2012
Bopelokgale go Itshokela Matsubutsubu
Ferikgong 2012


Banana

Bopelokgale go Itshokela Matsubutsubu

Ka bosigo jwa bobedi jwa kampa ya seteiki sa me sa Basadi ba ba Botlana, re ne ra nna le pula ya matsubutsubu a magolo le setsuatsue segolo. Wate yame e ne e nale basadi ba ba botlana ba kanna 24 ba tlile kampeng ba nale baeteledipele ba babedi, mme rotlhe rene re tshwanetse go tsena mo ntlwaneng tse dinnye go itshireletsa. Pula e ne ena thata, mme diphefo dine tsa oketsega. Ke ne ka tswelela ka go ikgakolola thapelo ka tshireletso eo moporesidente wa rona wa seteiki a re e fileng pele. Wate ya rona gape ene ya a fa thapelo ele setlhopha mo ntlwaneng ya rona, mme kene ka afa dithapelo tsame ka bo nna.

Basetsana ka bontsi ba ne ba tshogile, mme go ne gole motlhofo go bona gore ka goreng. Ntlwana ya rona e ne e sa agega sentle, mme re ne rele gaufi le noka. Ka sebaka sa metsotso e 20 matsubutsubu a ne a oketsega thata mo e leng gore seteiki sotlhe se ne sa tshwanelwa ke go tshaba go tsweng mo mantlwaneng a wate ya sone go ya kwa mantlwaneng a bagakolodi, ao a neng a le fa lefelong lele kwa godimo. Moporesidente waaka wa seteiki o ne a fa thapelo e nngwe gape, mme re ne ra opela difela, dipina tsa Poremari, le dipina tsa kampa ka maiteko a go ikgomotsa. Ee, re ne re tshogile, mme re ne re ikutlwa gore sengwe le sengwe se tlaa siama. Sephatlo sa oura morago gone go Siame go boela kwa mantlwaneng a wate tsa rona.

Re ne morago ra bona seo se diragaletseng setsuatsue se segolo bosigo joo. Sene se kgaoganye ele matsubutsubu a le mabedi. Mangwe a o ne a ne a re pota ka kwa mojeng mme a mangwe kwa molemeng. Se re se boneng ene e se bosula jwa sone!

Ke itse gore Modimo o utlwile dithapelo tsa rona bosigo joo le gore O re sireleditse mo bosuleng jwa matsubutsubu. Ke eng fa setsuatsue sene se kgaogana fa e se gore Modimo o ne a batla se nna jalo? Ke itse gore mo matsubutsubung a botshelo, re ka kgona nako tsotlhe go rapela Rraetsho yo o kwa Legodimong mme o tlaa re utlwa e bile a re arabe, a re fa bopelokgale le tshireletso e re e tlhokang gore re tshele ka polokesego.

Gatisa