2011
Ka fa tlase ga Boperesiti le tshalo morago ya Sekaelo sa Boperesiti
Mopitlo 2011


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Mopitlo 2011

Ka fa tlase ga Boperesiti le tshalo morago ya Sekaelo sa Boperesiti

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Bokgaitsadiake ba ba rategang, re segofetse jang! Ga se fela gore re maloko a Kereke, mme gape re maloko a Mokgatlho wa Thuso — “thulaganyo ya Morena ya basadi.”1 Mokgatlho wa Thuso o iponagatsa ele lorato lwa Modimo go barwaetsana ba Gagwe.

A pelo tsa lona ga di tlole jaaka fa le gakologelwa tshimologo ya mokgatlho o? Ka Mopitlo 17, 1842, Moporofeti Joseph Smith o ne a rulaganya bokgaitsadi “ka fa tlase ga boperesiti ka fa sekaelong sa boperesiti.”2

Go rulaganngwa “ka fa tlase ga boperesiti” go ne ga a fa bokgaitsadi tetla le kaelo. Eliza R. Snow, mopresidente wa bobedi wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso, o ne a ruta gore Mokgatlho wa Thuso “ga o kake wa tshela o sena le Boperesiti, go tsweng mo nneteng ya gore e tsaya tetla le tlhotlheletso yotlhe gotsweng mo motsweding o.”3 Mogolwane Dallin H. Oaks wa Khwaramo ya Baapaosetola ba ba Lesome le Bobedi o ne a tlhalosa gore, “Tetla ya go ruthuntsha ke badiredi le baruti ba Mokgatlho wa Thuto … e ne ele tetla eo e e neng e tlaa tshologela go bone ka thulaganyo ya bone e e lomaganyeng le Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo le ka go tlhotshwa ga bo ne ka fa tlase ga diatla tsa baeteledipele ba boperesiti bao ka bo bo ne baneng ba biditswe.”4

Mo go rulaganyeng “ka fa morago ga sekaelo sa boperesiti” go ne ga afa bokgaitsadi maikarabelo a a boitshepo. Julie B. Beck, mopresidente wa Mokgatlho wa Thuso wa Kakaretso, o ne a tlhalosa are: “Re bereka go tshwana le mokgwa wa boperesiti mo go rayang gore re senka, re fiwa, re diragatsa fa godimo ga tshenolo; re tsaya tswetso mo di khanseleng; mme re ikamanye le go tlhokomela batho ka bongwe ka bongwe. Sa rona ke maikemisetso a boperesiti a go ipaakanyetsa go rona masego a botshelo jwa bosakhutleng ka go dira le go tshegetsa dikgolagano. Fela jaaka, bakaulengwe ba rona ba ba tshegetsang boperesiti, sa rona ke tiro ya pholoso, tirelo, le go nna batho bao ba ba boitshepo.”5

Barbara Thompson, mogakolodi wa bobedi mo Mokgatlhong wa Thuso wa Boporesidente jwa Kakaretso.

Gotsweng Mafokong a tumelo

1 Corinthians 11:11; Doctrine and Covenants 25:3; 121:36–46

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Ka sebaka sa kago ya Tempele ya Nauvoo, setlhopha sa bokgaitsadi ba ne ba na le keletso ya go rulaganya go rotloetsa boiteko jwa go aga. Eliza R. Snow o ne a kwalolola molao wa motse wa setlhopha se sesha se. E ne ya re a ba bontsha Moporofeti Joseph Smith, o ne a fetola ka gore: “Bolelela bokgaitsadi gore neo ya bo ne e amogetswe ke Morena, mme o na le sengwe se se botoka go bone. … Ke tlaa rulaganya basadi ka kwa tlase ga boperesiti ka kwa morago ga sekaelo sa boperesiti.”6 Mo nakong e khutshwane e e neng ya latela, Moporofeti o ne a bolelela Mokgatlho wa Thuso yo o neng o sa tswa go rulaganngwa sesha gore: “Jaanong ke fetolela dinotlolo go lona ka leina la Modimo, mme Mokgatlho o tlaa ipela, e bile kitso le botlhale ditlaa elelela tlase gotsweng ko nakong e.”7 Go ne go solofetswe mo go bokgaitsadi gore ba ye kwa seemong se sesha sa boitshepo le go ipaakanyetsa ditlhomo tsa boperisiti ka bonako jo dineng di tloga di dirwa kwa tempeleng.

Dintlha

  1. Spencer W. Kimball, “Relief Society—Its Promise and Potential,” Ensign, Mar. 1976, 4.

  2. Joseph Smith o ne a toutiwa mo Sarah Granger Kimball, “Auto-biography,” Woman’s Exponent, Sept. 1, 1883, 51.

  3. Eliza R. Snow, “Female Relief Society,” Deseret News, Apr. 22, 1868, 81.

  4. Dallin H. Oaks, “The Relief Society and the Church,” Ensign, Motsheganong 1992, 36.

  5. Julie B. Beck, “Relief Society: A Sacred Work,” Liahona, Nov. 2009, 111.

  6. Joseph Smith o ne a toutiwa ke Kimball, “Auto-biography,” 51.

  7. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 451.

Ke ka dirang?

  1. Ke ka thusa jang bakaulengwe bao Ke ba etelang gore ba ipelele masego a tiro e e boitshepo ya Mokgatlho wa Thuso?

  2. Ke tlaa dirang kgwedi e gore ke oketse thata yame ya go fiwa tshenolo ka bo nna?

Gatisa