2010
A re ka Bona Keresete?
Sedimonthole 2010


Molaetsa wa Bopresidente jwa Ntlha, Sedimonthole 2010

A re ka Bona Keresete?

Bosigo bongwe ntatemogolo o ne a bala polelo go ngwanaangwanaagwe wa morwaetsana yo o leng dingwaga tse nne fa a ne a leba kwa godimo mme, a re, “rremogolo, lebelela dinaledi!” Monnamogolo o ne a nyenya ka bonolo mme a re, “Re mo tlung, ngwanaaka. Ga go na dinaledi fa.” Mme ngwana o ne a pateletsa, “O na le dinaledi mo kamoreng ya gago! Leba!”

Ntatemogolo o ne a leba godimo mme, ka kgakgamalo a lemoga fa siling e ne e motilwe ke phatshimo ya tshipi. Dine di sa bonale bontsi jwa nako, mme ene yare lesedi le bonetsa phatshimo ka tsela nngwe, e ne ya lebega tota jaaka mogariba wa dinaledi. Go tsere matlho a ngwana go di bona, mme ke tseo dine dile teng. Mme go tsweng mo nakong eo, fa ntatemogolo a tsamaela mo kamoreng ya gagwe mme a lebe godimo, o ne a kgona go bona seo a iseng a se bone pele.

Re tsena mo pakeng e nngwe e e monate ya Keresemose eo e tletseng mmino le masedi, meletlo le dimpho. Mme mo bathong botlhe, rona re le maloko a kereke eo e tshegetsang leina la Mmoloki re tlhokana le go leba go feta bokafapele jwa paka mme re bone boammaaruri le bontle jwa nako e ya ngwaga.

Ke ipotsa gore ke bao ba le kae kwa Bathlehema ba ba neng ba itse seo nako eo, gaufi le bone, Mmoloki o ne a tshotswe? Morwa Modimo, Mesia yo a sa bolong go letelwa e bile a solofeditswe- O ne a le gareng ga bone!

A o gakologelwa seo moengele a se boleletseng badisa? “Mogo lona go tsetswe mo letsatsing le mo toropong ya ga Tafite, Mmoloki, yo eleng Keresete Morena.” Mme bane bare mo go bone, “Tlang re yeng tota kwa Bethlehema, mme re bone selo seo se tlileng go direga” (Luke 2:11, 15).

Jaaka badisa ba bogologolo, re tshwanetse gore mo dipelong tsa rona, “Tlang re boneng selo seo se tlileng go direga.” Re tshwanetse go eletsa se mo dipelong tsa rona. Tla re boneng Moitshepi ka nosi wa Iseraele mo bojelong (jwa dipitse), mo tempeleng, mo thabeng, le mo sefapaanong. Jaaka badisa, tla re galaletseng mme re roriseng Modimo mo madumeng a magolo a boipelo!

Fa gongwe dilo tseo di dingalo le go bonwa ke tseo di ntseng di le fa pele ga rona nako tsotlhe. Jaaka ntatemogolo yo a paletsweng ke go bona dinaledi mo siling, fa gongwe ga re kgone go bona seo se leng mo pontsheng.

Rona bao re utlwang molaetsa wa kgalalelo wa go tla ga Morwa Modimo, rona bao re tsereng go rona leina la Gagwe mme re ikgolagantseng nae go tsamaya mo tseleng ya Gagwe rele barutwana ba Gagwe- ga re a tshwanela go palelwa ke go bula dipelo tsa rona le ditlhaloganyo mme re Mmone ka boammaaruri

Paka ya Keresemose e Monate ka ditsela tse dintsi. Ke paka ya ditiro tsa lorato lwa bonolo le lorato lwa bokaulengwe. Ke paka ya go nna re ipona ka matshelo a rona le ka ga masego a mantsi ao e leng a rona. Ke paka ya go itshwarela le go itshwarelwa. Ke paka ya go itumelela mmino le dipone, meletlo le dimpho. Mme lesedi la paka e le seka la tima mo ponong ya rona mme le re kganele gore re bone ka nnete Kgosana ya Kagiso mo tlotlomalong ya Gagwe.

Tla rotlhe re direng paka ya Keresemose e nako ya go ipela, nako eo re amogelang kgakgamalo eo Modimo Mothatayotlhe a rometseng Morwaagwe yo o Esi, Jeso Keresete, go rekolola lefatshe!

Maano a go Ruta go tswa Molaetseng o

1. “Kelotlhoko mo tirelong e ka dirisiwa go bopa keletso le go thusa baithuti go itebaganya ka tlwaafalo mo go seo se rutwang. … Ditshwantsho ke didirisiwa tsa botlhokwa mo go thatafatseng leano la konokono la thuto le go thusa baithuti go nna bale podi matseba” (Teaching, No Greater Call [1999],160, 176). Fa o simolola go abelana molaetsa o, akanya go dirisa kelotlhoko ya tirelo jaaka go bontsha setshwantsho kgotsa go akanya ka ga seo molaetsa o ba amang ka teng.

2. “Nngwe ya maikaelelo a a botlhokwa le go feta a gago e tshwanetse ya nna go thusa ba bangwe go diragatsa melawana ya efangele mo diemong dingwe le dingwe tsa malatsi otlhe. … Thusa baithuti go lemoga masego a a tlang fa re tshela efangele” (Teaching, No Greater Call, 159). Morago ga o sena go abelana molaetsa o, akanya go laletsa maloko a lelwapa go abelana maitemogelo ao ba nnileng nao jaaka fa bane ba itebagantse le Mmoloki ka sebaka sa paka ya Keresemose.

Gatisa