2010
Masego a gago a Bopatriaka
Tlhakole 2010


bonana

Masego a Gago a Bopatriaka

Moporesidente Monson o kaya fa masego a bopatriaka e le “Liahona ya gago go supa tsela le go go etelela pele.” Jaanong, ke eng masego, e bile a ka thusa jang go etelela pele botshelo jwa gago?

Masego a bopatriaka ke eng?

Masego a gago a na le mesola e mebedi. Wa ntlha, ke go go bontsha letso la gago, kgotsa gore o wa ofe morafe mo ntlong ya ga Iseraela. Wa bobedi, a na le kitso e e tlaa thusang go go kaetsa tsela. Masego a gago a ka tswa a na le ditshepiso,dikaedi le ditlhagiso.

Ke tshwanetse ka bo ke le dingwaga di le kae go fiwa masego ame?

Ga gona dingwaga tsedi beilweng, mme o tshwanetse wa bo o lekane go ka somarela boitshepo jwa masego ao. Maloko a le mantsi a simolola go akanya go tsaya masego abone ba setse ba le mo dingwageng tsa ntlha tsa bonana.

Ke amogela jang masego a?

Simolola pele ka go bua le bishopo wa gago kgotsa moporesidente wa lekalana la gago. Fa o ipaakantse e bile o lebane, o tlaa neelwa teseletso. Morago ga moo, o ka baya nako go kopana le patriaka wa mo kgaolong ya gago.

Ke dira eng ka pampiri ya masego ame?

E beye mo lefelong le le bolokesegileng, mme o e bale kgapetsa. Gakologelwa, masego a gago a boitshepo e bile ke a gago fela. O ka a balela ba lelwapa la gago, mme ga o a tshwanela go a bala mo pontsheng. Gape, masego otlhe a a nankotsweng mo pampiring eo a diragadiwa fela ka tumelo ya gago le ka nako e Morena a e ratang.

Gatisa