2010
Ke Eng se eleng Bontle jwa Mmannete?
Seetebosigo 2010


bonana

Ke Eng se eleng Bontle jwa Mmannete?

Mopresidente Monson are mo molaetseng o, “Mo lefatsheng la rona, botho jwa tshiamo gantsi bo tsewa bole kwa tlase ga bontle kgotsa kgogedi.” Makgarejwana a ka nna a sokola ka setshwano sa gore ke bone bo mang le gore ba ka nna eng. Sekaseka kakanyo ya bontle jwa nnete gotswa go Mogolwane Lynn-G. Robbins wa bao ba ba bosupa:

  • Lekgarejwane le sefatlhego sa gagwe is phatshimang ka gotlhe boitumelo le kgalalelo ya bomolemo bo bontshang bontle jwa mo teng.

  • Monyenyo wa bomolemo ke bontle jwa nnete jaaka fa bo galalela gotlhe ka tsela ya tlholego. Bontle jo jwa nnete ga bo kake jwa takiwa mme ke mpho ya Semowa.

  • Boitshwaro sentle ke sekao sa kwantle mme se tlhokana le bontle jwa ka kwa teng.

  • Fa o nyemile moko ka ditebego tsa gago, go ka thusa gore o ipone ka matlho a bao ba go ratang. Bontle jo bo iphitlhileng bo bonwa ke bao ba ba go ratang e ka nna seipone go tokafatso ya bowena.

  • Monna yo mosadi yo molemo a batlang go mo nyala gape “a sa bone” jaaka monna wa selefatshe a bona (bona 1 Samuel 16:7). O tlaa gogelwa ko bontleng jwa nnete jo a bo bontshang gotswa mo pelong e e thamileng ele sekono. Seo se nnete mo kgarejwaneng e e senkang monna yo o molemo.

  • Rraetsho yo o kwa Legodimong o solofetse bana ba Gagwe botlhe gore ba itlhophele tshiamo, se eleng tsela ka bonosi e e isang kwa boitumelong jo bo yang bosakhutlheng le bontle jwa ka kwa teng.

  • Le Morena, ga gona dikgaisanyo. Botlhe bana le tshono e e tshwanang ya go nna le setshwano sa Gagwe gore se bewe mo difatlhegong tsa bone (bona Alma 5:19). Ga go na bontle jo bo gaisang.

Go bala molaetsa otlhe, bona Lynn-G. Robbins, “True Beauty,” New Era, Nov. 2008, 30. Makawana a ka bona kgakololo e e tshwanang mo Errol-S. Phippen, “Ugly Duckling or Majestic Swan? It’s Up to You,” Liahona, Oct. 2009, 36.

Gatisa