2011
Tsaya Kgwetlho ya Malebogo
Sedimonthole 2011


Bonana

Tsaya Kgwetlho ya Malebogo

A re se bue fela ka go bala masego a rona—a re direng jalo! Kwala palololo ya dilo tse 100 tseo di lebogelang. Fa seo se utlwalega jaaka e kete go gontsi thata, le ka seno:

  1. Kwala boitekanelo jwa senama jo 10 jo o bo lebogelang.

  2. Kwala dilwana tseo nang le tsone dile 10 tseo di lebogelang.

  3. Kwala batho ba le 10 ba o ba lebogelang.

  4. Kwala batho ba le 10 bao ba tlhokafetseng bao o ba lebogelang.

  5. Kwala dilo tse 10 ka ga tlholego tseo o di lebogelang.

  6. Kwala dilo tse 10 ka letsatsi leno tseo o di lebogelang.

  7. Kwala mafelo a le 10 mo lefatsheng a o a lebogelang.

  8. Kwala ditlhamo tse 10 tsa segompieno tse o di lebogelang.

  9. Kwala dijo tse 10 tse o di lebogelang.

  10. Kwala dilo tse 10 ka ga efangele tse o di lebogelang.

Fa re balolola jaana, re lemoga gore go balolola mo go 100 ga go ise go be go ngape fa godimo dilo tsotlhe tseo Modimo a re di fileng.

Gatisa