2010
Maikarabelo a Rona a go Otla Dikokomane tse di Golang
Lwetse 2010


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Lwetse 2010

Maikarabelo a Rona a go Otla Dikokomane tse di Golang

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Go tsweng mo Lefokong la Tumelo

Proverbs 22:6; Ephesians 6:4; Enos 1:1; Alma 53:20–21; 56:47; 57:27

Fa re sa otle, dikokomane tsa rona tse di golang di kanna mo kotsing e e tshwanang le tse di tlhalosiwang mo Mosiah 26. Banana ka bontsi ba ne ba sa dumele dingwao tsa bo rraabo mme ba fapogana ele batho jaaka mo tumelong, mme ba nnela jalo. Dikokomane tsa rona tse digolang ka jalo dika latlhega fa ba sa tlhaloganye karolo ya bone mo polaneng ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong.

Jalo, ke eng se se ka tshegetsang dikokomane tse di golang mo tshireletsong? Mo kerekeng, re ruta melawana ya pholoso, mme melawana eo ke ya lelwapa, melawana e ka thusa dikokomana tse digolang go dira lelwapa, go ruta lelwapa leo, le go baakanyetsa lelwapa leo ditlhomo le dikgolagano — mme jalo le dikokomana tse di latelang le tsone di tlaa ruta tse di latelang jalo jalo.

Jaaka rele batsadi, baeteledipele, le maloko a kereke, re baakanyetsa dikokomane tse masego a ga Abrahama, a tempele. Re na le maikarabelo a gore re nne phepa thata mo dintlheng tsa dinotlolo tsa thuto eo e bonwang mo kanamisong ya lelwapa. Botsadi jwa ga Mme le botsadi jwa ga Rre ke ditiro le maikarabelo a sennela ruri. Mongwe le mongwe wa rona o na le maikarabelo ele monna kana mosadi a sephatlho sa polane.

Re ka ruta thuto e gongwe le gongwe. Re tshwanetse go bua ka tlotlo ka nyalo le lelwapa. Mme gotsweng mo sekaing sa rona, dikokomane tse di golang dika bona tsholofelo e kgolo le tlhaloganyo e seng fela mo go tsweng mo mafokong a re a buang mme le mo tsweng mo go sere se ikutlwang gape re tsosolosa moya wa lelwapa ka teng.

Julie B. Beck, Mopresidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso.

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Mo go bueng le bakaulengwe ka phuthego ya Mokgatlho wa Thuso wa kakaretso ka Lwetsi 23, 1995, Mopresidente Gordon B. Hinckley o ne a re: “Lefatshe leo re leng mo go lone ke lefatshe leo le leng mo marareng, le ditlhwatlhwa tseo di fetogang. Mantswe a a kuiwang a betsa selo sengwe kgotsa se sengwe go rekisa nako le maemo a maitshwaro ao a lekeleditsweng.”1 Mopresidente Hinckley ka nako eo o ne a simolodisa go bakaulengwe, Kereke, le batho botlhe gongwe le gongwe “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe.”

Mo dingwageng tse di ileng tsa latela mokwalo o wa porofeto o ne wa ranolwa mo ditemeng dile dintsi ko baeteledipeleng ba lefatshe. E botsa beng gae le baeteledipele ba goromente “go rotloetsa mela e e diretsweng go tshegetsa le go thatafatsa lelwapa ele tshimologo ya botlhokwa ya batho.”2

Kanamiso e nnile motheo wa Baitshepi ba malatsi a Bofelo ya tumelo kaga lelwapa, pego e re ka itshegetsang thata mogo yone gore ka go tshela melawana ya yone, re thatafatsa malwapa le magae a rona.

Dintlha

  1. Gordon B. Hinckley, “Stand Strong against the Wiles of the World,” Ensign, Nov. 1995, 99.

  2. Bona “The Family: A Proclamation to the World,” Liahona, Oct. 2004, 49.

Ke ka dirang?

  1. Ke ka thusa jang bakaulengwe gore ba dirise “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe” go otla dikokomane tse di golang? O ka sekaseka go abelana kopololo ya pego le go thusa bakgaitsadi go supa ba be ba tshwaya ditemana tseo di ka rutang thata dithuto tsa konokono.

  2. Ke ka otla dikokomana tse di golang Jang? O ka nna wa sekaseka go tshwara ka letsogo maloko a wate ya gago, lekalana, lelwapa, kgotsa motse wa gago a a ka selegelwang mosola mo go tsweng mo kelotlhokong le lorato mo go bone.

Gatisa