2011
Go Itlhophela Go Leboga
Sedimonthole 2011


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Sedimonthole 2011

Go Itlhophela GoLeboga

Setshwantsho
Ka Moporesidente Henry B. Eyring

Rraetsho yo o kwa Legodimo o re laola gore re leboge mo dilong tsotlhe (bona 1 Batheselonika 5:18), mme O re lopa gore re neele malebo a masego a re a amogelang (bona D&C 46:32). Re a itse gore ditaolo tsotlhe tsa gagwe di direletswe go re itumedisa, mme re a itse gape gore go roba ditaolo go isa khutsafalong.

Ka jalo boitumelo le go thibogela khutsafalo, re tshwanetse go nna le pelo ya go leboga. Re bone mo matshelong a rona tomagano magareng ga malebogo le boitumelo. Rotlhe re rata go ikutlwa re na le malebogo, mme ga go motlhofo gore nako tsotlhe re be re leboga mo dilong tsotlhe tsa ditekong tsa botshelo. Bolwetse, go swabisiwa, le go latlhegelwa ke batho bao re ba ratang go a tla mo dinakong dingwe mo matshelong a rona. Mahutsana a rona a ka dira gore go nne thata go bona masego a rona le go lebogisa masego ao Modimo a re a boloketseng mo isagong.

Ke kgwetlho go bala masego a rona ka gore re na le go ganeleleng kwa go tsayeng dilo tse di molemo motlhofo. Fa re latlhegelwa ke marulelo godimong ga ditlhogo tsa rona, le dijo go ja, kgotsa kamano ya ditsala le ba lelwapa, re lemoga gore re ka bo re nnile le malebo fa re santsane re na le tsone.

Mo go tsone tsotlhe, nako tse dingwe go thata mo go rona go lebogela mo go lekaneng dimpho tse dikgolo tse re di amogelang: go tsholwa ga ga Jeso Keresete, Tefo ya Gagwe, tsholofetso ya go tshoga mo baswing, tshono wa go ipelela botshelo jwa bosakhutleng le ba malwapa a rona, go Buseletswa ga efangele le boperesiti le dilotlele tsa jone. Fela ka thuso ya Mowa o o Boitshepo re ka simolola go utlwa seo se masego ao a se rayang go rona le bao re ba ratang. Mme fela jalo re ka solofela go nna le tebogo mo dilong tsotlhe le go thibogela go kgopisa Modimo mo go sa lebogeng.

Re tshwanetse go kopa mo thapelong gore Modimo, ka thata ya Mowa o o Boitshepo, o tlaa re thusa go bona masego sentle le tota mo gare ga diteko. O ka re thusa ka maatla a Mowa go lemoga le go lebogela masego ao re a tsayang motlhofo. Seo se nthusitseng thata ke go kopa Modimo mo thapelong, “Ao tsweetswee o Ka nkaela mongwe yo ke ka mo go thusetsang?” Ke mo go thuseng Modimo go segofatsa ba bangwe mo o Ke boneng masego ame gaufi thata.

Thapelo ya me e kile ya arabiwa fa khapole eo Ke neng ke sa e itse ene ya ntaletsa go ya sepatela. Ko o Ke ne ka bona ngwana yo monnye a le monnye mo eleng gore o ne a lekana le seatla sa me. Fela mo dibekeng tse dikhutshwane tsa botshelo, o ne a fetile mo maarong a le mmalwa. Dingaka di ne di boleletse batsadi gore maaro a mangwe a a bokete a a tlhokafala a pelo le makgwafo go tshegetsa botshelo mo ngwaneng yo monnye yo o wa Modimo.

Ka kopo ya batsadi, Ke ne ka neela ngwana tshegofatso ya boperesiti. Tshegofatso ene e akaretsa tsholofetso ya go oketsa malatsi a botshelo. Go go fetang go neela lesego, Nna ke ne ka amogela lesego la pelo ya malebogo.

Ka thuso ya ga Rara wa rona, rotlhe re ka tlhopha go utlwa malebogo a magolo. Re ka mo kopa go re A re thuse go bona masego a rona sentle, go sa kgathalesege gore diemo tsa rona ke eng? Ka letsatsi leo mogo nna, Ke ne ka lebogela go feta pele kgakgamatso ya gore pelo yame le makgwafo dia a bereka. Ke ne ka fa malebogo motseleng ke ya gae masego go bo ngwanake a gore ke bonang sentle ko kgakgamatso tsa bopelontle di tswang ko Modimong le ko di tswang mo bathong ba ba molemo ba ba ntikologileng.

Go feta tsotlhe, Ke ikutlwile ke na le malebogo a bosupi jwa Tefo e bereka mo matshelong a batlhobaedi ba batsadi le nne. Ke bone tsholofelo le lorato le le itshekileng la ga Keresete le phatsima mo difatlhegong tsa bone, le tota mo tekong e e boitshegang ya bone. Mme Ke ne ka ikutlwa bosupi jo o ka bo utlwang fa o kopa Modimo go go senolela gore a Tefo e ka go letlelela go utlwa tsholofelo le lorato.

Rotlhe re ka itlhophela go fa malebo mo thapelong le go kopa Modimo gore kaela go direla ba bangwe go Ene—thatathata mo nakong eno ya ngwaga fa re ipelela botsalo jwa Morena. Modimo Rara o re file Morwa wa Gagwe, mme Jeso Keresete o re file Tefo, mpho e e kgolo fo di feta tsotlhe le tsotlhe tse di filweng (bona D&C 14:7).

Go fa malebogo mo thapelong go ka re letlelela gore re bone botona jwa masego le otlhe masego a mangwe ka jalo re amogele mpho ka malebogo a pelo e kgolo.

Go ruta go tswa Molaetseng o.

Go kwala fa fatshe maitemogelo a rona le masego go ka re thusa go a gakologelwa le go re neela sengwe se re ka boelang go sone. A kanya go kopa bao o ba rutang go kwala fa fatshe seo o se lebogelang—go ba thusa go gakologelwa masego ao ba ba amogetseng, go lemoga masego a gone jaanong, le go lebelela kwa pele ko masegong a mo isagong.

O ka rotloetsa gape bao o ba rutang go sala morago sekai sa Moporesidente Eyring sa go kopa Rraetsho yo o kwa Legodimong go ba bontsha mongwe yo o ka mo ba thusang kgotsa ba mo direla.

Gatisa