodimo ke kgalalelo ya bosakhutleng mo bogosing jwa selesetiale. …

Togamaano ya Modimo, e e tlhomilweng mo boammaaruring jwa bosakhutleng, e tlhoka gore kgalalelo ya bosakhutleng e ka fitlhelelwa fela ka boikanyego mo dikgolaganong tsa lenyalo la bosakhutleng fa gare ga monna le mosadi mo tempeleng e e boitshepo, lenyalo le kgabagare le tla nnang teng mo go botlhe ba ba boikanyego. …

Katlholo ya Bofelo ga se fela go sekaseka ya ditiro tse di molemo le tse di bosula—tse re di dirileng. Go ikaegile ka maduo a bofelo a ditiro le dikakanyo tsa rona—se re nnileng sone. Re fitlhelela botshelo jo bosakhutleng ka tsamaiso ya tshokologo. …

Ka ntlha ya ga Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe, fa re tlhaela mo botshelong jo, re ka ikwaatlhaya le go boela mo tseleng ya kgolagano e e isang kwa go se Rara wa Legodimo a re eleletsang sone.

Gatisa