2010
Keresemose ya Moanamisa lefoko
Sedimonthole 2010


Bonana

Keresemose ya Moanamisa lefoko

Ka sebaka sa Keresemose ya bobedi kele moanamisa mafoko wa nako yotlhe, mmata wame le nna re ne re etetse leloko le le sa tswang go kolobediwa le lelwapa la gagwe. Morago ga Selalelo se segolo sa Keresemose, re ne ra abelana nabo molaetsa wa Keresemose.

Re ne ra kopa lelwapa gore le tshwantshe ditshwantsho tsa dilo tseo di ba gakololang ka paka eo, jaaka, dinaledi, dimpho, kwagaboo motho, le ditlhare tsa Keresemose. Re ne ra bala mafoko a tumelo mangwe, go balelwa 2 Nephi 19:6: “Gonne go rona ngwana o tshotswe, go rona morwa o filwe; mme puso o tlaa nna mo magetleng a gagwe; mme leina la gagwe letlaa bidiwa, Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara yo o senang Bokhutlo, Kgosana ya Kagiso.” Re ne ra opela “Once in Royal David’s City” (Hymns, no. 205), ra lebelela setshwantsho sa motshikinyego ka ga Kwagabo motho, mme ra a fa bosupi jwa ga Jeso Keresete.

E ne ele Keresemose ka seemo se se motlhofo, kgakala mogo ba malwapa a rona mme maipelo a nako le nako a Keresemose, mme jaaka fa rene re efa bosupi jwa Mmoloki, kene ka ikutlwa lorato lo lo boteng le malebogo go Ene le matsalo a Gagwe jaaka ke ise ke ke ke itse pele. Ke lemoga fa e tlaa bo ele Keresemose yame ya bofelo mo tirelong ya go anamisa lefoko nako tsotlhe go Rraetsho yo o kwa Legodimong, mme ke tlhaloganya gore Moya wa Gagwe o ka fa bosupi go nna ka Morwa wa Gagwe gongwe le gongwe kwa ke leng teng.

Gatisa