2011
Go batla Tshiamo
Mopitlo 2011


Molaetsa wa Bopresidente jwa Ntlha, Mopitlo 2011

Go batla Tshiamo

E rile ke senka ntlo e ntsha, khapole e potlana ya Baitshepi ba malatsi a Bofelo ba ne ba buisanya le bao e ka nnang ya nna baagisanyi nabo le dikole mo tikologong eo.

Mongwe wa basadi bao ba buileng nabo o ne a re ka sekolo seo bana ba bo ne baneng ba se tsena: “Se ke lefelo le le gakgamatsang le go feta! Mogokgo ke monna yo o gakgamatsang e bile a siame; barutabana ba na le bokgoni thata, bale bopelontle, gape ba na le botsalano. Ke itumetse thata gore bana ba rona ba ka tsena mo sekolong se se gakgamatsang se. O tlaa se rata!”

Mosadi mongwe o ne a re ka sekolo sa bana ba gagwe: “Ke lefelo leo le sa siamang. Mogokgo o a ikakanyetsa; barutabana ga ba na bokgoni, ba le makgakga, gape ba sena botsalano. Fa ke ne ke kgona go tswa mo lefelong le, Ke ne ke ka dira jalo ka bofefo!”

Selo se se neng se gakgamatsa e ne ele gore basadi ba botlhe ba ne ba bua ka mogokgo ale mongwe, barutabana ba le bangwe, le sekolo se se tshwanang.

A o kile wa lemoga gore batho ba kgona go re gantsi ba bo ne sengwe le sengwe seo ba se batlang? Batlisisa thata, mme o tlaa lemoga botlhe bomolemo le bosula mo a mpore mongwe le mongweng le sengwe le sengweng. Batho ba dirile jalo le ka Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo fa e sale e simologa. Bao ba batlang bomolemo batla bona batho bao ba pelontle gape bale kutlwelobotlhoko- batho bao ba ratang Morena e bile ba eletsa go Mo direla le go segofatsa matshelo a batho ba bone. Mme gape go boammaaruri gore bao ba batlang bosula tota ba tlaa bona dilo tse eleng gore ga di a siama.

Ka maswabi, ka dinako tse dingwe se se direga le tota mo teng ga Kereke. Ga go na pheleletso mo go bopeng, go tlhameng, le bo tlhogo e thateng jwa bao ba batlang mabaka a go kgala. Ga ba lebege ba kgona go tlogetla matshwaro a bone mo go tshwareng ka pelo. Ba a seba mme ba bone phoso le ba bangwe. Ba oka dintho dingwaga tse masome, ba tsaya tshono nngwe le nngwe go kgagolaka le go isa tlase ba bangwe. Se ga se kgatlhise go Morena, “Go nne kwa lefufa le mathata a leng gone, go na le ketsaetsego le tiro e bosula gongwe le gongwe” (James 3:16).

Mopresidente George Q. Cannon (1827-1901) o ne a itsile Mopresidente Brigham Young (1801-77) sentle, a bereka gaufi le ene ka dingwaga tse dintsi, gotlhe ele leloko la Khwaramo ya Baaposetola ba ba Lesome le bobedi gape ele mogakolodi wa Ntlha wa Bopresidente jwa Ntlha. Morago ga loso lwa ga Presidente Young, Mopresident Cannon o ne a kwala mo jenaleng ya gagwe: “Ga ke ise ke mo kgale kgotsa ke mmone phoso mo maitshwarong a gagwe [Brigham Young], mo kgakololong ya gagwe, kgotsa dithutong tsa gagwe ka nako epe mo pelong yame, gontsi go le gonnye mo mafokong kgotsa ditirong tsame. Seo ke boitumelo go nna jaanong. Kakanyo ye e neng ya nnela mo go nna ruri ke ya gore: Fa ele gore ke kgala kgotsa ke bona phoso le, kgotsa ke atlhola Morwarre Brigham, ke tlaa ya selekanong se se kae; fa Ke simolola, Ke tlaa ema fa kae? Ke tshaba le go seke ke itshepa mo tseleng eo. Ke ne ke itse gore go tlogela boammaaruri gantsi ke maduo a a tswang mo go itshwunyetshwunyeng nko ka moya wa kgalo le go bona diphoso. Ba bangwe, ba nonofo e kgolo, botlhale le maitemogelo ao a fetang ame ba ka dira dilo tse dintsi me ba tshabe maduo a a bosula ao Ke a tshabang go a dira.”1

Kgakololo e maatla ya Mopresidente Cannon ke sengwe se rona maloko a Kereke re tshwanetseng gore re se eletlhoko ka tlhokomelo e kgolo. Lefoko la Modimo le rotloetsa balatedi ba ga Keresete gore ba nne “phepa, … ka kagiso, ba nne bonolo, gape bale motlhofo go dirisanya, ba tletse kutlwelobotlhoko le maungo a siameng, go sena dipharologanyo, le boitimokanyi.” Go bao ba diragatsang kagiso, “maugo a bosiami a jwalwa mo kagisong” (James 3:17, 18).

Re na le tswetso. Re ka nna ra senka bosula mo go ba bangwe. Kgotsa re ka nna ra diragatsa kagiso le tiro go anamisetsa ba bangwe tlhaloganyo, tshiamo, le boitshwarelo jo re bo solofologelang re boikeleletsa. Ke tswetso ya rona; gonne sengwe le sengwe seo re se batlang, seo tota retlaa se bona.

Ntlha

  1. George Q. Cannon, Jenale, Jan. 17, 1878; peleto e ntshahaditswe.

Go ruta go tswa Molaetseng o.

“O ka nna wa akanya gore o tlhoka go tlhaloganya melawana mengwe eo e baakanyetsang go e ruta,” dintlha Teaching, No Greater Call ([1999], 19). “Le fa go ntse jalo, jaaka fa o rapela o o bala, leka ka bo jotlhe go o tshela, baakanyetsa go o ruta, mme o o abelane le ba bangwe, bopaki jwa gago bo tlaa thatafala e bile bo nne boteng.”

Jaaka fa o batla bomolemo mo botshelong le bathong ba bangwe kgwedi e, o tlaa nna o ipaakantse le go feta go ruta molaetsa o le go fa bopaki jwa boammaaruri wa jone.

Gatisa