2011
Dithuto tsa Nako ya Rona
Ngwanatsele 2011


Dithuto tsa Nako ya Rona

Boperesita jwa Melekheseteke le Mokgatlho wa Thuso mo Sontageng wa bone o tlaabo o remeletse mo “Dithuto tsa Nako ya Rona.” Thuto engwe le ngwe e ka baakanyediwa mo puong engwe kgotsa dipuo tse mmalwa mo phuthego kakaretso ya bosheng (bona chate fa tlase) Boporesidente ba Seteiki le kgaolwana ba ka tlhopha dipuisano tse ditla dirisiwang, kgotsa ba ka neela bobishopo le boporesidente ba makalana maikarabelo ao. Baeteledipele ba tshwanetse go gatelela boleng jwa bakaulengwe mo Boperesiting jwa Melekheseteke le bokgaitsadi mo Mokgatlho wa Thuso go ithuta dipuisano dile dingwe mo Sontageng yoo.

Bao batlang thutong ya Sontaga wa bone ba rotloediwa go ithuta le go tlisa montlung ya borutelo buka ya kgatiso ya phuthego kakaretso ya bosheng.

Megopolo go Ipaakanyetsa Thuto go tsweng Dipuisanyong

Rapela gore Mowa o o Boitshepo o nne le wena jaaka o ithuta le go ruta (di) puisanyo. O ka nna wa raelesega go baakanyetsa thuto e o dirisa didirisiwa di sele, mme dipuisanyo tsa phuthego di mo togamaanong ya thuto e e laotsweng. Thomo ya gago ke go thusa ba bangwe go ithuta le go tshela efangele e e rutwang mo phuthego kakaretso ya bosheng ya Kereke.

Lebelela (di) puisanyo, o batla melawana le dithuto tse dikgotsofalelang letlhoko la maloko a tlelase. Gape lebelela metshameko, kaedi ya mafoko a tumelo, le ditemana go tsweng (di) puisanong tse ditla go thusang go ruta nnete ee.

Dira metlhale ya gore o tla ruta jaang melawana le dithuto tse. Metlhale ya gago e tshwanetse go akaretsa dipotso tse ditla thusang maloko a tlelase:

  • Leba melawana le dithuto mo (di) puisanyong.

  • Akanya ka ditlhaloso tsa tsone.

  • Ngathelana go tlhaloganya, megopolo, maitemogelo, le bopaki.

  • Diragatsa melawana le dithuto tse mo matshelong a bo ne.

Dikgwedi tse Dithuto tse Di Rutiwang

Di dirisiwa tsa Thuto ya Sontaga ya Bone

Ngwanatsele 2011–Moranang 2012

Dipuisanyo tse di anamisitsweng mo Motsheganong 2011 Liahona *

Motsheganong 2012–Phalane 2012

Dipuisanyo tse di anamisitsweng mo Motsheganong 2012 Liahona *

Gatisa