2010
Go shahatsa Dikgolagano ka Selalelo
Seetebosigo 2010


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Seetebosigo 2010

Go shahatsa Dikgolagano ka Selalelo

Ruta mafoko a a boitshepo le dinankolo kgotsa, fa go tlhokafala, molawana o mongwe yo o tlaa segofatsang bakaulengwe ba o ba etelang. Fa bopaki ka dithuto. Laletsa ba o ba etelang go abelana maikutlo ka se ba se ithutileng.

Jeso Keresete o Tlhomile Selalelo

“Jeso o ne a tsaya senkgwe, a se segofatsa mme a se ngathogana, mme a se fa Baaposetola ba Gagwe, a re ‘Tsayang lo je’ (Matt. 26:26). ‘Se ke mmele wame yo lo o neetsweng: se se diragatse go nkgakologela’ (Luke 22:19). Mo go se se mabapi o ne a tsaya kopi ya waene, ka ngwao e tlhakantswe le metsi, a bua masego a malebogo go yone, mme a e fitisa go bao ba baneng ba ntse nae, a re. ‘Kopi e ke kgolagano e ntsha mo mading ame,’ ‘ao a abetsweng … go phimolwa ga dibe.’ ‘Se o se dire mo go mo gakologelweng.’ …

“E sale ka maitemogelo a ka kwa kamoreng eo e e kwa godimo ya bosigo gare jwa Gasethemane le Golgotha, bana ba tsholofetso ba sale bana kwa tlase ga kgolagano go gakologelwa setlhabelo sa ga Keresete mo go seo se se sha, se se golo, se se boitshepho le go feta gape le ka tsela ya ka bongwe.”1

Mogolwane Jefrey R. Holland wa khwaramo ya Baaposetola ba ba Lesome le bobedi.

Re Shahatsa Dikgolagano tsa Rona tsa Kolobetso ka Selalelo

“Fa re kolobetswa, re ipha go rona leina le le boitshepo la ga Jeso Keresete. Go ipha go rona leina la Gagwe ke mangwe a maitemogelo a a gaisang a a bonalang a re nang nao mo botshelong. …

“Beke nngwe le nngwe ka phuthego ya selalelo re solofetsa go gakologelwa tefo ya setlhabelo sa Mmoloki wa rona jaaka fa re shahatsa dikgolagano tsa rona tsa kolobetso. Re solofetsa go dira jaaka Mmoloki a dirile — gonna ka kobamelo go Rara le go tshegetsa melao ya Gagwe nako tsotlhe. Masego a re a bonang ka poeletso ke go nna goya goile le Moya wa Gagwe go re o nne le rona.”2

Mogolwane Robert D. Hales wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi.

“Ke ne ke na le mosetsanyana ale dingwaga tse boroba-bobedi ka letsatsi leo la kolobetso ya gagwe. Ka phirimaneng ya lone o ne a re ka bogagagwe, ‘Ke kolobile letsatsi lotlhe, mme ga ke ise ke dire sebe gangwe fela!’ Mme letsati la gagwe la botlalo ga le ise le nnele goisa bosa khutlheng, ke a netefatsa gore jaanong o a ithuta jaanong, fela jaaka fa rotlhe re ithuta, leka bothata jo re bo lekang, ga re nke re fapoga seemo se se sa siamang le ka tshwetso e e fapogileng. …

“…Ga go kgonagale gore re dire diphetogo tsa tlhwaafalo tsotlhe ka bo rona. Dithata tsa boteng jwa rona le tsa dikeletso tsa rona ga di a lekana. Fa re dira phoso kgotsa re itlhophela mo go bokowa, re tshwanetse go nna le thuso ya Mmoloki go re re boele mo tseleng. Re ja selalelo beke le beke go supa tumelo ya rona go maatla a Gagwe go refetola. Re ipobola dibe tsa rona mme re solofetsa go di tlhogela.”3

Julie B. Beck, Moporesidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso.

Dintlha

  1. Jeffrey R. Holland, “This Do in Remembrance of Me,” Ensign, Nov. 1995, 67.

  2. Robert D. Hales, “The Covenant of Baptism: To Be in the Kingdom and of the Kingdom,” Liahona, Jan. 2001, 8.

  3. Julie B. Beck, “Remembering, Repenting, and Changing,” Liahona, May 2007, 110-11.

Dithuso tsa Thuto ya Ketelo

Jaaka fa otla go itse kgaitsadi le lelwapa la gagwe, lebelela ditsela tse o ka di mo thusang go shahatsa dikgolagano tsa gagwe ka selalelo. Fa a sa tle phuthegong ya Selalelo, a o ka mo laletsa gore a tle kgotsa wa fa thuso ya gore a dire jalo (thuso ya dipalamo ka bana, tsala go nna nae, jalo jalo)?

Ipaakanyo ya Gago

Luke 22:19–20

1 Corinthians 11:23–28

3 Nephi 18:1–12

Gatisa