2011
Ke Ka Boipelo Jo Bo Golo Jang Jo Letlaa Nnang Najo
Tlhakole 2011


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Tlhakole 2011

Ke Ka Boipelo Jo Bo Golo Jang Jo Letlaa Nnang Najo

Maipelo a le mmalwa mo botshelong a monate thata mme a tsaya sebaka go feta go itse gore o thusitse ba bangwe go tsaya puseletso ya efangele ya ga Jeso Keresete mo dipelong tsa bone. Go nna le boipelo joo ke tshono ya leloko lengwe le lengwe la Kereke. Fa re ne re kolobediwa, re dirile tsholofetso ya gore “ema lo le basupi ba Modimo ka dinako tsotlhe le mo dilong tsotlhe, le mo mafelong otlhe a lo ka bong [lo] le mo go one, le go fitlhelela loso, gore [re] tle re rekololwe ke Modimo, mme [re] balwe le bao ba tsogo ya ntlha, gore [re] tle re nne le botshelo jo bosakhutleng” (Mosiah 18:9).

Maloko o tlhe a amogela karolo nngwe ya kgwetlho eo e filweng Kereke go tsaya efangele ya ga Jeso Keresete go e isa lefatsheng, gongwe le gongwe gape ka sebaka seo ba se tshelang. Morena o ne a bua se sentle: “Bonang, Ke lo rometse kwa ntle go fa bosupi le go tlhagisa batho, mme go a tlamega gore motho mongwe le mongwe yo o tlhagisitsweng a tlhagise moaagisanyi nae” (D&C 88:81). Baanamisa tumelo ba nako tsotlhe ba tshwanetse go nna le maatla a go ruta bao ba ba iseng ba nne maloko a Kereke. Maloko a Kereke a tshwanetse go nna le thata ya go bona bao Morena a ba baakanyeditseng gore baanamisa lefoko ba ba rute.

Re tshwanetse gore re katise tumelo ya rona ya gore Morena o baakantse batho ga reng ga rona gore ba rutwe. O itse gore ke bo mang le gore ba ipaakantse leng, mme A ka ba re kaela ka maatla a Moya o o Boitshepo mme a re fe mafoko go ba laletsa gore ba rutiwe. Tsholofetso eo Morena a e fileng moanamisa tumelo ka 1832 ke gape tsholofetso eo A re e fang mo taetsong ya go batla batho ba ba ipaakantseng go rutwa ke baanamisa tumelo: “Ke tlaa mo romelela Mogomotsi, yo a tlaa mo rutang boammaaruri le tsela eo a tshwanelwang ke go e tsaya; mme mo go feteng mo a leng boikanyego, Ke tlaa mo rwesa korone gape ka ngata” (D&C 79:2–3).

Mme tsholofetso ya boipelo jo bogolo go baanamisa tumelo ba boikanyego ke jone gape jwa rona re le maloko a boikanyego bao ba fang dipelo tsa rona go tiro ya kanamiso tumelo:

“Mme jaanong, fa boipelo jwa gago bo ka nna bogolo ka motho a le mongwe yo o motlisitseng go nna mo bogosing jwa ga Rara, ke ka boipelo jo bo golo jang jo le tlaa nnang najo fa o ka tlisa batho bale bantsi go nna!

“Bonang, lo na le efangele yame fa pele ga lona, le letlapa lame, le pholoso yame.

“Botsa Rara ka leina lame, ka tumelo lo dumela gore lotlaa fiwa, mme lotlaa nna le Moya o o Boitshepo, yo a bonegisang dilo tsotlhe tseo di tlhokegang thata mo baneng ba motho” (D&C 18:16–18).

Mogodimo ga Moya o o Boitshepo gore thusa go lemoga le go laletsa bao ba ipaakantseng go rutwa, Morena o biditse gape a rutintsha baeteledipele gore kaela. Mo lekwalong leo le neng le kwadilwe Tlhakole 28, 2002, Bopresidente jwa Ntlha bone jwa baya maikarabelo a mantsi mo tirelong ya kanamiso tumelo go bobishopo le diwate.1 Ka thuso ya wate kana khansele ya lekalana, komiti e kgolo ya boperesiti e tlhabolola polane ya boanamisa tumelo jwa lekala. Mo polaneng eo gona le dikgakololo mogo se maloko a ka fitlhelang bao ba ba ipaakanyeditseng go rutwa ke baanamisa tumelo. Go na le motho yo a bitswang ele wate kana moeteledipele wa lekalana la mmishene. Moeteledipele wa mmishene yo o na le kgolaganyo e e gaufi le baanamisa tumelo ba nako tsotlhe le ba tlhotlhomisi ba bone.

Go na le ditsela dile dintsi tseo o ka kgonang go kopana le maitlamo a gago a bonosi ka go thusa go bona batho gore baanamisi ba tumelo ba ba rute. Tsela eo e motlhofo ke yone e e gaisang.

Rapela gore o kaelwe ke Moya o o Boitshepo. Bua le baeteledipele le baanamisa tumelo, botsa dikgakololo tsa bone le go ba solofetsa thuso ya gago. Rotloetsa bao ba ba amanang mo tirong e le wena. Mme o nne mosupi ka nako tsotlhe mo go se o se buang mme o dire gore Jeso ke Keresete le gore Modimo o araba dithapelo.

Ke fa bosupi gore Moya o o Boitshepo o tlaa go kaela go bao ba ba batlang boammaaruri jaaka fa o rapela gape o berekela kaelo eo. Mme Ke a itse ka maitemogelo gore boipelo jwa gago bo tlaa tsaya sebaka le bao ba ba itlhophetseng go tsaya efangele mo dipelong tsa bone mme ba itshoke ka tumelo.

Ntlha

  1. Bona “News of the Church: Ward and Branch Missionary Work Emphasized,” Liahona, Aug. 2002, 4.

Go ruta go tswa Molaetseng o

  • Teaching, No Greater Call e re fa taolo ya go rotloetsa bao re ba rutang go ipha mekgele go ba thusa go tshela melawana eo ba e ithutileng (bona tsebe 159). Ka lelwapa, akanyetsa go supa masego a tirelo ya boanamisa tumelo jaaka go builwe ke Mopresidente Eyring gape, fa o gwetlhega, laletsa lelwapa go ipha mekgele ya go abelana efangele.

  • Akanya go ntsha dikakanyo le lelwapa ka ditsela tsa go abelana efangele, o gakologelwa kgakololo ya Mopresidente Eyring ya “tsela eo e motlhofo ke yone e e gaisang.” Go ithuta thata ka go ntsha dikakanyo, bona Teaching, No Greater Call, tsebe 160.

Gatisa