2012
Go tshela Botshelo ka Letlotlo
Ferikgong 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Hirikgong 2012

Go tshela Botshelo ka Letlotlo

Kwa tshimologong ya ngwaga o mosha, Ke gwetlha Baitshepi ba Malatsi-a Bofelo gongwe le gongwe go tsaya tsheka tsheko e e rileng, ya bone, ka tlhagafalo mo go se ke se bitsang botshelo ka letlotlo- botshelo jo bo tletseng ka katlego, bomolemo, le masego. Jaaka fa re ithutile ABCs kwa sekolong, Ke fa di ABCs tsame go re thusa rotlhe go bona botshelo ka letlotlo.

Nna le Mokgwa o o Rotloetsang

A mo go bo ABCs ba me o raya Mokgwa. William James, mothobolodi wa Moamerika wa mmala tlhaloganyo le motlhalefi wa kakanyo, o ne a kwala, “Tikologo e kgolo ya metlha ya rona ke go lemoga fa batho, ka go fetola mekgwa ya bone ya boteng ya ditlhaloganyo, ba ka fetola tebo ya bone ya matshelo a bone a kwantle.”1

Se sentsi mo botshelong se remeletse mo mokgweng wa rona. Tsela eo re itlhophelang go bona dilo le go fetolela ba bangwe go dira pharologanyo yotlhe fela. Go dira gotlhe mo re go kgonang mme re itlhophele go itumela ka seemo sa rona, seo e ka bong e le sengwe le sengwe, go ka tlisa kagiso le kgotsofalo.

Charles Swindoll-mokwadi, morutuntshi, le moruti wa Mokeresete- o ne a re: “Mokgwa, go nna, o botlhokwa go na le … seo se fitileng, … gona le madi, go na le seemo, go nale tlhaelo, go nale dikatlego, go nale seo batho ba bangwe ba akanyang ka sone kgotsa ba bua kgotsa ba dira. O botlhokwa thata go nale go bonala, go nna le mpho, kgotsa botsetseleko. O ka dira kgotsa wa senya setlhopha, kereke, legae. Selo se se gakgamatsang ke gore re nale tshwetso malatsi otlhe mo mokgweng o re tlaa o kamatlelang ka letsatsi leo.”2

Ga re kake ra kaela phefo, mme re ka tlhomamisa go tsamaya ga sekepe. Mo boitumelong jo bo kwa godimo, kagiso, le kgotsofalo, a re itlhopheleng mokgwa o o rotloetsang.

Dumela mo go Wena

B ke go dumela — mo go wena, mo go bao ba ba godikologileng, le mo melawaneng ya bosakhutlheng.

Nna le tshepego go wena, le ba bangwe, le Rara yo o kwa Legodimong. Mongwe wa bao baneng ba sa tshepege go Modimo go fitlhela go nna le tiego e ne ele Cardinal Wolsey yo, go ya ka Shakespeare, a fetisitseng botshelo jo bo telele mo tirelong ya dikgosi tse tharo mme a aja monate khumo le maatla. Lwa bofelo, o ne a gapelwa maatla le dithoto tsa gagwe ke kgosi e e neng e se pelotelele. Cardinal Wolsey o ne a lela:

Fa ke ne ke diretse Modimo wame ka sephatlo sa tlhwaafalo

Ke diretse kgosi yame, O ne a ka seke ka mo ngwageng tsame

A ntlogela ke sa ikatega mo babeng bame.3

Thomas Fuller, Lekgoa la monna wa mokereki gape ele wa ditso yo a neng a tshela ka lobaka lwa ngwaga tse lekgolo la bo 17, o ne a kwala boammaaruri jo: “Yo o a sa dumeleng ga a tshele go ya ka tumelo ya gagwe.”4

O seka wa ikaya tlase gape o seka wa letlelela ba bangwe go go sita gore o ikaele tlase mo go se o ka se dirang. Dumela mo go wena mme o tshele gore o fitlhelele dikgonagalo tsa gago.

O ka kgona se o dumelang gore o ka sekgona. Tshepa mme o dumele o nne le tumelo.

Lebagana le Dikgwetlho ka Bopelokgale

Bopelokgale bo nne tlhokego le bomolemo jo bo bo tlhokwa fa bo tsewa e se ketleetsego ya go swa ka se nna mme e le boikaelelo go tshela mo go siameng.

Ga rialo mo Amerika wa mokwadi wa dipolelo le mmoki Ralph Waldo Emerson: “Sengwe le sengwe seo se dirang, o tlhokana le bopelokgale. Nngwe le nngwe tsela e o e itlhophelang, go tlaa nna le mongwe yo o tlaa go bolelelang gore o fositse. Go na le makete a a nnang ao a go raelang go dumela gore baganetsi ba gago ba nnete. Go nna le mmepe mo tseleng ya tiro le go e sala morago go isa bokhutlong go tlhokana le bopelokgale jo bo tshwanang le jo bo tlhokiwang ke lesole. Kagiso e na le phenyo ya yone, mme go tsaya banna le basadi ba ba sa tshabeng go ba fenya.”5

Go tlaa nna le nako e o tlaa bong o boifa o nyemile marapo. O ka nna wa ikutlwa o fentswe. Bowelo jwa go bona phenyo bo ka nna jwa bonala bo phikame. Ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa jaaka Tafite a lwantsha Goleata. Mme gakologelwa — Tafite o ne a fenya!

Bopelokgale bo a tlhokafala go dira kgorometso ya ntlha goisa kwa mokgeleng o o elediwang, mme bopelokgale jo bogolo bo a bilediwa fa motho a kgopegile mme a tshwanetse go dira boiteko gabedi.

Nna le boikaelelo go dira boiteko, kgopolo e nngwe fela mo go berekeleng mokgele o o tshwanelang, le go nna bopelokgale e seng fela go itebaganya le dikgwetlho tseo di tlang ka nnete mme gape go diragatsa boiteko gabedi, fa ele gore moo go a tlhokega. “Fa gongwe bopelokgale ke lentswe le le sesane kwa bofelelong jwa letsatsi bo bo reng, ‘Ke tlaa leka gape ka moso.’”6

A re gakologelweng di ABCs tsena jaaka fa re simolola mosepele wa rona go isa mo ngwageng o mosha, re tlhabololeng mokgwa o rotloetsang, tumelo ya gore re ka kgona mo mekgeleng le maikaelelong a rona, mme le bopelokgale jwa go itebagana le sengwe le sengwe se se ka tlang ntlheng ya rona. Jalo botshelo ka letlotlo e tlaa nna jwa rona.

Dintlha

  1. William James, mo Lloyd Albert Johnson, comp., Lebokose la didirisiwa tsa Setho: Go feta Dingwaga tse 9000 tsa Go Akanya (2003), 127.

  2. Charles Swindoll, mo Daniel H. Johnston, Dithuto tsa ba ba Tshelang (2001), 29.

  3. William Shakespeare, King Henry the Eighth, act 3, scene 2, lines 456–58.

  4. Thomas Fuller, in H. L. Mencken, ed., A New Dictionary of Quotations (1942), 96.

  5. Ralph Waldo Emerson, mo Roy B. Zuck, The Speaker’s Quote Book (2009), 113.

  6. Mary Anne Radmacher, Courage Doesn’t Always Roar (2009).

Go ruta go tswa Molaetseng o.

Akanya go laletsa maloko a lelwapa go a belana maitemogelo ka bo bone fa mokgwa o o rotloetsang, tumelo mo go bone, kgotsa bopelokgale bo ba thusitse. Kgotsa ba thuse go bona dikai ka melawana e meraro e mo mafokong a tumelo. O ka nna wa bankanya ka go ruta ka thapelo o akanya mafoko a tumelo le maitemogelo a gago.

Gatisa