2011
Bophara jwa Kgang ya go Dira
Sedimonthole 2011


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Sedimonthole 2011

Bophara jwa Kgang ya go Dira

Bala sedirisiwa se mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Morena, Kereke ya gagwe, malwapa, le metse e tlhoka tlhotlheletso ya basadi ba tshiamo. Ka nnete, Mogolwane M. Russell Ballard wa Khwaramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o ne a ruta gore, “Mongwe le mongwe wa bokgaitsadi mo Kerekeng yo a dirileng dikgolagano le Morena o na le taolelo ya selegodimo go thusa go boloka batho, go etelelapele basadi ba lefatshe, go nonotsha magae a Sione, le go aga bogosi jwa Modimo.”1

Bangwe ba bokgaitsadi ba ka ipotsa gore a ba ka diragatsa boikaelelo jo tlotlomatso e kalo. Mme jaaka Eliza R. Snow (1804– 87), moporesidente wa kakaretso wa bobedi wa Mokgatlho wa Thuso, o tlhalositse, “Ga go mokaulengwe yo o fa thoko thata, mme karolo ya gagwe ele tshesane mme ele se aka se dirang thata go isa go tshegetsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.”2 Kgaitsadi Snow gape o ne a ruta gore Mokgatlho wa Thuso o ne wa rulaganyediwa “go diragatsa sengwe le sengwe se se molemo le tiro e tlotlegile.”3

Go tsaya karolo mo Mokgatlhong wa Thuso go oketsa bophara jwa tlhotlheletso ka go neela mongwe le mongwe wa bakaulengwe tshono ya go aga tumelo, go nonotsha malwapa le magae, le go fa tirelo gotlhe ko gae le go iseng lefatsheng lotlhe. Ka letlhogonolo, thata ya rona re le batho le jaaka Mekgatlho ya Thuso ga e tlhoke go re e be ele metona le go re e be e pikame, mme e tshwanetse gore e be e akanyeditswe e tlhomama. Ditiragatso tsa tshiamo jaaka thapelo ya tsatsi le letsatsi ole motho le ole lelwapa, go ithuta tsatsi le letsatsi mo mafokong a a boitshepo, le go tlhomama re godisa dipitso tsa Kereke go tlaa re thusa go oketsa tumelo le go aga bogosi jwa Morena.

Go bokgaitsadi bao ba ipotsang gore a go neela ka tidimalo go ka dira pharologanyo, Mogolwane ballard a netefatsa: “Mongwe le mongwe wa bakaulengwe yo o emang ka boammaaruri le tshiamo o nyeletsa tlhotlheletso ya bosula. Mongwe le mongwe wa bakaulengwe yo o nonotshang a sireletsa lelwapa la gagwe o dira tiro ya Modimo. Mongwe le mongwe wa bakaulengwe yo o tshelang jaaka mosadi wa Modimo o nna pakane go ba bangwe gore ba mo sale morago le gore ba jwale peo ya tshiamo ya tlhotlheletso eo e tlaa rojwang mo masomeng a dingwaga tse di tlang.”4

Go tsweng mo Mafokong a a Boitshepo

1 Bakorinta 12:4–18; 1 Timotheo 6:18–19; Mosaeya 4:27; Mekwalwana ya Tumelo 1:13

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Eliza R. Snow, yo o neng a direla jaaka mokwaledi fa Mokgatlho wa Thuso o ne o rulaganngwa mo Nauvoo o ne a bitswa ke Moporesidente Brigham Young (1801–77) go etela gotlhe mo Kerekeng, a thusa bobishopo go rulaganya Mokgatlho wa Thuso mo diwateng tsa bone.

Mokaulengwe Snow o rutile gore: “Fa mongwe wa barwaetsana le bo mme mo Iseraele ba ikutlwa bale tlase ba ngotlofetse mo lefelong le ba leng teng jaanong, ba re jaanong ba bone tebelelo e ntsi go maatla mangwe le manwe le kgonego go dira bomolemo jo o ka bo bone ka kgololesego ba bo entailweng. … Moporesidente Young o buletse dinotlele ka bophara jwa kgang ya go dira le go solega molemo.”5

Dintlha

  1. M. Russell Ballard, “Women of Righteousness,” Liahona, Dec. 2002, 39.

  2. Eliza R. Snow, “An Address,” Woman’s Exponent, Sept. 15, 1873, 62.

  3. Eliza R. Snow, “Female Relief Society,” Deseret News, Apr. 22, 1868, 81.

  4. M. Russell Ballard, Liahona, Dec. 2002, 39.

  5. Eliza R. Snow, Deseret News, Apr. 22, 1868, 81.

Ke Ka Dirang?

  1. ka dirang go thusa bakaulengwe bao Ke ba etelang go lemoga le go dira ka natla go nna thotloetso ya tshiamo?

  2. Ke ka dirisa dimpho tsame tse di kgethegileng le talente go segofatsa ba bangwe jang?

Gatisa