2010
Khanare ka Boswaana mo Diphukeng
Seetebosigo 2010


Molaetsa wa Bopresidente jwa Ntlha, Seetebosigo 2010

Khanari ka Boswaana mo Diphukeng

Gaufi le dingwaga tse masome marataro tse di fetileng, Ke ne ke direla kele mobishopo yo mmotlana, Kathleen McKee, motlholagadi mo watong yame, o ne a tlhokafala. Mo dilwaneng tsa gagwe go ne gona le khanari tse tharo. Tse pedi ka mmala o serolwane o o tletseng, di ne diya go neelwa ditsala tsa gagwe. Ya boraro, Billie, e ne ena le mmala o serolwana o apesitswe ke o moswaana mo diphukeng. Kgaitsadi McKee o ne a kwadile mo mokwalong go nna: “A wena le lelwapa la gago le modirele legae? Ga a montlentle, mme pina ya gagwe ke e e gaisang.”

Kgaitsadi McKee o ne a tshwana jaaka khanari ya gagwe e serolwana ka boswaana mo diphukeng. O ne a sa segofatswa ka bontle, a filwe bosenang-ditlhong, kgotsa a tlotlilwe ka bana. Mme pina ya gagwe e ne e thusa babangwe gore ka bontsi ba emelele boima jwa bone gape magetla a bone a kgone go tshegetsa dikgwetlo tsa bone.

Lefatshe le tletse ka khanari tse serolwana dina le boswaana mo diphukeng. Maswabi ke gore bale palo potlana bao ba botlhokwa ba ithutile go opela. Bangwe ke batho ba bannye bao ba sa itseng gore ke bo mang, le gore ba ka nna eng kgotsa le gone gore ba batla go nna eng; fela se ba se batlang ke gonna sengwe. Bangwe ba konnwe ke dingwaga, ba imelwa ke tlhokomelo, kgotsa ba tladitswe ke pelaelo-ba tshela matshelo a a kwa tlase kgakala le a ba ka a kgonang.

Go tshela mo gogolo, re tswanelwa ke go dira kgonagalo ya go itebaganya le mathata ka bopelokgale, maswabi ka boitumelo, le go fenya ka boikokobetso. O botsa gore, “Re ka diragatsa dintlha tse jang?” Ke a araba, “Ka go oketsa pono ya nnete ya gore tota re bo mang!” Re barwa le barwaetsana ba Modimo yo o Tshelang, yo ka setshwano sa gagwe re dirilweng ka sone. Akanya ka seo: go dirwa mo setshwanong sa Modimo. Re ka seke ka nnete ra tshegetsa tumelo e re sa ikutlwe re na le kakanyo e boteng ya thata le maatla.

Mo lefatsheng la rona, botho jwa tshiamo gantsi bo tsewa bole kwa tlase ga bontle kgotsa kgogedi. Mme gotswa bogologolong Morena o ne a gakolola Samuele wa moporofeti ka mafoko a a ipoeletsang a a re: “Morena ga a bone jaaka fa motho a bona; gonne motho o bonela kwantle mo ponong, mme Morena o bona mo pelong” (1-Samuel 16:7).

E ne ere fa Mmoloki a batla monna wa tumelo, O ne a sa mo tlhophe gotswa boidiiding jwa bao ba ba itlhophileng basiami bao ba neng ba fitlhelwa kgapetsakgapetsa mo senagogeng. Mme, o ne a ba bitsa gotswa gareng ga batshwara ditlhapi ba Kaperenomi. Mmelaedi, a sa tsena sekolo, mo phadimogi Simone o ne a nna Petoro, Moaposetola wa tumelo. Khanari e serolwane e swaana mo diphukeng e ne e fitlheletse bokgoni jwa Mongwaayone ka botlalo le lorato le le tukang.

E ne ere fa Mmoloki a tlhopha moaanamisa tumelo wa tlhwatlhwa le maatla, O ne a mmona e seng gareng ga ba gagwe mme gareng ga bao ba ba kgatlhanong nae. Saulo mo kgerisi o ne a nna Paulo wa moanamisa foko.

Morekolodi o ne a tlhopha bao ba ba sa tlalang go re ba rute tsela ya go isa tlalong. O dirile jalo nako eo. O dira jalo nako eno-le tota dikhanari tse serolwana le boswaana mo diphukeng. O bitsa nna le wena gore re direle Ene fana fatshe. Tsholofetso ya rona e tshwanetse gore e nne ka botlalo. Mme mo tshokolong ya rona, fa re ka fesa legato, tla re rapeleng: “ Re etelelepele, oh re etelelepele, Wena mmetli o Mogolo wa batho, go tswa mo lefifing go itekalela gangwe gape.”1

Thapelo yame ke gore re tla sala morago sekai sa Monna wa Galalia, yo o a kaneng a bonwa a itshokatshokaditse le batlhoki, le bao ba ba gatakakilweng, ba sutlilwe, le bao ba ba tshwenyegileng. A pina ya nnete e tswe mo dipelong tsa rona jaaka re dira jalo.

Ntlha

  1. “Fight Song,” Sekolo se Segolwane.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Fa o ruta … , gantsi go mosola go dira baithuti gore ba lebe kgotsa ba reetse sengwe se se lebaganyeng” (Teaching, No Greater Call [1999], 55). Go thusa maloko a lelwapa go tlhaloganya molaetsa wa ga Presidente Monson, a kanya go botsa gore ba nne ba ipaakantse go abelana se ba se ithutileng morago ga go bala molaetsa mmogo. Laletsa mongwe le mongwe go abelana se ene a se ikutlwang ele ntlha ya botlhokwa mo temaneng. Swetsa ka go baya bopaki jwa molaetsa wa Mopresidente Monson.

Go ruta lefoko la Modimo, jaaka le rutilwe ke baporofeti ba Gagwe, go ka nna le tlhotlheletso e maatla mo matshelong a bao re ba rutang (bona Teaching, No Greater Call, 50). Mopresidente Monson o bega gore go na le thata le maatla mo go itseng gore re bana ba Modimo. Morago ga o sena go bala temana e, botsa lelwapa go abelana seo se ba thusang go gakologelwa gore ke bo mang.

Gatisa