2011
Phatshimo ya Letlhakore la go Longwa ke Ntsa
Mopitlo 2011


Bonana

Phatshimo ya Letlhakore la go Longwa ke Ntsa

Ka selemo sa 2009, Ke ne ka longwa mo sefatlhegong ke ntsa ya tsala yame. Ka maswabi, go loma moo go ne ga kgarolaka melome ya me go e bula, mme ke ne ke tshwanelwa ke go rokwa.

Go latela kgobalo eo, Ke ne kele kwa tlase mo pelong. Ke ne ka letlelela bomadi-mabe gore bo laole dikakanyo tsame, mme Ke ne ka ikutlwa e kete botshelo jwame botlhe bo sentswe. Ke ne ke iketse tlhoko ka melomo yame mme ke ne ke sa batle go tswela kwa ntle mo bathong gotlhelele. Mo tlhaloganyong yame dipolane tsame mo pianong, boloyamatsogo, go thuma, le sekolo di ne di thobilwe ke kgobalo yame.

Mme e ne ere nako le nako Ke rapela, ke amogela masego a boperesiti, ke bua le batsadi bame, kgotsa ke etelwa ke lelwapa lame le ditsala, moya wame o ne o tsholetsega mme Ke ne ke ikutlwa boitumelo ka nako ya khutsafalo. Ke ne ka bonako ka lemoga gore fa ele gore batho ba gopotse ka kgobalo yame, ba ne ba ikutlwa bopelotlhomogi.

Maitemogelo a a ne a nthusa go aga botho jwame, mme Ke ne ka ithusa gore ke seka ka nna ke tshwenyegile kaga gore batho ba bangwe ba akanya eng ka nna. Ke ne gape ka segofala ka gore kgobalo yame ene ya nthusa go lemoga gore Ke tshwanetse go akanya gole gonnye ka ga nna mme ke simolole go kgathala thata ka ba bangwe. Moya wame o ne wa thatafadiwa fela thata ka nako e.

Ke ne ka ithuta gore bomadi-mabe ke karolo nngwe ya polane go rona ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong. Fa re batla tshiamo e seng bosula, re ka fenya bomadi-mabe, re nne motho yo o botoka, mme re letlelele maitemogelo gore a re thatafatse mo bopaking jwa rona.

Gatisa