2010
Buka ya ga Momone jaaka Kaelo go Motho
Lwetse 2010


Molaetsa wa Bopresidente jwa Ntlha, Lwetse 2010

Buka ya ga Momone jaaka Kaelo go Motho

Rotlhe re a ikutlwa, ka nako e e gaisang, keletso ya go boela gae go ya go tshela le Modimo. O re file mpho ya Morwaagwe yo o Rategang jaaka Mmoloki wa rona gore fa tsela le go re ruta gore reka e sala morago jang. O re file baporofeti gore ba supe tsela. Moporofeti Joseph Smith o ne a tlhotlhediwa go ranola mokwalo wa baporofeti eleng Buka ya ga Momone. Ke yone kaelo ya rona e e nepagetseng mo tseleng go ya gae ko Modimong.

Joseph Smith o ne a re ka buka e e tlhokegang e, “Ke boleletse bakaulengwe gore Buka ya ga Momone ke yone e nnete thata mo go epe fela buka mo lefatsheng, le pinagare ya tumelo ya rona, le gore motho a ka atamela go Modimo ka go sala dithuto tsa yone morago, go na le ka epe fela buka e nngwe.”1

Dithuto tsa Buka ya ga Momone ke melao ya Modimo eo e fitlhelwang mo go yone. Melao e mengwe ke e e tlhamaletseng gotswa go Mmoloki ka baporofeti ba gagwe mo go se eleng gore re tshwanetse go se dira le go se re tshwanetseng go nna sone. Buka ya ga Momone e re fa sekai sa Mmoloki go oketsa tumelo ya rona le maikemisetso a go obamela ditaelo tsa gagwe go mo sala morago. Buka e tletse ka dithuto tsa ga Keresete gore kaela. Se ke sekai go tsweng go 2 Nephi:

“[Jeso] o ne a re go bana ba batho: Ntshaleng morago. Ka jalo he, bakaulengwe bame ba ba rategang, a reka sala morago Jeso, fa e se retla bo re rata go tshegetsa ditaelo tsa ga Rara?

“Mme Rara o ne a re: Ikotlhaeng lona, ikotlhaeng lona, mme lo kolobediwe mo leineng la Morwaake yo o Rategang” (2 Nephi 31:10–11).

Buka e e dira ka tlhamalalo gore re tshwanetse ra amogela Moya o Boitshepo jaaka kolobetso ya molelo go thusa gore re nne mo mmileng o mosesane o o tlhamaletseng. Re rutwa gore re tshwanetse gore re rapele ka metlha yotlhe ka leina la ga Keresete, re sa itsape, le gore fa re dira jalo, re na le tsholofelo e: “Ka jalo hee, lo tshwanetse go gatela pele ka nitamo mo go Keresete, le na le tshedimogo e e itekanetseng ya tsholofelo, le lerato la Modimo le la batho botlhe. Ka jalo he, fa lo ka gatelapele, le eja moletlo mo lefokong la ga Keresete, le go itshoka go ya bokhutlhong, bonang, go bua jalo Rara: Lo tlaa bona botshelo jo bosakhutlheng” (2 Nephi 31:20).

Buka ya ga Momone e dira tlhamalalo thero e e gakgamatsang ya ga Kgosi Benjamini gore go tewang go nna le lerato lwa Modimo le la batho botlhe. Fa mekgwa ya rona e fetolwa ke maatla a Tefo le ka tumelo ya kobamelo mo ditaelong, re tla tlala lorato lwa Modimo (bona Mosiah 4:1–12).

Buka ya ga Momone gape e re fa thata ya gore re ka tlhatswiwa mo botshelong jo mo eleng gore re ka seke re nne le keletso epe ya go dira bosula ( bona Mosiah 5:2). Tsholofelo e e re fa bopelokgale le kgomotso jaaka Satane a leka gore raela le gore nyemisa moko mo tseleng ya rona.

Nako le nako fa ke bala fela le eleng ditselana mo Bukeng ya ga Momone, ke utlwa bosupi jwa me bo thatafadiwa gore buka e nnete, gore Jeso ke Keresete, gore re ka mosala morago go ya gae, le gore re ka tsaya bao re ba ratang kwa gae le rona. E nnile mo go nna buka ya dibuka. Ke lefoko la Modimo.

Ke rapela gore rona le bao re ba ratang re nwe kwa boteng le ka malatsi otlhe mo go yone. Ke fa bosupi ka leina la ga Jeso Keresete gore ke kaelo ya nnete.

Ntlha

  1. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 369.

Go ruta go tswa Molaetseng o.

“Fa re dirisa lefoko la tumelo le mafoko a ba porofeti ba malatsi a bofelo, ele motswedi wa dithuto tsotlhe tsa rona, re laletsa Moya go bega bosupi. Se se tlisa mo dithutong tsa rona ‘maatla a Modimo mo go sokololeng batho’ (D&C 11:21)” (Teaching, No Greater Call [1999], 51). Sekaseka dintlha tsedi senogang tsa molaetsa go tsweng go Mopresidente Eyring, go balelwa lefoko la ga Joseph Smith ka ga Buka ya ga Momone. Laletsa maloko a lelwapa go abelana gore go tshela dithuto tseo di fitlhelwang mo Bukeng ya ga Momone di ba thusitse jang go atumela Modimo.

“Fa baithuti ba buisanya ka melawana go tsweng mo mafokong a tumelo, ba lootsa botswerere jo ba bo tlhokang go bala ka bo bone mafoko a tumelo” (Teaching, No Greater Call, 54). Sekaseka go bala mafoko a tumelo ao a bontshitsweng mo molaetseng o mme o bale ebile o buisanye melawana eo e rutwang.

Gatisa