2010
Go Ipaakanya ka Semowa
Tlhakole 2010


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Tlhakole 2010

Go Ipaakanya ka Semowa

Kgakololo Go Tswa Moporofiteng wa Rona

Motheo wa Tumelo

“Fa re sena motheo o o boteng wa tumelo le bopaki jo bo tsepameng jwa nnete, re ka nna le bothata jwa go iphemela mo matsubutsubung a a bogale a mmaba a a mongwe le mongwe wa rona a tsileng go kopana le one.

“Botshelo jwa senama ke nako ya teko, nako ya gore re itshupe gore re lekane go boela kwa bonnong jwa Rraetsho yo o kwa Legodimong. Gore re lekiwe, re tshwanetse ra lebana le dikgwetlho le boima. Dilo tse di ka re koafatsa, mme mewa ya rona ya ranyega ya wela fa fatshe — fela fa motheo wa tumelo ya rona le bopaki jwa rona jwa nnete di sa ikepela kwa boteng jwa rona.”1

Ithute Go Tswa Dithutong tsa Ditso

“Mo go senkeng boleng jwa rona jo bo faphegileng, dipotso di le mmalwa di laola dikakanyo tsa rona: A ke se ke batlang go nna sone? A ke gaufi le Mmoloki gompieno go gaisa maabane? A ke taa bo ke le gaufi le go fitisa kamoso? Ke na le bopelokgale jwa go ka fetoga go nna botoka? …

“Dingwaga di tsile tsa bo tsa tsa feta, mme go nna le bopaki jwa efangedi go ntse go botlhokwa fela thata. Fa re ntse re gogela mo isagong, ga re a tshwanela go ikgatlholosa dithuto tsa ditso.”2

Liahona ya Gago

“Masego a gago a bopatriaka ke a gago o le nosi. A ka tswa a le boripana kgotsa maleele, a le motlhofo kgotsa a makatsa. Boleele le puo ga di dire masego a bopatriaka. Ke Mowa o o bontshang bokao jwa nnete. Pampiri e go kwaletsweng masego ao, ga e a tshwanelwa go menwa ya bo e beelwa kgakala. Ga e ya tshwanelwa go bewa mo mekgabiseng kgotsa ya gatisiwa. Mme, e tshwanetse ya balwa. E tshwanetse go ratiwa. E tshwanetse go salwa morago. Masego a gago a bopatriaka a tlaa go tshedisa mo dinakong tsa lefifi le le golo. A tlaa go etelela pele mo dipharagobeng tsa botshelo. … Mmasego a gago a bopatriaka ke Liahona ya gago go supa tsela le go go etelela pele. …

“Bopelotelele bo a tlhokega jaaka re leba, re letla, e bile re bereka gore masego a a tshepisitsweng a diragale.”3

Tlayang Go Ene

“Gakologelwang gore ga le tsamae le le nosi.… Jaaka le tsamaya mo botshelong, le tsamaeleng leseding ka nako tsotlhe, jalo meriti ya botshelo e tla wela kwa morago ga lona. …

“Fa ke lebelela mo lefokong le le boitshepo ke batla tshedimoso, lefoko lengwe le itshupile kgapetsa kgapetsa. Lefoko leo ke ‘tlaya.’ Morena o rile, ‘Tlayang go nna.’ O rile, ‘Tlayang le ithute ka nna.’ O buile gape a re, ‘Tlayang le ntshale morago.’ Ke rata lefoko leo, tlaya. Kopo yame ke gore re yeng kwa Moreneng.”4

Dintlha

  1. “How Firm a Foundation,” Liahona, Nov. 2006, 62.

  2. “Becoming Our Best Selves,” Liahona, Motsheganong. 2006, 3, 5.

  3. “Your Patriarchal Blessing: A Liahona of Light,” Ensign, Ngwanatsele. 1986, 66.

  4. 16-stake fireside, Brigham Young University, Ngwanatsele. 16, 1986.

Go ruta go tswa mo Molaetseng o

Teaching, No Greater Call ya re: “Morutuntshi yo o nang le botsipa ga a ipotse, … ‘Ke tlaa ruta eng gompieno?’ mme botoka a re, ‘Ke tlaa ruta jang baithuti bame se ba tlhokang go se itse?’” ([1999], 61). Go thusa batho go ithuta go tswa mo pading e, akanyetsa go ba neela pampiri le dipensele o bo o ba fa nako ya go bala mafoko a ga moporesidente Monson le go kwala nnete e ba e lemogang mo teng ka go ipaakanya semowa. Bana ba ba nnye ba ka tshwantsha ditshwantsho ka ga se ba se ithutang. Akanyetsa go ba letlelela gore ba amogane se ba se kwadileng kgotsa se ba se tshwantshitseng.

Gatisa