2011
Ditso le Boswa jwa Mokgatlho wa Thuso
Ferikgong 2011


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Hirikgong 2011

Ditso le Boswa jwa Mokgatlho wa Thuso

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Eliza R. Snow o ne a gakologelwa Moporofeti Joseph Smith a ruta gore “lentswa leina la [Mokgatlho wa Thuso] le ka tswa ele la motlha wa sesha, go thaiwa ga one go tlhomilwe bogologolo.”1

Rraetsho yo o kwa Legodimong le Morwa wa Gagwe, Jesu Keresete, ba ne ba etela Joseph Smith mme, ka ene, ba buseletsa efangele ka botlalo mo lefatsheng. Mokgatlho wa Thuso e ne ele ntlha nngwe ya puseletso eo. Thulaganyo ya Kereke e ne e ise e fele go fitlhelela bokgaitsadi ba rulagangwa.2

Mo kgweding tse di tlang, Molaetsa wa Thuto ya Ketelo o tlaa re fa tshono ya go ithuta thata ka ditso tsa Mokgatlho wa Thuso le karolo ya o ne mo puseletsong ya efangele. Ka mabaka a mantsi, go tlhaloganya ditso tsa rona ga se botlhokwa fela mme go botlhokwatlhokwa.

Lantlha, go tlhaloganya ga ditso tsa rona go re senolela gore re nne basadi ba Modimo bao re tlhokagalang gore re nne bone. Ka go sala morago dikai tsa basadi ba Baitshepi ba Malatsi — a Bofelo, re ka ithuta gotsweng maloba gore re ka itebaganya jang le isago.3

Sa bobedi, ditso tsa rona di re ruta gore melawana e e tshwanang e o eneng e le teng mo Kerekeng fa e simologa ke melawana ya motheo wa rona gompieno. Kitso e le maikaelelo a rona — a go oketsa tumelo le tshiamo ka bojosi, e thatafatsa malwapa le magae, mme e thuse bao ba ba tlhokang- tshwantsha kitlano gareng ga maloba le bo gompieno.

Sa boraro, jaaka fa re tsaya ka thwathwa ditso tsa rona, re ka abelana botoka boswa jwa rona jwa semowa. Mopresidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Bopresidenteng jwa Ntlha, o ne a re: “O fetisa boswa go ya pele jaaka o thusa ba bangwe go amogela mpho ya lorato. … Ditso tsa Mokgatlho wa Thuso di kwadilwe ka mafoko le dinomore, mme boswa bo fetisiwa mo pelong enngwe go pelong enngwe,”4

Lwa bofelo, go tlhaloganya ditso tsa rona go re thusa go re re nne karolo e e kgonang sentle ya isago ya Mokgatlho wa Thuso. Mopresidente Spencer W. Kimball (1895–1985) o ne a tlhalosa, “Re itse gore basadi bao ba nang le malebogo a magolo a maloba ba tlaa amiwa ke go bopa isago ya tshiamo.”5

Julie B. Beck, Mopresidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso.

Gotsweng Mafokong a tumelo

Esethere 9:28–29; Baroma 16:1–2; Alema 37:8; Moronae 7:45–47

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

“Mokgatlho wa Thuso ke thulaganyo ya Morena ya basadi.”6 Mo nonofong ya gagwe e le moporofeti, Joseph Smith o ne a rulaganya Mokgatlho wa Thuso ka Mopitlo 17, 1842. Setlhopha se sennye se seneng se itswakatswakantse ka bokopano jwa ntlha e ne ele basadi ba ba neng ba ineetse, go tshwana le Mokgatlho wa Thuso wa bakaulengwe gompieno. “Ba bannye ene ele banana, mme yo mogolwane, mosadi mo dingwageng tsa bo masome matlhano. Basadi bale lesome le motso ba ne banyetswe, bale babedi ene ele baswagadi, bale barataro ba ne ba sa nyalwa, mme seemo sa tseo sa a le mongwe ga se itsewe. Thuto ya bone le kwa ba tswang gone go farologanye thata, jaaka itsholelo ya diemo tsa bone. Tswakatswakanyo ya bone e tlaa godisitswe gantsi jaaka maloko a thulaganyo a tswelela ka go gola, mme bane ebile batlaa tswelela ka gonna seopo sengwe.”7

Dintlha

  1. Eliza R. Snow, “Female Relief Society,” Deseret News, Apr. 22, 1868, 81.

  2. Dithuto tsa Dipresidente tsa Kereke: Joseph Smith (2007), 451.

  3. Bona L. Tom Perry, “The Past Way of Facing the Future,” Liahona, Nov. 2009, 73–76.

  4. Henry B. Eyring, “The Enduring Legacy of Relief Society,” Liahona, Nov. 2009, 124–25.

  5. Spencer W. Kimball, “Privileges and Responsibilities of Sisters,” Ensign, Ngw. 1978, 104.

  6. Spencer W. Kimball, “Relief Society — Its Promise and Potential,” Ensign, Mar. 1976, 4.

  7. Jill Mulvay Derr, Janath Russell Cannon, and Maureen Ursenbach Beecher, Women of Covenant (1992), 28.

Gatisa