2012
‘O tsogile’— Bopaki jwa Moporofiti
Moranang 2012


Molaetsa wa Boporesidente Jwa Ntlha, Moranang 2012

“O tsogile”

Bopaki jwa Moporofiti

“Pitso ya porompeta ya Sekeresete,” Moporesidente Thomas S. Monson o ne a bega gore, ke gore Jeso wa Nasaretha o tsogile gotsweng baswing. “Nepagalo ya Tsogo baswing e fa mongwe le botlhe kagiso eo e fetang e e ka tlhaloganngwang” (bona Philippians 4:7).1

Mo puisanong eo e tserweng e e latelang, Moporesidente Monson o abelana bopaki jwa gagwe le malebogo ka Tsogo baswing ya Mmoloki mme a bege gore ka gore Morwa o fentse loso, bana botlhe bag a Rara bao ba tlang lefatsheng batlaa tshela gape.

Botshelo go pota jwa Lefatshe le

“Ke dumela gore ga go ope wa rona yo o ka akanyeletsang ka botlalo bokete jwa se Keresete a se re diretseng kwa Gethesemane, mme Ke lebogela letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa me ka tefo ya Gagwe ya setlhabelo mo boemong jwa rona.

“Kwa bofelong jwa nakwana, O ne a kanna a retologela morago. Mme o ne A seka. O fitile tlase ga dilo tsotlhe gore a tle A pholose botlhe. Ka go dira jalo, O re file botshelo go pota jo jwa lefatshe le re nnang go lone. O re tsere gape gotsweng go Goweng ga ga Atamo.

“Ka boteng jwa mowa wame otlhe, Ke fa malebogo go Ene. O re rutile go tshela. O re rutile go swa. O re kgonigesitse pholoso ya rona.”2

Phatlalatso ya Loso la Lefifi

“Mo diemong dingwe, jaaka mo pogisegong e kgolo le bolwetsi, loso letla ele moengele wa kutlwelo botlhoko. Mme mo karolong e ntsi, re le akanyetsa ele mmaba wa boitumelo jwa batho.

“Loso la lefifi le ka go ya go ile le phatlhaladiwa ke lesedi la boammaaruri jo bo senotsweng. ‘Ke tsogo baswi, le botshelo,’ ga bua Mongwarona. ‘O pe yo o dumelang gonna, le fa a sule, mme o tlaa tshela: Mme ope yo o tshelang mme a dumela go nna ga a kitla a a swa.’

“Tsholofetso ena—ee, le tota tlhomamiso e e boitshepo—ya botshelo go pota lebitla e ka tlisa thata kagiso e e solofeditsweng ke Mmoloki fa A ne a a fa tsholofetso go barutwana ba Gagwe: ‘Kagiso Ke a le efa, kagiso yame Ke e fa go lona: e seng jaaka lefatshe le efa, Ke lo e fang. Loseka lwa lesa dipelo tsa lona gore di tshwenyege, lefa ele go boifa.’”3

Ga Ayo Fano

“Mmoloki wa rona o tshedile gape. Tiragalo e e gaisang ka kgalalelo, kgomotso, gape e solofetsa mo ditsong tsa batho e diragetse—Phenyo ya loso. Botlhoko le matlhoko a Gethesemane le Khalefari a setse a phimotswe. Pholoso ya batho e kgonegisitswe. Gowa ga ga Atamo go setse go tserwe gape.

“Phupu e e senang ope ya moso wa ntlha wa Tlhatlogo e ne ele karabo go potso ya ga Jobe, ‘Fa motho a a swa, a o tlaa tshela gape?’ Go botlhe bao b aba leng mo kutlwafalong ya lentswe la me, Ke bega gore, Fa motho a a swa, o tlaa tshela gape. Re a itse, gonne re na le lesedi la tshenolo ya boammaaruri. …

“Barwarre le bokgaitsadiake baba rategang, mo oureng ya rona ya boteng jwa khutsafalo, re ka amogela kagiso e e nonofileng gotsweng mafokong a moengele wa moso wa ntlha wa Tlhatlogo: ‘Ga a yo fano: gonne o tsogile.’”4

Botlhe Ba tlaa Tshela Gape

“Re a tshega, re a lela, re a bereka, re a tshameka, re a rata, re a tshela. Mme jaanong re a swa. …

“Mme go swa re tla nna mme go Monna a le mongwe le thomo ya Gagwe, e leng Jeso wa Nasaretha. …

“Ka pelo yame yotlhe le lorato lo lo tseneletseng lwa mowa wame, Ke tsholeletsa godimo lentswe lame ka go baka kele mosupi o o kgethegileng mm eke bega gore Modimo ka tota o a tshela. Jeso ke Morwa wa Gagwe, yo O Esi wa ga Rara mo senameng. Ke Morekolodi wa rona; Ke Motshereganyi le Rara. Ke ene yo o suleng mo sefapaanong go re lefela dibe tsa rona. O nnile lebutswapele la Tsogo ya baswi. Ka gore O ne a sule, botlhe batlaa tshela gape.”5

Bosupi ka Bonna

“Ke bega ka bosupi jwa me ka bonna gore loso le kgonnwe, phenyo godimo ga phupu e setse e fentswe. A mafoko a a dirilweng boitshepo ke Ene yo a a diragaditseng a nne tota kitso go botlhe. A gakologelwe. A Kgathegele. A tlotle. O tsogile.6

Dintlha

  1. “He Is Risen,” Liahona, Apr. 2003, 7.

  2. “At Parting,” Liahona, May 2011, 114.

  3. “Now Is the Time,” Liahona, Jan. 2002, 68; see also John 11:25–26; 14:27.

  4. “He Is Risen,” Liahona, May 2010, 89, 90; see also Job 14:14; Matthew 28:6.

  5. “Ke A Itse Gore Morekolodi Wame O A Tshela!” Liahona, May 2007, 24, 25.

  6. Liahona, Apr. 2003, 7.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Morago ga o sena go abelana diele tse di tswang go molaetsa wag a Moporesidente Monson, tsaya ntlha ya bopaki jo a bo fang jwa gore boammaaruri jwa gore go tewang ka Tlhatlogo. O ka nna wa botsa maloko a lelwapa dipotso tse di latelang: “Go raya eng go wena gore moporofiti yo o tshelang o file bopaki ka boammaaruri jo gompieno? O ka bo diragatsa jang mo botshelong jwa gago?” Akanyetsa go tlatsa bopaki jwa gago.

Gatisa