2011
Kgweeletsa ko Isagong
Ferikgong 2011


Bonana

Kgweeletsa mo Isagong

Bontsi jwa makawana baipaakanya mo go tsa madi go direla thomo ya kanamiso efangele. Mo Aferika karolo ya go ipaakanya ke go amogela madi a a lekanyeng go tsaya pasa ya mosepele. Sedrick Tshiambine o ne amogela mo a go tlhokang ka tsela ya kgwebo: ka go rekisa dipanana mo morago ga baesekele.

Sedrick o nna mo Luputa, Democratic Republic of Congo. Ke mongwe wa makawana a 45 mo kgaolwaneng ya Luputa yo a berekelang go boloka madi a pasa ya mosepele go yeng thomo ya baanamisa efangele. Mo DR Congo pasa ya mosepele e lopa $250, e le gore ke bobedi mo borarong tlhwatlhwa ya go aga ntlo.

Mme Sedrick o ne a sa itsape. O ne a dira madi a thomo ya baanamisa efangele ka go kgweetsa baesekele 15–30 dikhilomithara (9–19 dimaele) go tswa Luputa go ya metsaneng e mennye, ko o a rekang dipanana teng, ka jalo a kgweetse go boela morago go feta mo mogoteng wa savana wa Aferika, baesekele e tladitswe ka maungo gore a rekise mo toropokgolong. Beke ngwe le ngwe o tsamaya gongwe dikhilomithara di le180 (112) motseleng e motlhaba, le gore gangwe fela mo rwalo o kile wa wa.

Mo bokgoni jwa gagwe o ne a bona $1.25 ka beke, kgotsa $65.00 ka ngwaga. Go motsere dingwaga tse nne go boloka mo go lekaneng pasa ya mosepele, mme jaanong wa itse gore isago e tla nna thomo ya baanamisa efangele gonne mo go tsa madi o siame go araba pitso go dira.

Gatisa