Ema mo Mafelong a a Boitshepo
Puisanyo le Rraetsho yo o kwa Legodimong — go balelwa dithapelo tsa rona go Ene le Tlhotlheletso ya Gagwe go rona — e botlhokwa gore re kgone go gwetlhelela ditsuatsue le diteko tsa botshelo.
Barwarre le bokgaitsadiake ba lo rategang, re utlwile melaetsa e e siameng mosong o, e bile ke leboga mongwe le mongwe yo o tsereng karolo. Re itumelela segolo bogolo go bo re na le Mogolwane Robert D. Hales le rona gape gape a ikutlwa a le botoka. Re a go rata, Bob.
Jaaka Ke ne ke akanya ka gore ke ka reng go lona mosong o, Ke ne ke ikutlwa go le abela dikakanyo dingwe le maikutlo ao ke a akanyetsang gore a tsamaelang gape a le ka nako. Ke rapela gore ke bo ke kaelwa mo go seo ke tlaa se buang.
Ke tshidile lebaka mo lefatsheng le dingwaga dile 84 jaanong. Go le fa tshedimosetso nyana, Ke tshotswe ka ngwaga ole mongwefela le yo Charles Lindbergh a neng a fofisa sefofane ale nosi se sa eme gotswa New York go ya Paris ka enjene a nngwe, setilo sele sengwe sa sefofane sa motho a le mongwe. Bontsi bo fetogile ka sebaka sa dingwaga tse 84 go tswa koo. Motho ga a bolo go ya ngweding le go bowa. Tota, fikishene ya maabane ya tsa mafaratlhatlha e setse e rurifaditswe gompieno. Mme thurifatso eo, malebo go maranyane a dinako tsa rona, e fetoga ka bofefo jo eleng gore ga re sa kgona go emisanya le yone — fa ele gore re dira jalo gotlhe. Go rona bao re gakologelwang mogala wa taele le dithaeperwaethara tsa letsogo, maranyane a gompieno a feta mo go gakgamatsang.
Gape le mo go golang ka bofefo ke khampase ya maitsholo a batho. Maitshwaro ao a neng pele a tsewa a sa siama gape ele maitsholo a e seng one jaanong e seng fela gore a a letlelelwa gape a lejwa ke bale bantsi a letlelesega.
Ke sa tswa go bala mo Jenaleng ya Wall Street lekwalwana ka Jonathan Sacks, Mo rabbi mogolo wa Mobrithani. Gareng ga dilo tse dingwe, o ne a kwadile: “Mo go mabapi le setho sengwe le sengwe sa bophirima ka bo 1960 go ne go na le phetogo ya maitsholo, tlogelo ya ngwao yotlhe le tsamaiso ya go ikgapa. Gotlhe mo o go tlhokang, ga opela Beatles, ke lorato. Maitsholo a tsamaiso ya Sekeresete le Sejuta a ne ya ganwa. Mo seeming sa one go ne ga tla [puo e e tsewang ele boammaaruri]: [Dira] sengwe le sengwe se se go berekelang. Ditaelo tse Lesome di ne tsa kwalololwa jaaka Dikgakololo tse di Itiretsweng tse Lesome.”
Rabbi Sacks o ne a tswelela ka go gakgamala:
“Re ntse re dirisa moshate wa maitsholo a rona ka mo go tshwanang le go tlogela go akanya jaaka re ntse re dirisa moshate wa tsa madi a rona. …
“Go na le bontlha jo bogolo jwa [lefatshe] ko bodumedi eleng selo sa maloba mme ga gona lentswe la kganetso go ngwao ya e reke, e dirise, itshupe, ka gore o mosola. Molaetsa ke gore boitsholo bo tlodilwe ke dinako, maikutlo a tshiamo le phosego ke a ba ba bokowa, mme lefoko ka nosi le le fetolang taelo ke gore ‘O seka wa tshwarwa.’”1
Bomorwarre le bokgaitsadiake, se — ka maswabi — se tlhalosa bontsi jwa lefatshe le le re dikologileng. A re itobetsa matsogo ka kakabalo mme re ipotse gore a re ya go tshela jang tota mo lefatsheng le lentseng jaana? Nnya. A ruri, re na mo matshelong a rona efangele ya ga Jeso Keresete, mme re itse gore bitsholo ga bo a tlolwa ke dinako, gore maikutlo a tshiamo kana phosego a teng go re kaela, le gore re na le maikarabelo mo ditirong tsa rona.
Lentswa lefatshe le fetogile, melao ya Modimo e eme golo gole gongwe. Ga e a fetoga; ga e kake ya fetoga. Ditaelo tse Lesome di ntse fela jalo — ele ditaelo. Ga se dikgakololo. Di botlhokwa mo ntlheng nngwe le nngwe gompieno jaaka fela dine dintse fa Modimo a ne a di fa bana ba Iseraele. Mme fa re ka reetsa, re ka utlwa lentswe gape la Modimo, a bua le rona fana le gompieno:
“O seka wa nna le medimo epe fa pele game.
“O seka wa dira gowena setshwantsho sa sebopego sepe. …
“ O seka wa tsaya ka lefela gowena leina la Morena Modimo wa gago. …
“Gakologelwa letsatsi la Sabatha, go le dira Boitshepo. …
“Tlotla rraago le mmaago. …
“O seka wa bolaya.
“O seka wa dira boaka.
“O seka wa utswa.
“O seka wa fa bosupi jwa maaka, …
“O seka wa eletsa.”2
Maitsholo a boitshwaro jwa rona a tlhamaletse; ga a fetolwe. Ga se fela mo Ditaelongtse Lesome mme ke mo semoneng ya Thaba, eo e re filweng ke Mmoloki fa a ne a tsamaya mo lefatsheng. E fitlhelwa gotlhe mo dithutong tsa Gagwe. E fitlhelwa mo mafokong a tshenolo ya segompieno.
Rraetsho yo o kwa Legodimong o tshwana fela maloba, gompieno, le go ya goile. Moporofiti Momone o re bolelela gore Modimo “ga a fetoge goisa bosa khutleng go isa bosa khutleng. ”3 Mo lefatsheng le leo sengwe le sengwe le sebegang se fetoga, Go sa fetogeng ga Gagwe ke sengwe seo re ka ikanyang go sone, setshegetsi seo re ka itshwarelelang thata go sone mme re sireletsege, eseng re feelelwe kgakala ke metsi a sa itsagaleng.
Fa gongwe go ka bonagala nako tse dingwe gore bao ba ba mo lefatsheng ba ja monate thata gona le wena. Bangwe ba lona ba ka nna ba ikutlwa ba kgorelediwa ke maisholo a boitshwaro jo rona mo Kerekeng re bo salang morago. Barwarre le bokgaitsadie, Ke bega go lona, le fa gontse jalo, gore ga go na sepe seo se ka re tlisetsang boipelo jo bogolo mo matshelong a rona kgotsa kagiso e ntsi go mewa gona le Mowa oo ka tlang go rona jaaka fa re sala Mmoloki le go tshegetsa ditaelo. Mowa ga o kake wa nna teng mo ditirelong tsa mefuta e lefatshe ka bontsi le tsayang karolo go tsone. Moaposetola Paulo o ne a bega boammaaruri jwa gore: “Monna wa tlholego ga a amogele dilo tsa Mowa wa Modimo: gonne ke bomatla go ene: gape e bile ga a kake a di itse, ka gore di lemogwa ka semowa.”4 Lefoko monna wa tlholego le kanna la raya mongwe le mongwe wa rona fa re itetlelela go nna jalo.
Re tshwanetse go nna podi matseba mo lefatsheng leo le suteletseng kgakala gotsweng go seo se leng semowa. Go botlokwa gore re gane sepe seo se sa dumalaneng le sekale sa rona, re ganetsa mo tsamaong go ineela go seo re se eletsang thata: botshelo jwa bosa khutleng mo bogosing jwa Modimo. Ditsuatsue di tlaa nna di betse mo mabating a rona nako le nako, go nne ke karolo eo e sa kakeng ya tshwapogwa ya go nna teng garona mo senameng. Rona, le fa gontse jalo, re tlaa bo re le botoka ka ditsompelo go dirisanya le bone, go ithuta mo go bone, le go ba fenya fa re na le efangele ele konokono ya rona le lorato lwa Mmoloki mo dipelong tsa rona. Moporofiti Isaiah o ne a bega, “Tiro ya tshiamo e tlaa nna kagiso; mme maduo a tshiamo tshisibalo le netefatso go ya go ile.”5
Jaaka ele go nna mo lefatsheng mme re se ba lefatshe, go a tlhokafala gore re buisanye le Rraetsho yo o kwa Legodimong ka thapelo. O batla redira jalo; O tlaa araba dithapelo tsa rona. Mmoloki o re tlhagisa jaana, jaaka go kwadilwe mo 3 Nephi 18, gore re “lebelele re rapele ka nako tsotlhe e seng re tsene mo thaelong; gonne Saatane o eletsa go re tsaya. …
“Ka jalo re tshwanetse go rapela go Rara ka leina lame;
“Mme ope yo o tlaa botsang Rara ka leina lame, seo se siameng, a dumela gore o tlaa amogela, bonang o tlaa se fiwa.”6
Ke nnile le bopaki jwame ka maatla a thapelo fa kene kele dingwaga di kanna 12. Ke ne ke berekile thata go nna le madinyana mme ke ne ke kgonne go ipeelea didolara tse tlhano. Se ene ele ka sebaka sa Khutsafalo e Kgolo, fa didolara tse tlhano e ne ele madi a matona — bogolo jang go mosimane yo o 12. Ke ne ka fa matsana ame, ao a neng ele didolara tse tlhano tsotlhe, go rre, mme o ne a mbuseletsa letlhare la dolara tse tlhano. Ke itse gore go ne go na le sengwe seo ken eng ke itebaganye le go se reka ka dolara tse tlhano, le fa ele gore dingwaga tse tsotlhe ga ka gakologelwe gore ene ele eng. Ke gakologelwa fela botlhokwa jwa madi ao gore a ne a ntse jang go nna.
Ka nako eo, re ne re sena mchine o o tlhatswang, jalo mme o ne a tle a nthume go ya go tlhatswa beke le beke diaparo tsa rona seo din eng di tlhokana le go tlhatswiwa. Morago ga malatsi, thankga ya seo re neng re se bitsa “tlhatso e metsi” e tlaa bo e busediwa go rona,mme Mme o tlaa bo a anega dilwana mo terateng ya diaparo kwa morago go oma.
Ke ne ke tsenntse letlhare la me la didolara tse tlhano mo kgwatlheng ya jeni tsame. Jaaka o kanna wa lepa, dijeni tsame di ne di rometswe go ya go tlhatswiwa ka madi a ntse ale mo kgwatlheng. E ne ya re ke lemoga seo se diragetseng, Ke ne ka lwala ele ka go tshwenyega. Ke ne ke itse gore ka tlwaelo dikgatlha dine di tlholwa kwa go tlhatswiwang pele ga go tlhatswa. Fa ele gore madi ame ga a lemogwa mme a tserwe ka sebaka seo, Ke ne ke itse gore go ka tota madi a setse a kgagogile ka nako ya go tlhatswa mme a tlaa tsewa ke mmereki o o tlhatswang yo a ka sekeng a itseng gore madi a tshanetse go buseletswa go kae, le fa ane a eleditse go dira jalo. Photlha tsa go bona gape didolara tse tlhano tsame di ne di le kgakala thata — nnete yeo mme a e rurifaditseng fa kene Ke mmolelela gore ke ne k tlogetse madi mo kgatlheng yame.
Ke ne ke batla madi ao; Ke ne ke tlhoka madi ao; Ke ne ke berekile thata go bona madi ao. Ke ne ka lemoga gore go selo sele sengwe fela seo nka se dirang. Mo go go leng gogolo Kene ka fetogela go Rraetsho yo o kwa Legodimong mme ka lelela go Ene gore a beye madi ame ka tshireletsego mo kgatlheng eo go fitlhela tlhatso e e metsi e tla.
Malatsi a a diegileng morago ga moo, fa ke ne ke itse gore e setse ele nako gore teraka e e folosang e tlise diaparo tsa rona, Ke ne ka ema fa se okomela bagweng, ke eme. Jaaka fa teraka ene e fokotsa lobelo, pelo yame e ne ya betsa. Ka bonako jwa fa diaparo tse di metsi di le mo ntlong, Ke ne ka goga dijeni tsame mme ka tabogela mo kamoreng ya borobalo yame. Ke ne ka tsenya letsogo mo kgwatlheng ka matsogo a a roromang. E ne ya re ke sa bone sepe ka ponyo ya leitlho, Ke ne ka akanya gotlhe go latlhegile. Mme menwana yame ya kgoma letlhare leo la didolara lele metsi. Jaaka kene ke le goga gotswa mo kgwatlheng, tshosologo ene ya tlala gonna. Ke ne ka fa thapelo ya maikutlo ya pelo go leboga Rraetsho yo o kwa Legodimong, gonne Ke ne ke itse gore o ne a arabile thapelo yame.
E sale ka nako eo ya lebaka la bogologolo, Ke nnile le dithapelo tse di sa balegeng tseo di arabilweng. Ga go letsatsi leo le fetang ke sa buisanye le Rraetsho yo o kwa Legodimong ka thapelo. Ke botsalano joo ke botlotlang — jo Ke ka latlhegang ka mmaantota fa bo seo. Fa ele gore jaanong ga o na botsalano jo bo jalo le Rraetsho yo o kwa Legodimong, Ke go gwetlha gore o berekele mo sekgeleng seo. Jaaka fa o dira jalo, o tlaa nna mo seemong sa go fiwa tlhotlheletso ya Gagwe le kaelo mo botshelong — ditlhoko tsa gago go mongwe le mongwe wa rona fa ele gore re tlaa tshela semowa ka sebaka sa tsamao ya rona fana mo lefatsheng. Tlhotlheletso eo le kaelo ke dimpho tseo A dire fang mahala fa ele gore re a di senka. Ke dikhumo ele ruri!
Ke nnisiwa bokgwabo le malebo nako le nako fa Rraestho yo o kwa Legodimong a buisanya le nna ka tlhotlheletso ya Gagwe. Ke ithutile go e lemoga, go e tshepa, go e sala morago. Nako le nako gape Ke nnile kele mmona thuso ya tlhotlheletso yeo. Nngwe ya maitemogelo ao a tshoganetso a diregile ka Phatswe wa 1987 ka sebaka sa go tshwaiwa ga Tempele ya Frankfurt Germany. Moporesidente Ezra Taft Benson o ne a na le rona mo letsatsing la ntlha kgotsa a mabedi a tshwaelo mme o ne a boetse gae, mme ka jalo e ne ya nna tshono yame go etelela diphuthego tse di setseng.
Ka matlhatso re ne ra nna le phuthego ya maloko a rona a Dutch bao ba neng bale kwa kgaolong ya Tempeleng ya Frankfurt. Ke ne ke itsanye sentle le mongwe wa baeteledipele ba popota gotswa kwa Netherlands, Morwarre Peter Mourik. Fela moragonyana ga phuthego, Ke ne ka nna le dikakanyo tse di rileng gore Brother Mourik o tshwanetse gore a bitswe go bua le maloko a gagwe a Dutch ka sebaka sa phuthego le gore, tota, e nne mmui wa ntlha. Ka go bo ke ne ke sa mmona mo tempeleng mosong o, Ke ne ka fitisa mokwalo go Mogolwane Carlos E. Asay, Moporesidente wa Kgaolo ya rona, ke mmotsa gore a Peter Mourik o teng mo phuthegong. Fela moragonyana ga go ema ke simolola phuthego, Ke ne ka amogela mokwalo go tsweng go Mogolwane Asay a supa gore Mokaulengwe Mourik ka mmannete ga a yo teng foo, le gore o tshwaregile golo gongwe, le gore o ne a rulaganyeditse go tsenelela phuthego ya tshwaelo mo tempeleng letsatsi le le latelang le badiredibanna ba seteiki.
Jaaka Ke ne ke eme mo pulipiting go amogela batho le go fa thadiso ya lenaneo, Ke ne ka amogela tlhotlheletso eo e neng e sa fosege gape gore Ke tshwanetse go bolela fa Peter Mourik ele mmui wa ntlha. Se ene ele kganetsego ya tlholego yame, gonne Ke ne ke sa tswa go utlwa gotsweng go Mogolwane Asay gore Morwarre Mourik ka tota ga a yo mo tempeleng. Lefa gontse jalo, ka go tshepa mo tlhotlheletsong, Ke ne ka bolela go bewa pele ga khwaere le thapelo mme jalo ka supa fa mmui wa ntlha e tlaa nna Mokaulengwe Peter Mourik.
E ne ya re ke boela mo setulong sa me, Ke ne ka gadima kwa go Mogolwane Asay; Ke ne ka bona mo sefatlhegong sa gagwe tebego ya kgakgamalo. O ne morago a mpolelela gore e ne ya re ke sena go bolelela Mokaulengwe Mourik ele mmui wa ntlha, o ne a seka a dumela ditsebe tsa gagwe. A re o ne a itse fa ke amogetse mokwalo wa gagwe le gore ka mmannete ke obadile, mme o ne a sa kake a tlhaloganya gore ke ka jang jaanong ke bolela Mokaulengwe Mourik ele mmui, ke ntse ke itse fa a seo mo tempeleng.
Ka sebaka se tsena tsotlhe di neng di diragala, Peter Mourik o ne a le mo phuthegelong kwa di ofising tsa kgaolo mo Porthstrasse. Jaaka phuthego ya gagwe e ne e ntse e tshweletse, o ne ka tshoganyetso a retologela go Mogolwane A. Hawkes Jr., yo ka nako eo eneng ele moemedi wa kgaolwana, mme a mmotsa, “O ka nkisa ko tempele ka bonako jo bo kae?”
Mogolwane Hawkes, yo a neng a itsagala ka go kgweetsa ka lobelo mo koloing ya gagwe e nnye ya metshameko, a araba, “Ke ka go baya koo kafa tlase ga metsotso e 10! Mme ke eng o tlhokana le go ya kwa tempeleng?”
Mokaulengwe Mourik o ne a amogela gore ga a itse gore ke eng a tlhokana le go ya kwa tempeleng mme o ne a itse gore o tshwanetse go ya koo. Bobeding jwa bone bo ne jwa ya koo tempeleng ka ponyo ya leitlho.
Ka sebaka sa nomore ya khwaere, Ke ne ka lebaleba tikologo, ke akanya gore ka nakwana epe fela Ke tlaa bona Peter Mourik. Ke ne ka seke ka mmona. Lentswa, seo, kene ka seke ke gakgamale. Ke ne ka nna le netefatso, eo e ne e sa kakeng ya ganediwa gore tsotlhe di tlaa siama.
Mokaulengwe Mourik o ne a tsena ka kgoro ya fa pele ya tempele fela fa thapelo ya pulo e neng e fetswa, a ntse a sa itse gore ke eng a le koo. E ne yare a tabogela kwa holong, o ne a bona setshwano same mo mogoeletseng mme a nkutlwa ke bolela, “Re tlaa utlwa jaanong gotsweng go Mokaulengwe Peter Mourik.”
Mo kgakgamatsong e kgolo ya Mogolwane Asay, Peter Mourik ka ponyo ya leitlho a tsamaela mo kamoreng mme a tsaya bodulo jwa gagwe mo phudiamong.
Morago ga phuthego, Mokaulengwe Mourik le nna re ne ra buisanya ka ga seo se neng se sa tswa go diragala pele ga tshono ya go bua. Ke ne ka akanya thata ka ga tlhotlheletso eo e tsileng ka letsatsi leo e seng fela go nna mme gape go Peter Mourik. Maitemogelo ao a a gakgamatsang a file bosupi jo bo sa ganediweng go nna jwa botlhokwa jwa go itekanela semoweng go amogela tlhotlheletso e e jalo mme le go tshepa mo go yone — le go e sala morago — fa e tla. Ke itse ke sa botsolotse gore Morena o ne a batlile go bao ba neng bale teng ka phuthego eo ya tshwaelo ya Tempele ya Frankfurt go utlwa bopaki jo bo maatla, jo bo amang jwa motlhanka wa Gagwe Mokaulengwe Peter Mourik.
Barwarre le bokgaitsadiake ba le rategang, puisanyo le Rraetsho yo o kwa Legodimong — go balelwa le dithapelo tsa rona go Ene le tlhotlheletso go rona — e botlhokwa gore re gwetlhelela ditsuatsue le diteko tsa botshelo. Morena o a re laletsa, “Atumela gaufi lenna mme Ke tlaa atumela gaufi le wena; ntshenke ka tlwaafalo mme o tlaa mphitlhela.”7 Jaaka fa re dira jalo, re tlaa utlwa Mowa wa Gagwe mo matshelong a rona, a re fa keletso le bopelokgale jwa go ema ka nonofo le nitamo mo tshiamong — go “ema … mo mafelong a a boitshepo, mme re sa sute.”8
Jaaka fa diphefo tsa phetogo di foka gore dikologa le maitsholo a konokono a batho a tswelela ka go foforega fa pele ga matlho a rona, tla re gakologelweng tsholofelo ya thwathwa e Morena go bao ba Mo tshepang: “Se boifeng; gonne Ken a lelona: lo seka lwa nyema moko; gonne Ke nna Modimo wa gago: Ke tlaa go thatafatsa; ee, Ke tlaa go thusa; ee, Ke tlaa go tshegetsa ka letsogo lame la moja la tshiamo.”9
A tsholofetso! A se enne lesego la rona, Ke rapela ka bopelophepa ka leina le le boitshepo la Morena wa rona Mmoloki, Jeso Keresete, amene.
© 2011 ka Intellectual Reserve, Inc. Tetla tsotlhe di beilwe. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/10. Tetla ya Thanolo: 6/10. Tlhanolo ya First Presidency Message, November 2011. Tswana. 09771 763