2011
Baanamisa tumelo ba Bantsi mo Botshelong jwa Me
Tlhakole 2011


Bonana

Baanamisa tumelo ba Bantsi mo Botshelong jwa Me

Letsatsi la ntlha la Tshipi ke tsenelela Kereke le baanamisa tumelo, Ke ne ka lemoga batho bao Ke godileng le bone ke ba itse gotsweng mo motseng. Ke ne ka bona mongwe wa ditsala tsame tse di gaisang gotsweng sekolong, se se potlana le sekolo se segolwane sa bokwaledi, mosetsanyana yo ke neng ke sa mo tsaya sentle mo malobeng, le tota lekolwane leo gangwe ke kileng ka le eletsa.

Mongwe le mongwe wa batho ba o ne a nnile le kamano e e sa feleng go nna. Tsala yame eo e gaisang e ne ele mosetsanyana wa thokgamo e kgolo, mme ka go bo ene Ke ne ka itlhophela go tswelela go tlhotlhomisa Kereke. Bakwaledi bao ba neng ba nkgakologelwa go tsweng sekolong bane ba nthusa gore ke itse fa ke le botlhokwa. Ke ne ka ithuta ka lorato lwa Modimo le la Morena go tsweng mo mosetsanyaneng yo a nkatlileng le ntswa maitsholo a me mo go ene a ne a le kwa tlase pele. Dikeletso tsame tsa pele mo monaneng di ne tsa baya sekai se se siameng, Ke ne ka lemoga lesedi la gagwe mme ke ne ke batla gonna gaufi le ene.

Maitemogelo a a ne a nthusa gore, le tota pele ga bonalesego yame go baanamisa tumelo, Rraetsho yo o kwa Legodimong o ne a mpaakanyeditse go amogela efangele ka batho bao a ba beileng gareng game. Go tsweng go bone kene ka ithusa gore dilo tse dinnye tse re di dirang di ka nna le maduo a matona. Se se botlhokwa le go feta, Ke ne ka ithuta gore tiro ya kanamiso tumelo e simolola ka nna.

Gatisa