2012
Rata, Lebelela, mme O thatafatse
Moranang 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Moranang 2012

Rata, Lebelela, mme O thatafatse

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Jaaka Mmoloki, baruti ba ketelo ba direla ka bongwe ka bongwe (bona 3 Nephi 11:15). Re itse fa re atlegile mo tirelong ya rona rele baruti ba ketelo fa bakaulengwe ba rona bare: (1) moruti wame wa ketelo o nthusa go gola semoweng; (2) Ke itse fa moruti wame wa ketelo a kgathala ka nna thata le lelwapa lame; le gore (3) fa ken a le mathata, Ke itse gore moruti wame wa ketelo o tlaa tsaya kgato a sa emele gore a budiwe.1

Re ka dira jang rele baruti ba ketelo gore re rate, re lebelele, le go thatafatsa mokaulengwe? Dikgakololo tse diborobabongwe tse di fitlhelwa mo kgaolong ya Barwaetsana mo Bogosing jwa Me: Ditso le Tiro ya Mokgatlho wa Thuso go thusa baruti ba ketelo go direla go bakaulengwe ba bone:

  • Morapelele le lelwapa la gagwe Malatsi otlhe.

  • Senka tlhotlheletso go mo itse le lelwapa la gagwe.

  • Moetele kgapetsa kgapetsa go ithuta gore o dira jang le go mogomotsa le go mothatafatsa.

  • Nna gantsinyana o mo tshwara ka diketelo, o moleletsa, o mo kwalela, o mo e-mailela, o mo romelela melaetsa, le go diragatsa ditirelo tse di motlhofo tsa bopelontle.

  • Mo dumedise ko diphuthegong tsa Kereke.

  • Mothuse fa a na le tshoganyetso, a lwala, kgotsa a na le tlhoso e ngwe ya potlako.

  • Morute efangele gotsweng mo mafokong a boitshepo le Melaetsa ya Thuto ya Ketelo.

  • Motlhotlheletse ka go nna sekai se se siameng.

  • Begela go moeteledipele wa Mokgatlho wa Thuso kaga tirelo ya bone le botsogo jwa semowa le senama.

Gotsweng Mafokong a tumelo

Luke 10:38–39; 3 Nephi 11:23–26; 27:21

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

“Thuto ya Ketelo e sa tswa go nna koloi go Basadi ba Baitshepi ba Malatsi a-Bofelo lefatshe ka bophara ele go rata, go tlamela, le go direla—go ‘dira go ya ka kutlwelabotlhoko eo Modimo a e jwetseng mo dihubeng tsa [rona],’ jaaka Joseph Smith a ne a rutile.”2

Mokaulengwe yo a sa tswang go nna motlholagadi o ne a re ka baruti ba ketelo: “Ba ne ba reetsa. Ba ne ba nkgomotsa. Ba ne ba lela le nna. Mme bane ba nkatla. … [Le bone] ba ne ba nthusa gotswa mo ketsaetsegong e tona le khutsafalo e tona ya dikgwedi tse di mokawana tsa bodutu.”3

Ka ditiro tsa selefatshe le tsone ke mofuta gape wa go direla. Ka Phalane wa 1856 ka konferense ya kakaretso, Moporesident Brigham Young o ne a bega gore basimolodi ba karayaletsogo bao ba neng ba tshwerwe ke kapoko e e boteng dimmaele dile 270–370 (435–595 km) tse di kgakala. O ne a bitsa Baitshepi ba Malatsi a –Bofelo ko Toropokgolo Salt Lake ba golola le go “diragatsa ka tlhwaafalo ba itebagantse le dilo tseo re di bitsang tsa selefatshe.”4

Lucy Meserve Smith o ne a kwala gore basadi ba ne ba ntsha dikete tse di bothitho tsa ka fa tlase le di phenthihouse gone foo mo thabanekeleng mme ba di tlhatlhaganya mo diloring (tsa dikgomo) go di romelela go basimolodi bao ba ba sitwang. Ba ne ba kgobokatse matsela a malao le diaparo go bao ba ba tlaa tlogang ba tla ka dilwana tse di mokawana. E ne yare kompone ya karayaletsogo e goroga, kago mo toropong e ne e “tladitswe ka dithoto tsa bone.”5

Dintlha

  1. Bona Julie B. Beck, “What I Hope My Granddaughters (and Grandsons) Will Understand about Relief Society,” Liahona, Nov. 2011, 113.

  2. Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 112.

  3. Daughters in My Kingdom, 119–20.

  4. Brigham Young, “Remarks,” Deseret News, Oct. 15, 1856, 252.

  5. Bona Daughters in My Kingdom, 36–37.

Ke ka dirang?

  1. Ke ka itse jang se bakaulengwe bame ba se tlhokang?

  2. Bakaulengwe bame ba ka itse jang gore ke kgathala ka bone?

Gatisa