2010
Buka yame ya ga Momone
Lwetse 2010


Bonana

Buka yame ya ga Momone

Ka Phatwe wa 2005, fa Mopresidente Gordon B. Hinckley (1910-2008) a a fa kgwetlho go maloko a Kereke ya go bala Buka ya ga Momone pele ga ngwaga o fela, Ke ne ka itsholofetsa gore ketlaa bala buka yotlhe. Ke ne ke itsanye le dipolelo tse di mo Bukeng ya ga Momone mme kene ke ise ke e bale yotlhe fela go e fetsa. Jaanong kene ke batlile go tshegetsa tsholofetso yame.

Ke ne ke rutilwe go diragatsa mafoko a tumelo mo botshelong jwa me mme ke a dire a eleng a me. Jalo jaaka kene ke bala, kene ka bala mo ditselaneng tsa tsebe se ke neng ke akanya gore kakanyo ya boanelwa bogolo mo tseleng ke efe. Ke ne gape ka sega tsela kafa tlase ga mafoko ao a neng a boelelwa le temana go supa kgatelelo.

Ke ne ka baya leina lame go bapa le maina a a mo mafokong a tumelo go nthusa go gakologelwa gore lefoko la Modimo leo le builweng mo go ba bangwe le ka nna lefoko leo le ka buiwang gonna. Sekai, mo 2 Nephi 2:28 ke ne ka kwala leina lame: “Mme jaanong, [Hillary], ke gore o lebelele mo motshereganying mogolo, mme o reetse mo ditaelong tse dikgolo tsa gagwe.” Ka fa keneng ke dira Buka ya ga Momone yame ka teng, ka fa ke nnileng le boipelo jwa gore ke e bale malatsi otlhe.

Jaaka ke ne ke e bala malatsi otlhe, dithapelo tsame dine tsa utlwiwa ka pelo le bojosi. Ke ne gape ke kgona go ela tlhoko mo dithutong tsame gape ke sala morago ditlhotlholetso tsa Moya go nna tsala ya ba bangwe. Ka bosigo jwa bofelo jwa ngwaga, kene ka feleletsa Buka ya ga Momone.

Kene jaanong ka tlhaloganya bo mosola jwa go bala Buka ya ga Momone yotlhe, go bapisa mafoko a mangwe a tumelo, mme ke batla go dira jalo gantsi mo botshelong jwame.

Gatisa