2012
Ke Tlaa Mmona Gape
Moranang 2012


Bonana

Ke Tlaa Mmona Gape

Ntate o ne a dira rotlhe bana gore re ikutlwe re kgethegile. O ne a re ratile e bile a re itshwarela ka motlhofo. O ne a dirile gotlhe go netefatsa gore mongwe le mongwe wa rona o itumetse, mme o ne a buile sentle gore o batla seo se gaisang go rona. Ke ne ke moratile thata.

E ne ya re Kele mo lokwalong lwa borataro, ntate o ne a swa ka kotsi ya koloi. Lelwapa lame le nna re ne ka botlalo re gamaregile. Go ne go na le phatlha e tona mo lelwapeng la rona. Ntate e ne ele ene ke neng ke ikaega mo go ene, ene yo Ke neng Ke ya go ene fa ke ne ke na le mathata. Mo boemong jwa gore ke senke thuso, Ke ne ka letlelela tenego le khutsafalo gore di nne. Ke ne lwa bofelo ka tsaya tshwetso ya gore ke phoso ya Modimo. Ke ne ka emisa go bala mafoko a a boitshepo le go bua dithapelo. Ke ne ke ya ko kerekeng ka gore mme o ne a batla ke ya. Ke ne ka leka go nna kgakala gotsweng go Rraetsho yo o kwa Legodimong.

Jalo Ke ne ka ya kwa Kampeng ya Basadi Potlana lwa ntlha. Ke ne ke ratile go kopana le ditsala tse dintsha, mme Ke ne ke ntse ke sa bale mafoko a a boitshepo. Ka bosigo jwa bofelo, re ne ra nna le phuthego ya go fa bopaki. Ke ne ka ikutlwa seo ke sa se ikutlwang mo nakong e telele: Mowa. Ke ne ka kgatlhwa ke basetsana bao ba neng ba ema baya go fa bopaki jwa bone, mme Ke ne ka nna mo setilong ka gore Ke ne Ke akanya gore ga kena yone. Ka tshoganetso Ke ne Ka ikutlwa gore Ke tshanetse go ema. Ke ne ka bula molomo wame Ke ipotsa gore ke ya go reng. Jalo Ke ne ka re ke lebogela kampa ya Basadi Potlana. Mme Ke ne Ka iphitlhela ke bua gore Ke a Itse gore Jeso Keresete o ntshwetse le gore Rraetsho yo o kwa Legodimong o a nthata le gore Kereke e boammaaruri.

Ke ne ka tlalwa ke kagiso e e egakgamatsang. Malebo go maitemogelo a Ke kare Ke a itse gore Ke tlaa bona ntate gape ka lebaka la Tefo le Tsogo baswing ya Mmoloki.

Gatisa