2023
Mopati wa Rona wa Nako Tsotlhe
Ngwanatsele 2023


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2023

Mopati wa Rona wa Nako Tsotlhe

Dikinolo

Setshwantsho
alt text

Re tlhoka, ebile o tlaa tlhoka, bopati jwa nako yotlhe jwa Mowa o o Boitshepo. Jaanong, re a bo eletsa, mme re a itse go tswa mo maitemogelong gore ga go motlhofo go go fitlhelela. Rotlhe re akanya le go bua le go dira dilo mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi tse di ka kgopisang Mowa.

Fa se se diragala, jaaka go tla nna, re ka utlwa re sa letlelesege mo Moreneng. Mme re ka nna ra raelesega go ikutlwa re le nosi. …

Fa o iphitlhela o na le bothata go utlwa Mowa o o Boitshepo, o ka tlhatlhanya gore a go na le sengwe se o ka se ikwaatlhaelang mme o amogele boitshwarelo. O ka rapela ka tumelo go itse se o tshwanetseng go se dira gore o ntlafadiwe mme jaana o batlile o tshwanelwa ke go nna le mopati wa nako yotlhe wa Mowa o o Boitshepo.

Fa o batla go amogela bopati jwa Mowa o o Boitshepo, o tshwanetse go bo batlela mabaka a a siameng. Maikaelelo a gago e tshwanetse go nna maikaelelo a Morena. Fa dikeletso tsa gago e le bohula, o tla bona go le thata go amogela le go utlwa ditlhotlheletso tsa Mowa.

Konokono mo go nna le wena ke go batla se Mmoloki a se batlang. Dikeletso tsa rona ditlhoka go gogiwa ke lorato la ga Keresete lo lo itshekileng. …

Mowa o o Boitshepo o romelwa go maloko a kgolagano a a ikanyegang a Kereke ya ga Jeso Keresete. Jaanong, maitemogelo a gago a tla nna a a kgethegileng, mme Mowa o tla go kaela ka tsela e e siametseng go tumelo ya gago le nonofo go ikamogella tshenolo le bao o ba ratang le go ba direla. Ke rapela ka pelo ya me yotlhe gore bopelokgale jwa gago bo gole.

Gatisa