2011
O Botlhokwa go Ene
Ngwanatsele 2011


O Botlhokwa go Ene

Morena o dirisa sekale se se farologanyeng le sa lefatshe go kala boleng jwa motho.

Moshe mongwe wa baporofiti ba bagolo bao le fatshe le sa tswa go mo itseng, o ne a godisitswe ke morwadie Faro mme a tsaya dingwaga dile 40 tsa botshelo jwa gagwe mo diholong tsa bogosi jwa Egepeto. O ne a itse ka boene kgalalelo le bogolo jwa bogosi jo jwa bogologolo.

Dingwaga morago, kwa godimo ga thaba e e sekae, kgakala go ntshiweng go tsweng mo botlhaleng le bogolong jwa Egepeto yo motona, Moshe o ne a ema fa pele ga Modimo mme a bua le Ene a mo lebile mo sefatlhegong jaaka motho a bua le tsala ya gagwe.1 Ka sebaka sa nako ya ketelo eo, Modimo o ne a bontsha Moshe modiro wa diatla tsa Gagwe, a mo fa tshono ya go okomela tiro ya Gagwe le kgalalelo. E ne ya re fa pono e fela, Moshe o ne a wela fa fatshe ka sebaka sa dioura tse dintsi. E rile fa nonofo e boela labofelo, o ne a lemoga sengwe gore, mo dingwageng tsotlhe tsa gagwe mo lebatleng la ga Faro, se se iseng se tle mo go ene.

“Ke a itse,” o ne a bua, “gore motho ga se sepe.”2

Re Bannye Gona le Mo re go Akanyang

Ka bontsi jo re ithutang ka lobopo ka gone, ka bontsi jo re tlhaloganyang — go fetanyana ka bontlha jo bonnye — se Moshe a se itsileng. Lobopo lo logolo, ele masaitsiwe, le kgalalelo mo eleng gore ga le tlhaloganyesege mo tlhaloganyong ya batho. “Mafatshe a senang palo Ke a tlhodile,” Modimo o ne a bua go Moshe.3 Dikgakgamatso tsa loapi lwa bosigo di dintle ele bopaki jwa boammaaruri jo.

Go na le dilo di le mmalwa tseo di ntladitseng gore ke sale ke sa heme jaaka go fofa mo bosigong jo bontsho go kgabaganya mawatle le dikonthinente mme go leba kwa ntle ga lefelong la fensetere godimo ga kgalalelo e e sa feleng ya dinaledi.

Baasetoronate ba lekile go bala dinomore tsa dinaledi mo lobopong. Nngwe ya setlhopha sa ba tsa boranyane ba ne ba balela gore dipalo tsa dinaledi tse di gaufi le thelesekoupo ya rona di tsena ga 10 go feta otlhe mmu wa motlhaba mo matshitshing le dikaka tsotlhe tsa lefatshe. 4

Khutlheletso e na le petso e e tshwanang le pego ya moporofiti wa bogologolo Enoke: “Fa go ne go kgonagala gore motho a bale matlapana a lefatshe, ee, didikadike tsa mafatshe jaaka le, e tlaa bo e se tshimologo ya nomore ya ditlholego tsa gago.”5

Go filwe ditlholego tse dintsi tsa Modimo, ga go gakgamatse gore Kgosi Benjamine o ne a gakolola batho ba gagwe gore ba “nne ka nako tsotlhe ka kgakologelo, bogolo jwa Modimo, le bolefela jwa gago.”6

Re Golo Gona le Mo re go Akanyang

Mme le fa ntswa motho e se sepe, go ntlatsa ka kgakgamalo le mo ke saleng ke eme go akanya gore “boleng jwa motho bo bogolo fa pele ga Modimo.”7

Mme le fa re ka nna ra lebelela botona jwa bophara jwa lobopo mme re re, “Motho ke eng o mo tshwantshanya le kgalalelo ya tlholego?” Modimo ene ka bo Ene o rile re lebaka leo A tlhodileng lobopo! Tiro le kgalalelo ya Gagwe — le baka la lobopo le le tona le — ke go boloka a bo a tsholeletsa batho mo kgalalelong.8 Ka mafoko a mangwe, botona jwa bophara jwa bosa khutlheng, dikgalalelo le masaitseweng a a sa feleng a sebaka le nako di agetswe go atswa ke batho ba malatsi otlhe jaaka wena le nna. Rraetsho yo o kwa Legodimong o tlhodile lobopo gore re kanna ra fitlhelela ko re tshwanetseng re le barwa le barwadie ba Gagwe.

Se ke pharatokese ya motho: a bapisiwa le Modimo, motho ga se sepe; mme gape re sengwe le sengwe go Modimo. E re le fa go le kgatlhanong le diemo tsa bosa feleng jwa tlholego re ka nna ra lebega re se sepe, re na le tlhase ya molelo o o tukang wa bosa khutlheng mo teng ga sehuba sa rona. Re na le tsholofetso eo e sa tlhaloganyesegeng ya tshololetso kgalalelong — mafatshe ao a sa balweng — gaufi le go a tshwara. Mme ke keltso e kgolo ya Modimo go re thusa go e tshwara.

Bomatla jwa Boikgogomoso

Moaketsi yo mogolo o itse gore nngwe la sedirisiwa se se tona se se a se kgonang ke go etelela bana ba Modimo go ya bosegong ka go isa kwa lekeketleng la pharatokeseng ya motho. Go ba bangwe, o kopa kwa mekgweng ya bone ya boikgogomoso, a ba budulosa le go ba rotloetsa gore ba dumele mo ditorong tsa bone tsa botlhokwa jwa bone le gosa kgomegeng ga bone. O ba bolelela gore ba fetile tlwaelesego le gore ka go bo ba kgona, ka matsala, kgotsa seemo sa setso, ba beetswe thoko gotsweng mo go se se kalwang se tlwaelesegile sotlhe se se ba dikologileng. O ba etelelapele gore ba swetse gore ka jalo ga ba ka kwa tlase ga melao ya mongwe le mongwe, le gore ba se ka ba tshwenngwa ke mathata a ga ba bangwe.

Abraham Lincoln o tlwaelesegile ka go rata poko e e balegang jaana:

Oh ke eng fa mowa wa motho o tshwanetse go nna boikgogomoso?

Jaaka tshuto ya bofefo ya lentswe la lobopo, leru le bonako le le fofang,

Tlhase ya legadima, kgaogano ya makhubu,

Motho o feta gotsweng botshelong go ya kwa boikhutsong jwa gagwe kwa lebitleng.9

Barutwana ba ga Jeso Keresete ba tlhaloganya gore go tshwantshanya le bosa khutlheng, go nna teng ga rona mo tikologong ya botshelo ke fela “nakwana e khutshwane” mo sebakaneng le nako.10 Ba itse gore boleng jwa boammaaruri jwa motho bo na le go le le gonnye le se lefatshe sele tsholeletsang godimong. Ba itse gore o ka baya godimo ledi lotlhe la lefatshe ka bophara mme le ka seke le go rekele lofo ya borotho mo ekonoming ya legodimo.

Bao ba ba tlaa nnang le “boswa jwa bogosi jwa Modimo”11 ke bao ba nnang “jaaka bana, ba le boineelo, bonolo, boikokobetso, bopelotelele, ba tletse lerato.”12 “Go nne mongwe le mongwe yo o itsholeletsang kgalalelong o tla bewa fatshe; mme ene yo o ikokobetsang o tlaa tsholeletswa kgalalelong.”13 Barutwana bao gape ba tlhaloganya gape gore “fa o le mo tirelong ya bang ka wena o mo tirelong ya Modimo fela.”14

Ga Re A Lebalwa

Tsela enngwe e Saatane a tsietsang ke ka go nyemisa moko. O le ka gore re itebaganye le go lebelela mo bonnyeng jwa rona go fitlhelela re simolola go ganetsa gore re na le boleng jo bo bogolo. O re bolelela gore re ba nnye thata gore ope a ka bona, le gore re lebetswe — bogolo jang ke Modimo.

Mpe ke abelane le lona maitemogelo a me ao a kannang a thusanyana go bao ba ba ikutlwang bale bannye, ba lebetswe, kgotsa ba le nosi.

Dingwaga tse dintsi bogologolo Ke ne ka tsenelela ithutuntsho ya bophaelote mo United States Air Force. Ke ne ke le kgakala le gotsweng kwa gae, kele lesole le lennye la West Germany, ke tshotswe kwa Czechoslovakia, ke goletse kwa East Germany mme ke bua Sekgowa fela ka bothata jo bogolo. Ke gakologelwa sentle mosepele wa me go ya kwa ithutuntshong ya beisi mo Texas. Ke ne ke le mo sefofaneng, ke eme go bapa le mopagami yo a neng a bua ka loleme lo lo bokete la kwa Borwa. Ke ne ke sa kgone go utlwa le fa ele gole go nnye lefoko lepe le a neng a le bua. Ke ne ka ipotsa gore A ke ntse ke rutiwa puo e e fosagetseng nako tsotlhe. Ke ne ka tshosiwa ka go akanya gore ke tshwanetse go gaisanya mo setulong se se elediwang se se godimo mo ithutuntshong ya bophaelote kgatlhanong le baithuti bao e neng ele babui ba gae ba Sekgowa.

Fa Ke goroga kwa boemela fofaneng jwa masole mo toropong ya Big Spring, Texas, Ke ne ka senka mme ka bona lekalana la Baitshepi ba Malatsi — a Bofelo, jo o boneng bo akaretsa maloko a mannye a mmalwa bao ba neng ba tsenelela mo dikamoreng tseo dineng di duelelwa mo teng ga boemela fofaneng jwa masole. Maloko a ne ale mo tsamaelong ya go aga ntlo ya phuthego e nnye gore e nne ele lefelo la sennela ruri sa Kereke. Ka nako tseo maloko a ne a afa thata mmereko mo dikagong tse disha.

Letsatsi le letsatsi Ke ne ke tsenelela ithutuntsho yame ya bophaelote mme ke ithuta thata jaaka ke ka kgona le go dirisa nako ya me e e setseng go berekela mo ntlong ya phuthego e ntsha. Koo ke ne ka ithuta gore bobedi-ka bone ga se kgato ya tantshe mme ke lebako la legong. Ke ne ka ithuta botlhokwa jwa botswerere jwa go tshela mo go foseng monwana wa kgonotswe wame fa ke betsa sepekere.

Ke ne ka nna le nako entsi ke bereka mo ntlong ya phuthego eo moporesidente wa lekalana — yo e neng ele morutuntshi wa gofofisa — yo aneng a ngongorega mabapi le gore gongwe Ke tseye nako entsi ke ithuta.

Ditsala tsame le bangwe ka nna ba baithuti ba diphaelote ba ne ba tsaya karolo mo go itlakiseng ka metshameko le bone, le fa gontse jalo Ke akanya gore go siame gore kere mengwe ya metshameko eo ene e ka seke ebe ele mo tseleng ya phamfelete ya bogompieno ya For the Strength of Youth. Mo karolong yaaka, Ke ne ke ipelela gore ke ne kele motsaya karolo wa popota wa lekalana le lennye la botlhaba jwa Texas, ke dirisa botswerere jwame jo ke sa tshwang go bo bona jwa bobetli, le go tokafatsa Sekgowa same jaaka Ke ne ke swetsa pitso yame ya go ruta mo khwaramong ya bagolwane le mo Sekolong sa Sontaga.

Ka nako eo, Big Spring, le fa gontse jao ka leina la lone, e ne ele nnye, e sa bonagale, ebile e le lefelo le leneng le sa itsege. Mme Ke ne ke tlhola ke ikutlwa ka tsela ele nngwe ka ga nna — ke sa bonagale, ke sa itsagale, gape kele nosi. Le ka jalo, Kene ka seke ka akanye gangwe gore a Morena a o ntebetse kgotsa a A ka kgona go mpona koo. Ke ne ke itse gore ga go kgathale go Rraetsho yo o kwa Legodimong gore ke ko kae, gore ke itepatepanya jang le ba bangwe mo tlelaseng ya bophaelote ya ithutuntsho, kgotsa gore pitso yame ke eng mo Kerekeng. Seo se neng seneng sele botlhokwa mo go Ene ke gore ke ne ke dira bojotlhe jo ke neng ke bokgona, gore pelo yame e bobegetse go Ene, le gore ke eletsa go thusa bao ba ba ntikologileng. Ke ne ke itse gore ga nka dira bojotlhe jo ke bokgonang, tsotlhe ditlaa siama.

Mme tsotlhe dine tsa siama.15

Bofelo Botlaa Nna Jwantlha

Morena ga a kgathale gore a re tsaya malatsi otlhe a rona re bereka mo diholong tsa mmabole kgotsa dikagong tsa dipitse. O itse gore re ko kae, go sa kgathalesege gore a seemo sa rona se boikokobetso go le kae. O tlaa dirisa — ka tsela ya Gagwe le ka maikaelelo a a boitshepo a Gagwe — bao ba ba bobedisang dipelo tsa bone go Ene.

Modimo o a itse gore batho ba bangwe ba bagolo bao ba tshidileng e sale lefatshe le nna ke bao ba ba ka se kakeng ba bonagala mo dikwalong tsa ditso. Ba segofetse, mewa eo e boikokobetso eo e kopang sekai sa Mmoloki ebile ba nna malatsi a bone ba dira molemo.16

Nngwe ya bao ke khapole, batsadi ba tsala yame, bane ba a fa sekao gonna mo molawaneng o. Monyadi o ne a bereka kwa felong la ditshipi mo Utah. Ka dijo tsa motshegare o tlaa bo a ntsha mekwalo ya tumelo kgotsa koranta ya Kereke mme a bale. E ne e re fa babereki ba bangwe ba bona se, ba ne ba ikgatlha ka ene mme ba mo itpatepanye nae ka ditumelo tsa gagwe. Nako le nako fa ba dira jalo, o ne a buwa nabo ka bonolo le ka tshepo. O ne a sa letlelele gore go sa motlotla ga bone go mo dire gore a tenege kgotsa a nyale.

Dingwaga morago mongwe wa bao ba ba neng ba le baikgatlhi ba baneng ba le dipuopuo o ne a lwala. Pele ga a tlhokafala, o ne a kopa gore monna yo wa moikokobetsi a bue kwa phitlhong ya gagwe — seo aneng a se dira.

Leloko le la boikanyego le la Kereke ga a ise ake a nne le sepe se segolo mo tseleng tsa seemo sa setho kgotsa dikhumo, mme tlhotlheletso e ne e isa kwa boteng go botlhe bao ba ba neng ba moitse. O ne a tlhokafala ka kotsi mo mmerekong jaaka a ne a ema go thusa mmereki yo mongwe yo o a neng a tshwerwe ke mmuwane.

Mo go sa feteng ngwaga motlholagadi wa gagwe o ne a tshwanelwa ke go nna le loaro lwa tlhogo, leo le mo tlhogetseng a sa kgone go tsamaya. Mme batho ba rata go tla go nna le nako le ene ka gore o a reetsa. O a gakologelwa. O a kgathala. A sa kgone go kwala, o ikgakolola dinomore tsa bana le bana ba bana ba gagwe tsa megala. Ka lorato o gakologelwa malatsi a matsalo le meletlo ya kwetso dingwaga.

Bao ba ba moetelang ba tla ba ikutlwa botoka ka botshelo le ka bo bone. Ba ultwa lorato lwa gagwe. Ba itse gore o a kgathala. Ga anke a ngongorega mme o nna malatsi a gagwe a segofatsa matshelo a ba bangwe. Mongwe wa ditsala tsa gagwe o ne a re ka mosadi yo gore ke mongwe wa batho ba ba mmalwa ba a ba itseng bao ba fang sekao le lorato la botshelo jwa ga Jeso Keresete.

Khapole e ke bangwe ba ntlha bao ba ka bong ba rile ga ba botlhokwa thata mo lefatsheng le. Mme Morena o dirisa sekale se se farologanyeng thata mo go sa lefatshe ka go kala boleng jwa motho. O itse khapole e e e boikanyego; O a ba rata. Ditiro tsa bone ke bosupi jwa bone jo bo tshelang jwa tumelo go Ene.

O Botlhokwa go Ene

Barwarre le bokgaitsadiake ba ba rategang, go ka tswa go le boammaaruri gore motho ga se sepe fa o mo tshwantshanya le bogolo jwa lobopo. Ka dinako dingwe re ka nna ra ikutlwa re le bannye, re sa bonagale, re le nosi, kgotsa re lebetswe. Mme gakologelwa — o botlhokwa go Ene! Fa o ka belaela seo, akanyetsa melawans e ya selegodimo e mene:

Santlha, Modimo o rata baikokobetso le baingotli, gonne ke “ba bagolo go feta mo bogosing jwa legodimo.”17

Sa bobedi, Morena o re tshepile ka “efangele ya botlalo ya [Gagwe] [go] anamisiwa ke ba babokowa le ba bamotlhofo goisa dikhutlhong tse nne tsa lefatshe.”18 O tlhophile “dilo tse di bokowa tsa lefatshe [go] tla pele go robaka tseo tse dikgolo tse di nonofileng”19 mme le go tlhabisa ditlhong “dilo tse dikgolo.”20

Sa boraro, go sa kgathalesege gore o nna kae, go sa kgathalesege gore seemo sa gago se boikokobetso jang, gore mmereko wa gago e bonnye jang, gore go bokgoni jwa gago bo kgorelesegile jang, le gore o bonagala o tlwaelesegile jang, kgotsa pitso ya gago e katswa e lebega bonnye jang mo Kerekeng, o a bonagala mo go Rraetsho yo o kwa Legodimong. O a go rata. O itse pelo ya gago ya boikokobetso le ditiro tsa gago tsa lorato le bopelontle. Mmogo, di dira bopaki jo bo sa felleng jwa maitlamo le tumelo.

Sa bone gape ele sa bofelo, ka tswee tswee tlhaloganya gore seo o se bonang le o se itemogela jaanong ga se se tla nnang jalo go ya goile. Ga o kake wa ikutlwa o le budutu, o hutsafetse, kgotsa o nyemogile moko go ya goile. Re na le tsholofelo ya boikanyego ya Modimo gore Ga a kitla a re lebala kgotsa a re a itlhokomolosa bao ba dipelo tsa bone di bobetsegetseng go Ene.21 Nna le tsholofelo le tumelo mo tsholofetsong eo. Ithute go rata Rraetsho yo o kwa Legodimong mme o nne morutwana wa Gagwe ka lefoko le ka ditiro.

Nna le netefatso ya gore fa o itshegeletsa, o dumela go Ene, mme o nna ka boikanyego mo go tshegetseng ditaelo, le tsatsi lengwe o tlaa nna le maitemogelo a ditsholofetso tseo di senotsweng go Moaposetola Paulo: “Leitlho ga le ise le bone, kana tsebe e utlwed, kana go tsene mo pelong ya motho, dilo tse Modimo a di baakanyeditseng bao ba ba mo ratang.”22

Barwarre le bokgaitsadiaka, Motshidi yo o maatla le go feta mo lobopong ke Rara wa mowa wa gago. O a go itse. O a go rata ka lorato le le botlalo.

Modimo o go itse ecsng fela o le motshidi wa motho mo polaneteng e nnye yo o tshelang ka paka e khutshwane — O go bona o le ngwana wa Gagwe. O go bona ole motho yo o kgonang yo o diretsweng go nna. O batla go re o itse gore o botlhokwa go Ene.

A ko re dumeleng, re tshepeng, le go isa matshelo a rona tseleng gore re tlhaloganye boammaaruri jwa roan jwa bosa khutlheng le boleng jwa e kannang jwa rona. A ko re nneng ka boitekanelo semoweng go masego a a thwathwa ao Rraetsho yo o kwa Legodimong a re a beetseng ke thapelo yame ka leina la Morwa wa Gagwe, eleng Jeso Keresete, amene.

Gatisa