2011
Morena o tlhoka Baanamisa Efangele
Ferikgong 2011


Molaetsa wa Bopresidente jwa Ntlha, hirikgong 2011

Morena o tlhoka Baanamisa Efangele

Phalane yo o fitileng mo phutegong ya kakaretso Ke ne ka ntsha pitso go o ketsa baanamisa efangele. Mongwe le mongwe yo o itekanetseng (semoweng), makawana a a kgonang a tshwanetse go ipaakanyetsa go dira thomo ya kanamiso efangele. Tirelo eo ke tiro ya boperesiti — maitlamo a Morena a solofetseng mo go rona bao re filweng mo gontsi. Makawana, Ke le gakolola go ipaakanyetsa tirelo jaaka moanamisi efangele. Nna o le phepa o itshekile o itekanyetse go emelela Morena. Boloka botsogo le maatla a gago. Ithute mafoko a tumelo. Koo seo se leng teng, tsaya karolo mo seminare le ensetshuti. Ithute mo go tse neletseng ka buka ya kaedi ya moanamisa efaangele Rera Efangele Yame.

Bokgaitsadi, ka jalo ka le sena maikarabelo a tshwanang le a boperisiti jaaka makawana go direla ele baanamisa-efangele ba nako yotlhe, le lona lo dira neelo e boleng jaaka baanamisa efangele, le gore re amogela tirelo ya lona.

Go bao bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ba Kereke, Ke gakolola gore Morena o tlhoka ba bantsi, ba lona go dira jaaka baanamisa-efangele ba nako yotlhe. Fa e le gore ga o mo nakong ya botshelo go dira thomo ya kanamiso efangele lo le khapole, Ke legwetla go ipaakanyetsa jaanong letsatsi leo, jaaka diemo di letla, wena le mokapelo wa gago le ka dira jalo. Go nale makgetlho a mannye mo matshelong a lona a le tla itumelelang bomolemo jwa mowa le go kgotsofala mo go tlang go tsweng mo go neeleng tirelo ya nako yotlhe mmogo mo tirong ya Morena.

Jaanong, bangwe ba lona ba ka tswa ba le boi ka tlholego kgotsa ba ikaya ba ka sekgone go fetola ka bongwefela pitso ya go dira. Gakologelwa gore se ke tiro ya Morena, le gore fa re le mo tirong ya Morena, re tshwanelwa ke thuso ya Morena. Morena o tla baakanya mokwatla go beela mekgweleo e e tla bewang mo go yone.

Bangwe, le fa baitekanetse (semoweng) go dira, ba ka ikutlwa ba na le dilo dingwe tse ba bonang dile botlhokwa go feta. Ka jalo a Ke gakologelwa tsholofetso ya Morena: “Go bao ba ntlotlang Ke tla batlotla” (1 Samuele 2:30). Ga go ope yoo ka tlotlang Rara wa rona yoo kwa legodimong le Mmoloki wa rona go feta go direla jaaka yo ineetseng, moanamisa efangele yo o pelotlhomogi.

Sekai sa tirelo eo e ne e le maitemogelo a baanamisa efangele Juliusz and Dorothy Fussek, bao ba neng ba biditswe go tlatsa thomo ya kanamiso efangele ko Poland Mokaulengwe Fussek o ne a tsholetswe mo Poland O ne a buwa puo eo. O ne a rata batho. Kgaitsadi Fussek o ne a tsholetswe mo Enyelane le gore o ne a itse Poland gole gonnye le sepe sa batho. A tshepile mo Moreneng, ba tsena mo thomong ya bo ne. Tiro e ne e le bodutu, tiro ya bo ne e tseneletse. Ka nako eo lephata la kanamiso efangele le ne le ise le simololwe mo Poland. Thomo e e neng e filwe ba ga Fusseks e ne ele go baakanyetsa tsela ya go simolosiwa ga lephata la kanamiso efangele.

A Mogolwane le Kgaitsadi Fussek ba ne ba itlhoboga gonne thomo ya bo ne e ne ele kgolo? E seng ka nakwana. Ba ne ba itse gore pitso ya bone e tswa kwa Modimong. Ba ne ba rapelela thuso ya Gagwe ya selegodimo, le gore ba ineetse ka dipelo tsotlhe mo tirong ya bo ne.

Nako yatla gore Mogolwane Russell M. Nelson wa Khwaramo ya Baapaosetola ba ba Lesome le Bobedi; Mogolwane Hans B. Ringger, wa ba ba Masome Supa; le Nna, repatilwe ke Mogolwane Fussek, ra kopana le mookamedi wa tsa merero ya bodumedi, Adam Woptka, wa goromente ya Poland. Re mo utlwile a re, “Kereke ya lona e amogetswe kwano. Le ka aga dikago tsa lona; le ka romela baanamisa efangele ba lona. Monna yo,” a supa Juliusz Fussek, “o diretse kereke ya lona sentle. Le ka itumelela sekai sa gagwe le tiro.”

Jaaka boo Fusseks, a re dire se re tshwanetsweng ke go se dira mo tirong ya Morena. Jalo re ka kgona, le Juliusz le Dorothy Fussek, boeletsa Pesalema:

“Thuso yame e tswa go Morena, yoo dirileng legodimo le lefatshe.

“… Yo o go tshegeditseng ga a ka ke a otsela.

“ Bona, yo o tshegeditseng Iseraele ga a kake a otsela kana a robala” (Pesalema 121:2–4).

Go ruta go tswa Molaetseng o.

Teaching, No Greater Call e tlhalosa: “Abelana maitemogelo ka fa go tsheleng molawana wa efangele o segofaditseng botshelo jwa gago ka teng. Laletsa bao o ba rutang gore ka boripana ba abelane maitemogelo a bo ne” ([1999], 159). Bala molaetsa o mme o botse maloko a lelwapa gore ke mang yo Mopresidente Monson a reng o tshwanetse go ya thomong ya kanamiso efangele. Abelana maitemogelo a gago a gore wena kgotsa ba bangwe ba nnileng le o ne fa ba direla jaaka baanamisa-efangele ba nako yotlhe. Kgotsa abelana maikaelelo a gago jaaka moanamisa efangele mo isagong. Kopa maloko a lelwapa go abelana ka maikaelelo le maitemogelo a molemo.

Gatisa