2012
Lebelelaotlhokomele o fe Boruti ka Thuto ya Ketelo
Ferikgong 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Hirikgong 2012

Lebelelaotlhokomele o fe Boruti ka Thuto ya Ketelo

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o nonotshe bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

“Bopelonomi [go tewa] go gaisa maikutlo a bopelontle,” ga ruta Moporesidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenteng jwa Ntlha. “Bopelonomi bo tsholwa ka tumelo mo go Jeso Keresete le mo maduong a Tefo ya Gagwe.”1 Go bokgaitsadi ba Mokgatlho wa Thuso, thuto ya ketelo e ka nna bopelonomi mo tiragalong, tsela e e botlhokwa ya go diragatsa tumelo mo go Mmoloki.

Ka thuto ya ketelo, re fa tebelelotlhokomelo ka go ikopanya le mokaulengwe mongwe le mongwe, re abelana molaetsa wa efangele, le go senka go mo itse le matlhoko a lelwapa la gagwe. “Thuto ya ketelo e nna tiro ya Morena fa re itebaganya le batho go na le diperesente,” ga tlhalosa Julie B. Beck, Moporesidente wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso. “Ka nnete, thuto ya ketelo ga e nke e fela. Ke tsela ya botshelo sentle gona le pereko. Go direla ka boikanyego o le moruti wa ketelo ke bosupi jwa borutwana.”2

Jaaka fa re e fa dithapelo ka tatelano tsa tebelelokelotlhoko, re ithuta gore re ka a fa tirelo e e gaisang jang le go itepatepanya le ditlhoko tsa bakaulengwe bangwe le bangwe le malwapa a bone. Boruti bo ka tsaya mefuta e mentsi — e mengwe ele metona mme e mengwe e se metona mo go kalo. “Gantsi ditiragatso tse dinnye tsa tirelo ke tseo fela di tlhokwang go oketsa le go segofatsa yo mongwe: potso e e mabapi le lelwapa la yo mongwe, mafoko a bofefo a thotloetso, pako ya bopelophepa, mokwalonyana o mokhutshwane wa malebogo, teletso e khutshwane ya mogala,” go ne ga ruta Moporesidente Thomas S. Monson. “Fa rele kelotlhoko gape re lemoga, gape re diragatsa mo tlhotlheletsong eo e tlang go rona, re ka kgona molemo o montsi. … Mo go sa balegeng ke ditiro tsa ditirelo tseo di filweng ke sesole se se tona sa baruti ba ketelo ba Mokgatlho wa Thuso.”3

Go tsweng mo Mafokong a tumelo

Johane 13:15, 34–35; 21:15; Mosaeya 2:17; Dithuto le Dikgolagano 81:5; Moshe 1:39

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Ka 1843, maloko a Kereke ko Nauvoo, Illinois, a ne a kgaogana ka diwateng tse nne. Mo go Phukwi wa ngwaga oo, baeteledipele ba Mokgatlho wa Thuso ba ne ba baya komiti ya ketelo ya bakaulengwe ba bane mo wateng nngwe le nngwe. Maikarabelo a dikomiti tsa ketelo a balela go elatlhoko matlhoko le go amogela madi. Mokgatlho wa Thuso o dirisitse madi a go fa batlhoki.4

Le fa baruti ba ketelo ba sa tlhole ba amogela meneelo, ba setse ka maikarabelelo a go elatlhoko matlhoko — a semowa le a senama — le go berekela go itepatepanya le matlhoko ao. Eliza R. Snow (1804–87), mogakolodi wa bobedi mo boporesidenteng jwa Mokgatlho wa Thuso, o ne a tlhalosa: “Mo rutuntshi … O tshwanetse gore ka nnete a nne le Mowa o montsi wa Morena, jaaka fa a tsena mo ntlong go itse gore o kopana le mowa o fe koo. … Ikuele fa pele ga Modimo le Mowa o o Boitshepo go nna le [Mowa] gore o kgone go kopana le mowa yo o leng teng mo ntlong eo … le gore o ka nna wa ikutlwa go bua mafoko a kagiso le kgomotso, mme fa ele gore o fitlhela kgaitsadi a ikutlwa botsididi, mo tseye ka pelo jaaka o ka dira ngwana wa gago mme o [mo] thamise.”5

Dintlha

  1. Henry B. Eyring, “The Enduring Legacy of Relief Society,” Liahona, Nov. 2009, 121.

  2. Julie B. Beck, “Relief Society: A Sacred Work,” Liahona, Ngw. 2009, 114.

  3. Thomas S. Monson, “Three Goals to Guide You,” Liahona, Ngw. 2007, 118.

  4. Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 105.

  5. Eliza R. Snow, mo Daughters in My Kingdom, 108.

Ke ka dirang?

  1. Ke dira eng mo go thuseng bakaulengwe gore ba ikutlwe gore Ke tsala eo e baratang le go ba tlhokomela?

  2. Ke ka nna botoka jang mo go lebeleleng le go tlhokomeleng ba bangwe?

Gatisa