2011
Puseletso ya Dilo Tsotlhe
Tlhakole 2011


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Tlhakole 2011

Puseletso ya Dilo Tsotlhe

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Moporofeti Joseph Smith o ne a rulaganya Mokgatlho wa Thuso ele karolo ya botlhokwa ya Kereke. Re le bopresidente, re solofela fa re ka le thusa gore lo tlhaloganye gore ke ka goreng Mokgatlho wa Thuso o le botlhokwa mo matshelong a lona.

Re itse fa basadi ba Kgolagano e Ntsha bane ba supa tumelo mogo Jeso Keresete mma ba tsaya karolo mo tirong ya Gagwe. Luke 10:39 o bolela ka Marea, yo a “nnileng fa dinaong tsa ga Jeso’ mme a utlwa lefoko la gagwe.” Ka John 11:27 Martha o fa bopaki ka ga Keresete: “O ne are go ene, Ea, Morena: Ke dumela gore ke wena Keresete, Morwa Modimo, yo a tshwanetseng go tla mo lefatsheng.” Acts 9:36, 39 e bua ka “morutwana mongwe a bidiwa Tabitha, … a tletse ka ditiro tsa tshiamo. … Mme batlholagadi ba ne ba ema … ba supa dibaki le diaparo tseo [a] di dirileng.” Phebe, moRomans 16:1-2, e ne ele “motlhanka wa kereke” gape “a tlamela ba bantsi.”

Dikaelo tse tsa tumelo, bosupi, le tirelo di tswelela mo malatsing a bofelo ya Kereke mme di nnisitswe semmuso ke go rulaganngwa ga Mokgatlho wa Thuso. Julie B. Beck, mopresidente wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso, o ne a ruta: “Fela jaaka Mmoloki a ne a laletsa Marea le Martha ka dinako tsa Kgolagano e Ntsha go tsaya karolo mo tirong ya Gagwe, basadi ba metlha eno bana le tetla ya semmuso go tsaya karolo mo tirong ya Morena. … Thulaganyo ya Mokgatlho wa Thuso ka 1842 e ne ya simolodisa maatla a a kopaneng a sesadi le neelo ya bone e e kgethegileng go aga bogosi jwa Morena.”1

Re diragatsa tiro ya rona jaaka fa re itebaganya le maikaelelo a Mokgatlho wa Thuso: go oketsa tumelo le bosiami jwa rona, re thatafatsa malwapa le magae a rona, le go batla le go thusa bao ba ba tlhokang.

Ke netefatsa gore Mokgatlho wa Thuso o rulagantswe ka selegodimo go thusa mo tirong ya pholoso. Mongwe le mongwe wa bakaulengwe ba Mokgatlho wa Thuso ba na le karolo ya botlhokwa e ba tshwanetseng go e diragatsa motirong e boitshepo e.

Silvia H. Allred, mokhanselara wa ntlha mo boporesidente-kakaretso jwa Mokgatlho wa Thuso.

Go tsweng mo Mafokong a tumelo

Joel 2:28-29; Luke 10:38-42; Ephesians 1:10

Go tsweng mo Ditsong tsa Rona

Mokaulengwe Julie B. Beck o ne a ruta gore “re itse ka Moporofeti Joseph Smith gore Mokgatlho wa Thuso e ne ele karolo ya semmuso ya Puseletso.”2 Tsamaiso ya puseletso e ne ya simolola ka Pono ya Ntlha ka 1820 mme ya tswelela “tsela mo tseleng, melawana mo melawaneng” (D&C 98:12). E rile Mokgatlho wa Thuso o sena go rulaganngwa semmuso ka Mopitlo 17, 1842, Moporofeti o ne a ruta basadi kaga lefelo la botlhokwa mo puseletsong ya Kereke.3

Dintlha

  1. Julie B. Beck, “Fulfilling the Purpose of Relief Society,” Liahona, Nov. 2008, 108.

  2. Julie B. Beck, “Fulfilling the Purpose of Relief Society,” 108.

  3. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 369.

Ke ka dirang?

  1. Ke ka afa thuso efe go bakaulengwe kgweding e eo e leng sekai sa tumelo ya sesadi sa borutwana jwa ga Jeso Keresete?

  2. Ke dithuto dife tsa efangele ya puseletso tse ke tlaa di ithutang go thatafatsa bosupi jwa me kgwedi e?

Gatisa